To view a copy of the CC BY-SA 4.0 license visit
http://creativecommons.org/licenses/by-sa/4.0/
Genesise
11Mo tshimologong, Modimo a dira magodimo le lefatshe. 2Lefatshe le ne le sena popego le sena sepe. Lefifi le ne le ilame fa godimo ga boteng. Mowa wa modimo o ne o tsamaya fa godimo ga metsi.3Modimo a re, '' A go nne lesedi, '' mme ga nna lesedi. 4Modimo a bona lesedi, go ne go le molemo. A kgaoganya lesedi le lefifi. 5Modimo a bitsa lesedi ''motshegare'', mme lefifi la bitswa ''bosigo''. Se sa nna maitseboa le moso, se a le letsatsi la ntlha.6Modimo a re, '''A go nne phuthologo fa gare ga metsi, e farologanye metsi le metsi''. 7Modimo o ne a dira phothologo mme a kgaoganya metsi aa kwa tlase ga phuthologo le a a kwa godimo ga phuthologo. Ga nna jalo. 8Modimo a bitsa phuthologo '' lewatle''. Se ene e le maitseboa le moso, letsatsi lwa bobedi.9Modimo a re, ''A metsi a a kwa tlase ga lewapi a kgobokane go le gongwe, a go nne lefelo ka komelelo''. Ga nna jalo. 10Modimo a bitsa lefelo la komelelo ''lefatshe'', le metsi a kgobokanye ''mawatle''. A bona go le molemo.11Modimo a re, ''A lefatshe le thoge bojang, dimela tse dintshaa peo le ditlhare tsa maungo a dipeo tse di leng mo maungo, jaaka mefuta wa yone.'' Ga nna jalo. 12Lefatshe la tlhoga bojang, dimela tsa ntsha peo morago ga mofuta wa yone, ditlhare tsa ntsha maungo a ne a nale dipeo mo go one, morago gs mofutawa yone. Modimo a bona go le molemo. 13E ne e le maitseboa le moso, letsatsi laboraro.14Modimo a re, '' A go nne lesedi mo lewaping go kgaoganya letsatsi le bosigo go bo go nna ditshupegetso, tsa dipaka, tsa malatsi le dingwaga. 15A go nne lesedi mo lewaping go fa lefatshe lesedi''. Ga nna fela jalo.16Modimo o dirile masedi a mabedi a magolo, lesedi le legolo go busa motshegare, le lesedi le le nnye go busa bosigo. O dirile dinaledi gape. 17Modimo a di romela kwa lewaping go fa lefatshe lesedi, 18go busa motshegare le bosigo tota, le go kgaoganya lesedi go tswa mo lefifing. Modimo a bona go le molemo. 19Seo e ne e le maitseboa le phakela, tsatsi la bone.20Modimo a re, '' A metsi a tlale ka ditshidi tse dikgolo tse di tshelang, le dinonyane di fofe kwa godimo ga lefatshe mo phuthologong ya loapi.'' 21Modimo a dira ditshidi tsa lewatle, gape le setshidi sengwe le sengwemorago ga go tshela ga sone, ditshidi tse di tsamayang le go tlatsa metsi gongwe le gongwe, le nonyane ya diphuka ka losika lwa yone. Modimo o ne a bona go le molemo.22Modimo a di segofatsa, a re, ''Atlang lo ntsifale, le tlatse metsi mo mawatleng. A dinonyane di ntsifale, le tlatse metsi mo mawatleng. A dinonyane di ntsifale mo lefatsheng''. 23E ne e le maitseboa le moso, letsatsi la botlhano.24Modimo a re,'' A lefatshe le ntshe ditshidi tse di tshelang, go ya ka tshika ya tsone, diruiwa, digagabi, le diphologolo tsa naga mo lefatsheng, sengwe le sengwe go ya ka tshika ya sone,'' Ga nna jalo. 25Modimo a dira diphologolo tsa naga mo lefatshe ka tshika ya tsone, diruiwa ka mofuta wa tsone, le sengwe le sengwe segagabi fa fatshe ka tshika ya sone. A bona go le molemo.26Modimo a re,'' A re dire motho mo tshwanong ya rona, morago ga thato ya rona.a banne le taolo mo ditlhaping tsa lewatle, mo dinonyaneng tsa loapi, mo leruong, gongwe le gongwe mo lefatsheng, le sengwe le sengwe segagabi se se gagabang mo lefatsheng. 27Modimo o dirile motho mo tshwanong ya gagwe. Motshwanong ya gagwe a mo dira. Monna le mosadi a ba dira.28Modimo a ba segofatsa a ba raya a re, atlang le ntsifale . Le tlatse lefatshe, le lefenye. Nnang le taolo mo ditlhaping tsa lewatle, le dinonyane tsa loapi, le setshidi sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng.'' 29Modimo a re,''Bonang ke lo file semela sengwe le sengwe se se ntshang peo fa godimo ga lefatshe, le setlhare sa maungo a a nang le peo. E tla nna dijo go lona.30Go phologolo ngwe le ngwe ya lefatshe, go nonyane ya magodimo, le segagabi sengwe le sengwe mo lefatsheng, le setshidi sepe fela se se hemang mo botshelong ke se file dimela tse ditala go nna sejo. ''Ga nna jalo''. 31Modimo a bona sengwe le sengwe se a se dirileng. Bonang, go ne go le molemo. Go ne go le maitseboa le moso, letsatsi la borataro.
21Go ne ga wediwa magodimo le lefatshe jalo, le ditshidi tsotlhe mo go tsone. 2Ka letsatsi la bosupa Modimo o ne a wetsa tiro e a e dirileng, a ikhutsa ka letsatsi la bosupa a sena go fetsa tiro yotlhe e a e dirileng. 3Mme Modimo wa segofatsa letsatsi la bosupa a le itshepisa, ka go nne Modimo o ne a ikhutsa ka lone a sena go fetsa tiro yotlhe e a e dirileng.4Mo ke ditiragalo tsa magodimo le lefatshe, fa di bopiwa, mo letsatsing le morena Modimo a dirileng lefatshe le magodimo. 5Ga bo go ise go nne ditlhatsana dipe tsa naga mo lefatsheng, go ne go sena setlhare sepe sa naga se se medileng, ka gore morena Modimo o nea ise a nese pula mo lefatsheng, le gone go ne go se motho yo o ka lemang naga. 6Mouwane wa tswa mo lefatsheng mme wa nosetsa mpa yotlhe ya lefatshe.7Jehofa Modimo a bopa motho go tswa mo leroleng la mmu, a bo a hemela mo dinkong tsa gagwe mowa wa botshelo, mme motho a nna setshidi. 8Jehofa Modimo a lema tshingwana kwa botlhabatsatsi, jwa Etene, mme hoo a baya monna yo a mmopileng.9Go tswa mo mmung Jehofa Modimo a medisa ditlhare tsotlhe tse di kgatlhisang leitho di siametse go ka jewa. Mo go tsone ga bo go le setlhae sa botshelo mogare ga tshimo, setlhare sa kitso ya molemo le bosula. 10Noka ya bo e elela gotswa mo Etene go nosetsa tshimo. Go tswa foo ya kgaogana ya nna noka tse nne.11Leina la ya ntlha ke Phisone. Ke yone e e elelang mo lefatsheng lotlhe la Hafila kwa gouta eleng teng. 12Gouta ya lefatshe le e le molemo. Teng ga bo go le bedula le lentswe le le kgethegileng.13Leina la noka ya bobedi ke Gihone. E yone ya bo e elela mo lefatsheng lotlhe la Kushe. 14Leina la noka ya boraro ke Tikele, e be e elela botlhabatsatsi jwa Aserea. Noka ya bone ke Yuferatese.15Jehofa Modimo o tlhomile monna a mmaya mo tshimong ya Eten go berka mo go yone le go e tlhokomela. 16Jehofa Modimo a laolela monna, a re, ''Go tswang mo setlhareng sengwe le sengwe se se mo tshimong o ka a ja ka phuthologo. 17Mme go tsweng mo setlhareng sa kitso ya molemo le bosula o seka wa ja, k a gore go tswa mo letsatsing le o tla a jang mo go sone, e le ruri o tla a swa.''18Jalo Jehofa Modimo a re,''Ga go a siama gore monna a bo a le nosi.'' Ke tla a mo direla mothusi yo o mo tshwanetseng.'' 19Go tswa mo mmung Jehofa Modimo o dirile diphologolo tsotlhe tsa naga le dinonyane tsa loapi. A bo a di isa kwa monneng gore a di bitse maina. Setshidi sengwe le sengwe se monna a sebiditseng, ya nna leina la sone. 20Jalo monna a fa diruiwa tsotlhe maina, dinonyane tsotlhe tsa loapi, le dibatana tsotlhe tsa naga. Mme mo monneng ka sebele go ne go sena mothusi ope yo o mo tshwanetseng.21Jehofa Modimo a dira gore monna a tshwarwe ke boroko jo bo tseneletseng, jalo monna a robala. Jehofa Modimo a tsaya legopo la gagwe a bo a tswala nama fa a ntshitseng teng legopo. 22Ka legopo le Jehofa Modimo a le tsereng mo monneng, a dira mosadi a bo a mo tisa ko monneng. 23Monna o ne a re,''ka nako e, mo ke lerapo la marapo ame, le nama ya nama ya me. O tla a bitswa 'mosadi,' ka gore o ntshitswe mo go nna.24Ka jalo monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe, o tla tshwaragana le mosadi wa gagwe, mme ba tla nna nama e le ngwe. 25Botlhe ba ne ba sa apara, monna le mosadi wa gagwe, mme ba ne ba sa tlhabiwe ke ditlhong.
311 Jaanong noga ya bo e le leferefere go gaisa diphologolo tsotlhe tsa lefatshe tse Morena Modimo o di dirileng. Ya raya mosadi ya re, "A Modimo tota o rile, "O seka wa ja mo go sepe sa ditlhare tsa tshimo'?'' 2Mosadi a raya noga a re, ''Re ka ja maungo a ditlhare tsa tshimo, 3mme fa e le ka leungo la setlhare se se fa gare ga tshimo, Modimo o rile, Le seka la le ja, le fa e le go le tshwara, eseng jalo le tla swa.''4Noga ya raya Mosadi ya, "Ruri ga o na go swa. 5Tota Modimo o itse gore letsatsi le o jang ga lone matlho a gagoa tla bulega, mme o tla bo jaanong o tshwana le Modimo, o itse molemo le bosula.''' 6Erile fa mosadi a bona fa setlhare se siametse dijo, mme ebile se kgatlhisa mo matlhong, mme gape se eletsega go ka dira motho botlhale, a tsaga mangwe a maungo a sone mme a ja. Ka jalo a neela monna wa gagwe yo baneng ba le mmogo, mme le ene a ja.7Matlho a bone botlhe a bulega, mme ba ba itse go re ga ba ikatega. Ba roka matlhare a mofeigi mme ba itirela diaparo. 8Ba utlwa modumowa Morena a tsamaya mo tshimong mo phirimaneng ya letsatsi, mme monna le mosadi wa gagwe ba iphitlha mo boleng teng jwa Modimo mo teng ga ditlhare tsa tshimo.9Morena Modimo a bitsa monna mme a mo raya a re, ''a fa kae?'' 10Monna a re, ''ke go utlwile mo tshimong, mmeka boifa, go nne ke ne ke sa ikatlega. ka jalo ka iphitlha.'' 11Modimo a re, ''O boleletswe ke mang go re ga o a ikatlega? A o jele ga setlhare se ke se go laetseng go re o se ka wa ja mo go sone?''12Monna a re, ''Mosadi yo o mo nneetseng go nna le ene, o mphile leungo la setlhare, mme ka le ja.'' 13Morena Modimo a raya mosadi a re, ''O dirile jang?'' Mosadi a re, ''Noga e nkakeditse, mme ka ja.''14Morena Modimo a raya noga a re, ''Ka go nne o dirile jalo, go hutsegile wena mo diphologolong le dibatana tsotlhe tsa naga. O tla tsamaya o gopa ka mpa, mme o tla lerole mo malatsing otlhe a botshelojwa gago, 15Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi, le fa gare ga ga peo ya gago le peo ya gagwe. O tla tswetla tlhogo ya gago mme wena o tla rurusa serethe sa gagwe.''16Mosadi ene a mo raya a re, ''Ke tla go okeletsa ditlhabi ka nako ya pelegi ya bana; o tla nna le ditlhabi fa o tshola bana. Keletso ya gago e tla nna mo monneng wa gago, mme ene o tla nna le taolo mo go wena.''17Mme Adame ene a a mo raya a re, ''Ka go bo o ile wa reetsa lentswe la mosadi wa gago, mme wa ja go tswa mo setlhareng, se ke se go laetsang ka re, 'seka wa ja mo go sone,' go hutsegile lefatshe ka ntlha ya gago; o tla ja ka go bereka mo go botlhoko ka malatsi otlhe a gago. 18Le tla mela mebitlwa le mesetlho ka ntlha ya gago, mme o tla ja ditlhare tsa naga. 19O tla ja ka mohuhutso waphatlha ya gago, go fitlhelela o boela mo mmung, ka go nne o dule mo go one. Go nne o lerule, mmeo tla boela mo leroleng.''20Monna a bitsa mosadi wa gagwe Efa gonne o ne a le mma ditshidi tsotlhe. 21Morena Modimo a direla Adame le mosadi wa gagwe diaparo tsa matlalo mme a ba apesa.22Morena Modimo a re, ''Motho jaanong o tshwana le mongwe wa rona, o itse tshiamo le bosula. Ka jalo ga a tshwanela go letlelelwa go otlolola seatla sa gagwe go goroga ko setlhareng sa botshelo, a ja mo go sone, mme a tshelela ruri. 23Mme Morena Modimo a mo kobela kwa ntle ga tshimo ya Edene, go pitlokolola mmu o a ntshitsweng mo go one. 24Jalo Modimo a kgarameletsa motho kwa ntle ga tshimo, mme abaya dicheruba kwa botlhaba jwa tshimo ya Edene, le tshaka e e dikologelang mo dintlheng tsotlhe, go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.
41Monna a kopana le mosadi wa mme a ima a tshola Kaine. A bo a re, ''Ke dirile monna ka thuso ya Morena.'' 2Mme a tshola monnawe Abel. Jalo Abel a nna modisa, mme Kaine a nna molemi.3Go ne ga diragala mo tsamaong ya nako Kaine bontlhabongwe jwa maungo a mmu e le kabelo ko go Morena. 4Fa e le Abele, ene a tlisa kabelo ya setsalwapele sa leruo lwa gagwe le mafura. Morena a amogela Abele le kabeloya gagwe, 5mme Kaine le kabelo ya gagwe a seka a mo amogela. Jalo Kaine a shakgala thata, mme a sosobanya sefatlhego.6Morena a raya Kaene a re, ''Ke ka go reng fa o shakgetse ebile o sosobantse sefatlhego? 7Fa o ka dira se se siameng, aa ga o na go amogelwa? Mme fa o ka seke o dire se se siameng, boleo bo go emetse fa kgorong mme bo ikaeletse go go laola, mme wena o tshwanetse go bo fenya''8Mme Kaine a bua le morwaa ragwe. Ga diragala go re e re ba le mo nageng, Kaine a tsogologela morwaarragwe mme a mmolaa. 9Mme Morena a raya Kaine a re, ''Abel morwaarago o kae?'' A fetola a re, ''Ga ke itse. Aa ke nna modise wa ga morwaarre?'10Morena a botsa a re, ''O dirile eng? Madi a ga morwaarrago a goeletsa kwa go nna go tswa mo lefatsheng. 11Jaanong o hutsegile go tswa mo mmung, o o butseng legano go amogela madi a morwaarrago go tswa mo diatleng tsa gago. 12Fa o pitikolola mmu, go tloga jaanong go ga o na go ntsha maungo a a nonofileng. O tla nna motshabi le ka go mokgarakgatshegi mo lefatsheng.13Kaine a raya Morena a re, ''Kotlhao ya me e mphetile. 14Ka nnete, o ntelekile gompieno mo lefatsheng le, mme ke tla fitlhega mo matlhong a gago. Ke tla nna motshabi le mokarakgatshegi mo lefatsheng, mme fela yo tla mponang o tla mpolaya.'' 15Morena a mo raya a re, ''Ope fela yo tla bolayang Kaine, pusolosetso e nna mo go ene go menagane ga supa,'' Jalo Morena a baya letshwao mo go Kaine, go re fa ope fela a ka mmona, a seka a mo tlhasela.16Jalo a tswa mo ponong ya Morena a ya go aga mo lefatsheng la Node, kwa botlhabatsatsi jwa Edene. 17Kaine a kopanale mosadi wa gagwe, mme ima. A tshola Enoke. A aga motse mme a o bitsa ka leina la morwaawe Enoke.18Enoke a tshola Irate. Irate a nna rragwe Mehujaele. Mahujaele a nna rraagwe Methushaele. Methushaele a nna rragwe Lameke. 19Lameke a inyalela basadi ba le babedi. Leina layo mongwe e ne e le Ada, mme yo mongwe ya bo e le Sila.20Ada a tshola Jabale. Yo a nna rraa barui ba letsomane ba ba nnang mo ditanteng. 21Leina la morwaaragwe e ne e le Jubale. e ne e le raabo ba ba letsang harepa le lonaka. 22Sila ene, a tshola Tubale-Kaine, molomaganye wa ditshipi. Kgaitsadie Tubale-Kaine e ne e le Naama.23Lameke a raya basadi ba gagwe a re, ''Ada le Sila, utlwang lentswe lame; lona basadi ba ga Lameke, reetsang se ke se buang. Gonne ke bolaile monna a nkgobaditse, lekawana le nkobaditse. 24Fa Kaine a ka bosolodiwa ga supa, Lameke e ne o tla bosolodiwa ga masome a supa le bosupa.''25Adame a kopana le mosadi wa gagwe gape, mme a tshola morwa gape. A mo raya leina a re Sethe mme a re, ''Modimo o nneile morwa gape go emisetsa Abele, yo Kaine a mmolaileng.'' 26Sethe a tshola morwa mme a mo raya leina a re Enoshe. Ka nako eo batho ba simolola go bitsa leina la Morena.
51Le, ke lekwalo la tshika ya ga Atame. Ka letsatsi le modimo o tlhodileng motho wa mo dira mo setshwanong sa gagwe. 2A tlhola monna le mosadi.A ba segofatsa le go ba fa leina a re motho ka letsatsi le ba tlhodilweng ka lone.3Adame o tshedile dingwaga di le 130, a tshola ngwana wa mosimane mo tshwanong ya gagwe ka popego ya gagwe, a mo fa leina a re Sethe. 4Morago ga Atamo a tshola Sethe ,o tshedile dingwaga di le 800 , a tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana . 5Atame o tshidile dingwaga di le 930, mme a swa.6Fa ne Sethe a tshidile dingwaga di le 105, a nna rraagwe Enosho. 7Morago ga sena go nna rraagwe Enosho, a tsela dingwaga di le 807. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 8Sethe o tshedile dingwaga di le 912, a bo a tlhokafala.9Fa Enoshe a sena go tshela dingwaga di le 90, a tshola ngwana ebong Kenane. 10Morago ga go tshola Kenane, Enoshe o tshedile dingwaga di le 815. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana 11.Enoshe o tshidile dingwaga di le 905, mme swa12Fa Kenane a tshedile dingwaga dile 70, a nna rraagwe Mahalalele. 13Morago ga sena go nna rraagwe Mahalalele, Kenane o tshedile dingwaga dile 840. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 14Kenane o tshedile dingwaga dile 910, a bo a tlhokafala.15Morago ga Mahalalele a tshedile dingwaga di le 60, a tshola Jarete. 16Morago ga go tshola Jarete, Mahalalele o tshedile dingwaga di le di le 830. A tshola bana ba le bantsi ba basimane le basetsana. 17Mahalalele o tshedile dingwaga di le 895, mme a swa.18Fa Jarete a tshedile dingwaga dile 162, a nna rraagwe Enoko. 19Morago fa a sena go nna rraagwe Enoko, Jarete a tshela dingwaga dile 800. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 20Jarete o tshedile dingwaga dile 962, a bo a tlhokafala.21Fa Enoke a tshedile dingwaga dile 65, a nna rraagwe Methusela. 22Morago ga Enoko a sena go nna rraagwe Methusela a tsamaya le Modimo dingwaga dile 300. A nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 23Enoke o tshedile dingwaga dile 365. 24Enoke one a tsamaya le Modimo, mme a tsamaya, ka gore Modimo one a mo tsaya.25Fa Methusela a tshedile dingwaga dile 187, a nna rraagwe Lameke. 26Morago fa sena go nna rraagwe Lameke, Methusela a tshela dingwaga dile 782. A bo a nna rra barwa le barwadia ba bantsi. 27Methusela o tshedile dingwaga dile 969. A bo a thokafala.28Fa Lameke a tshedile dingwaga dile 182, a bo a nna le morwa. 29A bitsa leina la gagwe Noa, are, "Yo ene o tla re neela tapologo mo tirong ya rona le mo go berekeng ga diatla tsa rona mo go botlhoko, e re tshwanetseng go e dira ka gore Jehova o hutshitse lefatshe."30Lameke o tshedile dingwaga di le 595, a sena go tshola Noa. A tshola bana ba bantsi ba basimane le basetsana. 31Lameke o tshedile dingwaga di le 777, mme a swa.32Morago ga Noa a sena go tshela dingwaga di le makgolo matlhano, a nna rraagwe, Sheme, Hame le Jafethe.
61Go ne ga diragala ha batho ba simolola go oketsega mo lefatsheng mme barweetsana ba simolola go tsholwa mo go bone, 2jalo barwaa batho ba bona fa barwadia batho ba rothisa mathe go lejwa. Ba ba itseela go nna basadi, go ya ka mo ba itlhophetseng ka teng. 3Morena a re, ''mowa wa me ga o na go tswelela mo sikeng loo motho go ya pele, go nne ene ke nama. Ba tla tshela dingwaga di le lekgolo le masome mabedi.4Mekaloba e ne e le teng mo lefatsheng mo malatsing ao, mme gape le morago ga one. Mo go diragetse morago ga barwa Modimo ba sena go nyala barwadia batho, mme ba tshola bana le bone. Ba ya nna banna ba ba nonofileng ba kgale, banna tota.5Morena a bona fa bomaswe jwa sika loo motho le aname le lefatshe, le go bo dikakanyo tsa dipelo tsa bone di bo di le bosula phetelela. 6Morena a ikwatlhaela go bo a dirile motho mo lefatsheng, mme moo ga utlwisa pelo ya gagwe botlhoko.7Mme Morena a re, ''ke tla sutlha sika loo motho le ke le dirileng mo lefatsheng - motho, diphologolo, digagabi, dinonyane tsa loapi, go nne ke ikwatlhaela go bo ke di dirile.'' 8Mme Noa ene a bona thekegelo mo matlhong a Morena,9Tse ke ditirafalo ka ga Noa. Noa e ene e le monna yo o siameng, a sena molato mo bathung ba dipaka tsa gagwe. Noa o ne a sepela le Modimo. 10Noa a nna rraabo barwa ba le bararo; Sheme, Hame le Jafethe.11Lefatshe le ne le tobekanye ha pele ga Modimo, mme le tletse thubakano. 12Modimo a leba lefatshe, bonang, la bo le senyegile, go nne nama yotlhe e ne e tobekantse ditsela tsa gotsena mo lefatsheng.13Mme Modimo a raya Noa a re, ''ke a bona janong gore motlha o tsile go re ke fedise nama yotlhe, go nne ka yone lefatshe le tletse ka thubakano. 14Itirele areka ka logong la mosepara. O dire dikamore mo teng ga areka, mme o di khurumetse ka boreledi mo teng le kwa ntle. 15O tla e aga ka tsela e: go rapalala ga areka e tla nna dilekanyo di le makgolo mararo; bophara e tla nna dilekanyo di le masome a matlhano, mme boleele jwa yone e tla nna dilekanyo di le masome a mararo.16O dire marulelo a areka, mme o tlogele sephatonya gautshwanyane le phelelo ya areka, mme o dire dikarolo tse di tlhomaganeng ga raro. 17Reetsa, ke gaufi le go tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng, mme ke tla nyeletsa nama yotlhe e e nang le mowa wa botshelo mo tlase ga lefatshe. Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng se tle swa.18Mme ke tla tlhoma kgolagano ya me. O tla tsena mo teng ga areka, wena le bana ba gago, le mosadi, le basadi ba bo morwaabone.le wena. 19Mo go tsotlhe ditshidi tse di tshelang tsa nama yotlhe, o di tsenye mo teng ga areka di le sebedi-sebedi, e tonanyana le e namagadi,20Dinonyane tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, diphologolo tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, digagabi tsotlhe go ya ka losika lwa tsone, sebedi-sebedi mo go tsotlhe ditshidi di tla tla kwa go wena mme o tla di tlhokomela. 21Phutha dijo tse di farologanyeng mme o di boloke, go re go nne le dijo tse e o tla di jang le tsone. 22Jalo Noa a dira jalo, go ya ka se Modimo o se mo laetseng, mme a direa fela jalo.
71Jehova a raya Noa a re, "Tlaya, wena le ba ntlo ya gago botlhefela, mme lo tsene mo arakeng, ka go bo ke bonye fa o le boitshepo ,o losikeng lo. 2Mo diphologolong tse di itshekileng, o tla tsenya tse ditonanyana dile supa le tse di namagadi dile supa. Mo diphologolong tse di itshekologileng, o tla tsenya dile pedi, e tonanyana le molekane wa yone. 3Le dinonyanane tsa loapi, tsone o tsenye tse ditonanyana dile supa le tse dinamagadi dile supa, go boloka losika lwa tsone mo lefatsheng lotlhe.4Go nne morago morago ga malatsi a supa ke tla nisa pula mo lefatsheng ga malatsi a le masome a mane le le masigo a le masome a le mane. Ke tla senya tsotlhe tse di leng mo lefatsheng tse ke di dirileng." 5Mme Noa a dira tsotlhe tse Jehova a di mo laoletseng.6Mme Noa a bo a le dingwaga dile makgolo a marataro fa morwalela o tla mo lefatsheng. 7Noa , bo morwaawe, mosadi wa gagwe, le dingwetsi tsa gagwe ba tsena botlhe mo teng ga araka ka ntlha ya metsi a morwalela.8Diphologolo tse di itshekileng le tse di itshekologileng, dinonyane, le digagabi tsotlhe, 9dile sebedi sebedi, e tonanyanale e namagadi, ta tla ko go Noa mme tsa tsena mo teng ga araka, fela jaaka Modimo o ne o laetse Noa. 10Ga diragala morago ga , malatsi a supa, metsi a morwalela a goroga mo lefatsheng.11Mo ngwageng wa bomakgolo a marataro a gotshela ga ga Noa, mo kgweding ya bobedi, letsatsi la bolesome le bosupa la kgwedi, ka lone letsatsi leo, metswedi yotlhe ya boteng ya thubega ya bulega, mme ditlhabaphefo tsa selegodimo tsa bulega. 12Pula ya simolola go na malatsi a le masome a mane le masigo a le masome a mane.13Ka lone letsatsi leo Noa le borwaawe, Sheme, Hame, le Jafete, le Mogatse Noa, le basadi ba bomorwaawe ba ba bararo a na le bone, ba tsena mo arekeng. 14Ba tsena mmogo le nngwe le nngwe ya diphologolo go ya ka mefuta ya tsone, le diruiwa tsolthe go ya ka mefuta ya tsone, le dirdigagabi tsotlhe tse di gagabang mo lefatsheng go ya ka mefuta ya tsone, le lefuta yotlhe ya dinonyane go ya ka mefuta ya tsone, tsotlhe tse di nang le diphuka.15Sebedi sebedi sa nama yotlhe e e nang le mohemo wa botshelo sa tla kwa go Noa mme tsa tsena mo arekeng. 16Diphologolo tse di tseneng mo arekeng ya bo e le tse di tonanyana le tse di namagadi tsa nama yotlhe; tsa tsena fela ka fa Modimo o neng o mo laetse.17Mme merwalela ya goroga mo lefatsheng ka malatsi a le masome a le mane, mme metsi a oketsega a tsoleletsa areka fa godimo ga lefatshe. 18Metsi a khurumetsa lefatshe, mme areka ya kokobala fa godimo ga metsi.19Metsi a tlhatloga thata mo lefatsheng mo dithaba tsotlhe tse di ka fa tlase ga loapi di ileng tsa khurumediwa. 20Metsi a tlhatloga dielo di le lesome le botlhano mo godimo ga ditlhoa tsa dithaba.21Ditshidi tsotlhe tse di neng di saila mo lefatsheng tsa swa - dinoyane, dibatana tsa naga, ditshidi tsotlhe tse di neng di tshela ka dipalo palo mo lefatsheng, le losika lotlhe loo motho. 22Dibopiwa tsotlhe tse di neng di tshela mo lefatsheng, di hema mohemo wa botshelo ka dinko tsa tsone, tsa swa.23Ka jalo ditshidi tsotlhe tse dineng di le mo godimo ga lefatshe tsa nyelediwa tsotlhe, sika loo motho le diphologolo le digagabi le dinonyane tsa loapi. Ke Noa fela le ba ba neng a na le bone mo arekeng ba ba neng ba sala. 24Metsi a tswelela a le mo lefatsheng malatsi a le lekgolo le masome a matlhano.
81Modimo o ne a gopola Noa, le diphologolo tsotlhe tsa naga, le leruo lotlhe le a neng a nale lone mo teng ga araka. Modimo o ne a fukisa phefo mo godimo ga lefatshe mme metsi a simolola go ya tlase. 2Metswedi ya metsi e e koteng le matlhaba phefo a legodimo a ne a tswetswe, mme pula ya kgaotsa. 3Metsi a morwalela a simolola go ya tlase ka bonya ka bonya a tsena mo mmung, mme moago ga malatsi a le 150 a wela metsi a ne setse a ile tlase.4Araka e ne ya ikhutsa mo kgweding ya bosupa, mo letsatsing la bo lesome le bosupa la kgwedi, godimo ga thaba ya Ararata. 5Metsi a ne a tswelela a ya tlase gofitlhela kgwedi ya bo lesome. Ka letsatsi la ntlha la kgwedi, ko godimo ga ditlhaba ga simolola go bonala.6Go ne ga diragala morago ga malatsi a le masome a le mane gore Noa bule letlhaba phefo la araka e a neng a e dirile. 7One a roma legakabe mme le ne la fofela kwa le kwa go fitlhela metsi a kgala mo lefatsheng.8Morago ga mo a roma lephoi go ya go thola gore a metsia setse a kgadie mo lefatsheng.. 9Mme lephoi la fitlhela go sena fa le ka gatang teng, mme la boela ko go ene mo arakeng, ka gonne etsi a ne a setse a le boidiidi a apesitse lefatshe lotlhe. One a otlololela lebogo la gagwe ko ntle mme a busetsa lephoi ko go ene mo arakeng.10A leta malatsi a le supa a roma lephoi gape go tswa mo arakeng. 11Lephoi la boela ko go ene mo maitseboeng. Bona! Mo molomong wa lone la bo le hupile letlhare la Olifi. Jalo Noa a itse fa metsi a setse a kgadile mo lefatsheng 12One a leta malatsi a le supa gape, a roma lephoi gape. Ga le a ka la boela ko go ene gape.13Gone ga tla mo lebakeng la dingwaga dile makgolo a le marataro le bongwe, o kgweding ya ntlhamo letsatsing la ntlha la kgwedi gore metsi a bo a kgadile mo godimo ga lefatshe. Noa a apola sekhurumelo sa araka, a leba kwa ntle, a lemoga fa lefatshe le omeletse. 14Mo kgweding ya bobedi, mo letsatsing la bo masome a mabedi le bosupa la kgwedi, lefatshe la bo le omeletse.15Modimo a raya Noa are, 16"Tswela ko ntle ga araka, wena, mosadi wa gago, bo morwaago, le basadi ba barwa ba gago. 17Tsaya le wena sebopiwa se se tshelang sa nama le madi, dinonyane–gore ditle di ntshifale thata mo lefatsheng, gore ditle di bee maungu di ate mo lefatsheng."18Ka jalo Noa a tswela kwantle le barwa ba gage, mosadi w gagwe le basadi ba barwa ba gagwe. 19etshidi sengwe le sengwe, segagabi sengwe le sengwe, le nonyane ngwe le ngwe, sengwe le sengwe se se tsamayang mo lefatsheng go yeng ka losika la tsone tsa tswela ko ntl ga araka.20Noa a agela yaweh aletara. one a tsaya dingwe tsa diphologolo tse di itshekileng le dingwe tsa dininyane tse di itshekileng a dira setlhabelo sa setsheso mo aletareng. 21yaweh a nkgelwa ke lenko le le itumedisang mme mo pelong ya gagwe are, "Ga ke sa tlhola ke hutsa lefatshe ka lantlha ya motho, le fa maikalelo a dipelo tsa bone a le maswe gotsweng bonyeng jwa bone. Ga nkitla ke nyeleta sepe se se tshelang, jaaka ke dirile. 22Jaaka fa lefatshe le ntse, nako ya go jala le ya thobo, serame le mogote, selemo le mariga, le motshegare le bosigo ga di kitla di ema."
91Jaanong Modimo a segofatsa Noa le bomorwae, mme a ba raya are, "Atlang, ntshifalang, le tlatse lefatshe. 2Ka ntlha ya lona ke tla tsenya poifo le letshogo mo ditshiding tsa lefatshe, mo dinonyaneng tsotlhe tsa loapi, mogo tsotlhe tse di gogobang mo mmung. Ke di tsentse mo diateng tsa lona.3Tsotlhe tse di tsamayang mme di tshela e tla nna dijo tsa lona. Jaaka ke lo neetse ditlhare tse di ungwang tse di tlala, jaanong ke lo naya sengwe le sengwe. 4Mme ga lo a tshwanela go ja nama ena le botshelo—e bong madi—mo go yone.5Ka madi a lona, le botshelo jwa lona jo bomo mading a lona, ke tla lopa tuelo. Go tswa mo seatleng sa phologolo ngwe le ngwe ke tla bo lopa. Go tswa mo seateng sa motho, ke gore, go tswa mo seatleng sa yo o bolaileng morwa rragwe, ke tla lopa tuelo ka botshelo jwa motho. 6Yo o bolayang motho a tsholola madi le ene madi a gagwe a tshwanetse go tshololwa, ka gore motho o dirilwe mo tshwanong sa Modimo. 7Mme lona, atlang le ntshifale, le katologe le lefatshe lotlhe."8Jaanong Modimo a bua le Noa le bo morwae are, 9"Reetsang, ka re! Ke a go diragatsa kgolaganyo yame le lona, le dikokomane tsa lona morago ga lona, 10le ditshedi tsotlhe tse di nnang le lona, le dinonyane, le diruiwa, le sebopiwa sengwe le sengwe se se nnang le lona, tshotlhe tse di tswang mo arakeng, le setshidi sengwe le sengwe mo lefatsheng.11Ke rurifatsa kgolagano yame le lona, ga nketla gape ke nyeletsa nama yotlhe ka metsi a morwalela. Ga go ketla go nna le morwalela go nyeletsa lefatshe." 12Mme Modimo ware, " E ke tshupo ya kgolagano yame e ke e dirang le lona le setshedi sengwe le sengwe se se nnang le lona, go ya dikokomaneng tsotlhe tse di ko pele. 13Ke beile motshe wame mo lerung, mme e ta nna tshupo ya kgolagano yame le lefatshe lotlhe.14Go tla diragala gore ha ke tisa leru go apesa lefatshe mme motshe wa modimo o bo o bonala mo lerung, 15ho ke tla gopola mo tlhaloganyong kgolagano yame, e e ha gare game le lona le ditshidi tsotlhe tsa nama. Metsi ga a ketla a nna morwalela gape go senyaka nama yotlhe mo lefatsheng.16Motshe wa modimo o tla nna mo marung mme ke ta o bona, gore ke te ke kgone go gopola kgolagano e e sa feleng fa gare ga modimo le setshedi sengwe le sengwe sa nama se se mo lefatsheng." 17Modimo wa raya Noa wa re, "E ke yone tshupo ya kgolagano e ke e rurifaditseng fa gare game le nama yotlhe e e mo lefatsheng."18Barwa Noa ba ba neng ba tswa mo arakeng ke Sheme, Hame, le Japhetha.Hame e ne ele rraagwe Kanana. 19Boraro joo ke bone barwa Noa, mme gotswa mo go bone lefatshe la tladiwa ka dichaba.20Noa a simolola ya nna molemi, mme a lema moweine. 21A nwa bojalwa jwa weine a tagwa. A robala a sa ikatlega mo tenteng ya gagwe.22Ya re Hame, rraagwe Kanana, a bona rraagwe a sa ikatlega a bolelela bbarwa rraagwe ba babedi ba ba neng ba le kwa ntle. 23Jaanong Sheme le Japhetha ba tsaya kobo ba e pega mo magetleng, ba tsamaya ba lebile kwa morago mme ba ya ba khurumetsa go sa ikatlega ga ga rraabone. Difatlhego tsa bone di ne di lebile go sele, ka moo ga ba aka ba bona rraabone a sa ikatlega.24Yare Noa a tsoga mo botagweng jwa gagwe jwa mofine, a lemoga se barwae ba bannye ba se dirileng mo go ene. 25Mme are, "A Kanana a hutsege. A a nne lelatla la malatla a bo morwa rraagwe."26Mme gape a bua are, "A Jehova, Modimo wa ga Sheme, o bakwe, mme a Kanana a nne lelatla la gagwe. 27A Modimo a atlolose bonno jwa ga Japhetha, mme a bonno jwa gagwe bo nne mo ditenteng tsa ga Shema, mme a Kanana e nne lelatla la gagwe."28Morago ga morwalela, Noa a tshela dingwaga di le 350. 29Malatsi otlhe a botshelo jwa ga Noa e ne ele dingwaga dile 950, ebo a tlhokafala.
101Ba ene e le dikokomane tsa barwa ba ga Noa, e bong Sheme, Hame , le Jafethe. Barwa ba bone ba tshotswe morago ga morwalela.2Bo morwa Jafete e ne e le Gomere, Magoge, Matai, Jafane,Tubale, Mesheke le Tirase. 3Bo morwa Gomere e ne e le Ashekenase, Ruphathe le Togarama. 4Bo morwa Jafane e ne e le Elishaha, Tarashishi, Kitime, le Totanimi. 5Go tswa mo go ba, batho ba letshitshi la lewatle ba ne ba kgaogana ka mafatshe, lengwe le lengwe lena le puo ya lone , go ya ka fa dikgotlaneng le ka fa ditshabeng tsa bone.6Bo morwa Hame ke Kuse, Miseraime, Pute, le Kanana. 7Bo morwa Kuse e ne e le Seba, Hafila, Sabeta, Raama, le Sabeteka. Bo morwa Raama e ne e le Sheba le Detane.8Kuse a tshola Nimerote, yo o nnileng mofenyi wa ntlha mo lefatsheng. 9E ne ele motsumi o nonofileng fa pele ga ga Jehova. Ke ka mo go tweng, "Jaaka Nimerole, motsumi yo o nonofileng fa pele ga Jehova." 10Bogosi jwa gagwe bo simolola kwa Babele, Erege, Akate, le Kalene, mo lefatsheng la Shenare.11A tswa mo lefatsheng leo a ya kwa Asiria , a aga Ninefe le Rehobothe, le Kala, 12le Resene, yo o neng ale fa gare ga Ninife le Kala. e ne e le motse o mogolo. 13Misarime ya nna rragwe Baludi, le Baanamite,le Balehabi,le 14Banafetuhi, ba Phatharusi, Bakaseluni ( ba go duleng Bafilisitia mo go bone) le Bakefetori.15Kanana a tshola Sitone ,motsalwapele wa gagwe, le Hethe, 16le Bajebusi, Baamora le Bagigashishe, le 17Bahife, Baarika le Basinite, le 18Baarafatitei le Basemari le Bahamatite. Morago ga moo dikgotlana tsa Bakanana tsa anama.19Molelwane wa Bakanana one o simolola kwa Sitone, mo ntlheng ya Gerara go wela ko Gasa jaaka o tsamaela ko Sotoma, Gomora, Atema, le Seboime go fitlha kwa Lasha. 20Bao ke bo morwa Hame, ka dikgotlana tsa bone, ka diteme tsa bone, mo mafatsheng a bone, le mo ditshabeng tsa bone.21Sheme, e leng mogolowe Japhete le ene a tshola barwa. Sheme gape e ne e le rragwe batho botlhe ba Ebere. 22Barwa Sheme e ne e le Elama, Ashure, Arafasate, Ludi le Arama. 23Barwa Arama e ne ele Usa, Hula, Gethare le Mesheke.24Arepakesate a tshola Shela, mme Shela a nna tshola Ebere. 25Ebere a nna le barwa bale babedi, yo mongwe o ne a bitswa Pelege, ka gore ka nako ya malatsi a gagwe lefatshe le ne la kgaogana. Monnawe o ne a bitswa Joketane.26Joketane a nna rraagwe Alemotate, Shelefe, Hasaremafete, Jera, 27Hatorame, Usale, Dikela, 28Obale, Abimnaele, Sheba, 29Ofira, Hafila, le Jobaba. Botlhe ba e ne e le barwa Joketane.30Boago jwa bone bo ne bo simologa kwa Mesha, go ya go tsena kwa Sephare, thaba ya botlhaba tsatsi. 31Bao ke bo morwa Sheme ka fa dikgotlaneng tsa bone le ka fa puong ya bone, mo ditshabeng le mo nageng ya bone.32Tse ke dikgotlana tsa barwa Noa, go ya ka fa lesikeng la bone, ka ditshaba tsa bone. Gotswa mo go bone merafe ya kgaogana mo lefatsheng morago ga morwalela.
111Jaana lefatshe lotlhe la bo le dirisa puo e le nngwe le mafoko a a tshwanang. 2Mme yare ba tsamaela ko botlhabatsatsi, ba fitlhela lobala mo lefatsheng la Shinare mme ba aga gone.3Ba raana ba re, " tlang, re dire setena re se bese se butswe thata ." Ba dirisa setena mo boemng jwa letlapa le sekonetere jaaka taka. 4Bare, "Tlang, re ikageleng toropo le kago e e godileng e setlhowa sa yone se tlaa fitlhang kwa legodimong, mme a re iteleng leina. ha re sa dire, re tla phatlalala mo bophareng jotlhe jwa lefatshe."5Mme Jehofa fologela go bona toropo le kago e e godileng e bana ba bana ba ga Adame ba e agileng. 6Jehofa are, "bonang, ke batho ba le banngwe fela ba buwa puo ele nngwe, mme se ke sone se ba simololang go se dira! Sepe fela se ba batlang go se dira ga gona se se tla ba palelang. 7Tlang, re fologeng re tlhakatlhakane puo ya bone gone, e tleere gongwe ba seka tlhaloganyana."8Jalo Jehofa a ba phatlalatsa le lefatshe lotlhe mme ba emisa go aga motse. 9Ke gone ka moo, leina la bidiwa Babele, ka gore Jehofa o tlhakatlhantse puo ya lefatshe lotlhe mme yare go tswa foo Jehofa a ba phatlalatsa le lefatshe lotlhe.10Tse ke tsone dikokomane tsaga Sheme. Sheme o ne a le dingwaga dile lekgolo, mme a nna rragwe Arepakasete dingwaga dile pedi morago ga morwalela. 11Sheme a tsehela a dingwaga dile makgolo a matlhano a sena go tshola Aprepakasete. A tshola ba bangwe basimane le basetsana.12Arepakasat a tshela dingwaga dile masome mararo le botlhano, a tshola shela. 13Arepakasate a tshela dingwaga dile 403 a sena go tshola Shela. A tshola ba bangwe basimane le basetsana.14Shela a tshela dingwaga dile masome a mararo, a tshola Ebere. 15Shela o tshedile dingwaga dile 403 a sena go tshola Ebere. A tshola ba bangwe basimane le basetsana.16Ebere a tshela dingwaga dile masome a mararo le bone, a tshola Pelege. 17Ebere a tshela dingwaga dile 430 morago ga go nna rragwe Pelege. A bowa a nna rraagwe bana ba bangwe ba basimane le basetsana.18Ha Pelege a sena go tshela dingwaga dile masome mararo a tshola Reu. 19Pelege a tshela dingwaga dile 209 a sena go tshola Reu. A nna le bana ba bangwe ba basimane le basetsana gape.20Ha Reu a sena go tshela dingwaga dile masome a mararo le bobedi, a tshola Seruge. 21Reu a tshela dingwaga dile 207 a sena go nna rraagwe Seruge. A tshola ba bangwe basimane le basetsana.22Ha Seruge a sena go tshela dingwaga dile masome a mararo, a tshola Nahore. 23Seruge a tshela dingwaga dile makgolo a mabedi a sena go tshola Nahore. A tshola ba bangwe basimane le basetsana.24Ha Namore a sena go tshela dingwaga dile masome a mabedi le bofera bongwe, a tshola Tera. 25Nahore o tshedile dinwaga dile 119 a sena go tshola Tera. A tshola ba bangwe basimane le basetsana. 26Ya re morago ga Tera a sena go tshela dingwaga dile masome a supa, a tshola Aberame, Nahore, le Herane.27Mme jaana tse ke tsone dikokomane tsaga Tera. Tera a shola Aberame, Nahore, le Harane, Harane a tshola Lote. 28Harane a tlhokafala fa peleg ga ga rraagwe ebong Tera mo lefatsheng le a tsholetsweng mo go lone, kwa Ure kwa Chaladane.29Aberame le Nahore ba tsaya basadi. Leina la mosadi wa ga Aberame ke Sarai la mosadi wa ga Nahore ke Mileka, morwadia Harane, rragwe Mileka le Isake. 30Sarai ya bo ele moopa; a sena ngwana.31Tera a tsaya Aberame morwaagagwe, Lote morwa wa morwa wa gagwe Harane, le Sarai ebong ngwetsi ya gagwe, mosadi mosadi wa morwaagwe Aberame, mme botlhe ba tswa kwa Ura Cheladane, go ya ko lefatsheng la Kanana. Ka jalo batla ko go Harane go nna teng. 32Tera one a tshela dingwaga dile 250 mme a tlhokafalla mo go Harane.
121Jalo Jehofa a raya Aberame a re, "Tloga mo lefatsheng la ga eno, le mo masikeng a gago, le mo go ba ntlo ya ga rrago, o ye kwa lefatsheng le ka tla le go supegetsang. 2Ke tla go dira tshaba e kgolo, ke tla go segofatsa, ke ba ke dira leina la gago legolo, mme o tla nna tshegofatso. 3Ke tla segofatsa ba ba go segofatsang, mme ke tla hutsa ba sa go tlotleng. Ka wena ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofala.''4Ka jalo Aberame a bolola, jaaka Jehova a mo kaetse, mme Lote a tsamaya le ene.aberame a bo a le dingwaga di le 75 fa a tloga mo Harane. 5Aberame a tsaya Sara, mosadi wa gagwe, Lote morwa monnawe, dithoto tsa bone tsotlhe tse baneng ba di kgobokantse, le batho ba ba neng ba ba neng ba ba bone mo Harane. Ba bolola go ya kwa lefatsheng la Kanana, mme ba goroga mo lefatsheng la Kanana.6Aberame a ralala lefatshe go fitlha kwa Shekeme, kwa maokeng a More. Ka malatsi ao Bakanana ba ne ba agile lefatsheng leo. 7Jehofa a iponahatsa kwa go Aberame, mme a re, Ke tla naya ditshika tsa gago lefatshe le.'' Ka jalo Aberame a agela Jehofa aletare, yo o neng iponahaditse mo go ene.8Go tloga foo a fudugela kwa dithabeng tse di potileng Bethele ka fa botlhaba, mme a tlhoma motlaagana wa gagwe, mme Bethele a bo a le kwa bophirima Ai a le kwa botlhaba. Foo a agela Jehofa aletare mme a bitsa lefelo leo Jehofa. 9Jalo Aberame a tswelela ka loeto, a lebile kwa Negefi.10Ga bo go le leuba mo lefatsheng, mme Aberame a leba kwa lefatsheng la Egepeto go batla bonno.11Mme ya re a le gaufi le go tsena mo Egepeto, a raya Sara a re, ''bona, ke itse fa o le mosadi o montle. 12E tlare fa Baegepeto ba go bona ba re ''Yo ke mosadiwa gagwe'' mme ba mpolae, mme wena ba go tlogele o tshela. 13O ba reye o re o kgaitsadiake, go re go ntshiamele ka wena, go re botshelo jwame bo sireletsege ka lebaka la gago.14Ga diragala, ya re fa Aberame a goroga mo Egepeto, Baegepeto ba bona fa Sara a le montle fela thata. 15Magosana a ga Faro a mmona, ba mo isa kwa go Faro, mme mosadi a akarediwa mo go ba lelwapa la ga Faro. 16Faro a tlhokomela Aberame fela thata ka lebaka la ga Sara, mme Aberame a abelwa dinku le dikgomo, ditonki tse ditonanyana, malata a banna, malata a basadi, ditonki tse di namagadi, le dikamela.17Mme Jehofa a otlhaya Faro le ba ntlo ya gagwe ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aberame. 18Faro a biletsa Aberame kwa go ene, mme a re, ''Ke eng selo se o se dirileng mo go nna? Ke ka go reng fa o ne o sa mpolelele go re ke mosadi wa gago? 19Ke ka go reng fa o ne o re , ''Ke kgaitsadiake'' go dira go re e tle e nne mosadi wame? Jaanong, tsaya mosadi wa gago o tsamae." 20Mme Faro a ntshetsa banna ba gagwe ditaelo, mme ba mo fa tsela go tsamaya, ga mmogo le tsotlhe tse a neng a na le tsone.
131Aberame a tlhatlhoga go tswa mo Egepeto, go ya Negefi, ene, mosadi wa gagwe, le tsotlhe tse a neng a na le tsone. 2Mme Aberame a bo a humile mo leruo, selefera, le gauta.3A tsweledisa mosepele wa gagwe go tswa Negeti go ya Bethele, go ya kwa lefelong kwa tante ya gagwe e neng e le teng gole pele, fa gare ga Bethele le Ai. 4A ya kwa lefelong le a neng a agile aletara ya gagwe teng pele. Mme ga a fitlha foo a bitsa leina Morena.5Jalo Lote, yo o oneng a tsamaya le Aborame, le ene one ana le letsomane, letsomane le ditante. 6Lefatshe lene le sa ba letle go re ba ka aga go bapa, ka gore bane botlhe ba na le dithoto tse dintsi, ka jalo gaseka ga kgonafala gore ba nne mmogo. 7Gape, gone gona le kgothang fa gare ga badisa baga Aborame le ba ga Lote. Ka nako eo, Bakanana le Baperisa bane ba nna mo lefatsheng leo.8Ka jalo Aberame o raya Lote are, "A go se nne le tshokatshokano magareng a rona, le fa gare ga badisa ba rona, morago ga tsotlhe, re lelwapa. 9Aa lefatshe lotlhe ga le fa pele ga gago? Tsamaela kwa pele o ikgaoganye le nna. Ga o ya kwa molemeng, nna ke tla ya kwa mojeng. Kana fa wena o ya mojeng nna ke ya molemeng."10Jaanong Lote a leba mo tikologong, mme a lemoga fa lebala la Jorotane la bo le siame le le bokgola gongwe le gongwe go ya go goroga ko Zoare, jaaka tshingwana ya Morena, jaaka lefatshe la Egepeto. Moo gabo gole pele ga Morena a senyaka Sotoma le Gomora. 11Mme Lote a itlhophela lebala la Jorotane mme a tsamaela kwa botlhabatsatsi, mme masika ba ikgaoganya.12Aberame a nna mo lefatsheng la Kanana, mme Lote a nna mo ditoropong tsa lebala, a tlhoma ditante tsa gagwe kgakala le Sotoma. 13Jaanong banna ba Sotoma bane ba le ba leofi ba ba bosula thata mo go Jehofa.14Jehofa a raya Aberame morago ga Lote a sena go kgaogana a re, "Leba go tswa mo lefelong le o emeng mo go lone go ya bokone, borwa, botlhaba, bophirima. 15Lefatshe le o le bonang, ke tla le go naya le dikokomane tsa gago ka bosakhutleng.16Ke tla dira dikokomane tsa gago dintsi jaaka lerole la lehatshe, gore fa motho a ka kgona go bala lerole la lehatshe, le dikokomane le tsone ditla balega. 17Ema, o tsamae boleele le bophara ja lehatshe, mme ke tla le go naya." 18Jalo Aberame a tlhpma tante ya gagwe, mme a tla a tshela fa ditlhareng tsa Mere, tse di mo Heberone, foo a aga aletara ya ga Jehofa.
141Go ne ga dirafala ka malatsi a ga Amarafele, kgosi ya Shinara, Arioko, kgosi ya Elasara, Kedolaomeya, kgosi ya Elame, le Titala, kgosi ya Goime, 2go re ba bolotse ntwa kgatlhanong le Bera, kgosi ya Sotoma, Birasha, kgosi ya Gomora, Shinabe, kgosi ya Atama, Shemeba, kgosi ya Sboyime, le kgosi Bela (yo gape a bidiwang Soara).3Dikgosi tse tlhano tsa bofelo tse tsa tsenelela ntwa mo mokgatsheng wa Sitima (yo gape a bidiwang Lewatle la Letswai). 4Morago ga dingwaga tse di lesome le boraro ba sena godirela Ketomilaome, ba ne ba ingaola mongwageng wa lesome le boraro. 5Mme ka ngwaga wa lesome le bone, Ketomilaone le dikgosi tse a neng a na natso ba tla go tlhasela Refaime mo Ashitora Karanaime, wa Mosusite mo Hame, Moemite mo Safeha Kiriathaime, 6le Mohorite mo lefatsheng le le dithaba la Seira,go goroga fela kwa bokgakaleng jwa Ele Parana, gaufile sekaka.7Jaanong ba retologa ba ya kwa Enemishpate (yo gape a bidiwang Katese), mme ba fenya lefatshe lotlhe la Baamalike, le Baamora ba ba neng ba nna mo Hasesone Tamare. 8Jaanong kgosi ya Sotoma, kgosi ya Gomora, kgosi ya Atema, kgosi ya Saboyime, le kgosi ya Bela (yo gape a bidiwang Soare) ba tswa ba ya go ipaakanyetsa ntwa mo mokgatsheng wa Sitime 9kgatlhanong le Ketorelaome, kgosi ya Elame, Titale, kgosi ya Goime, Amerafele, kgosi ya Shinare, Arioke, kgosi ya Elasare; dikgosi tse nne kgatlhanong le tse tlhano.10Jalo mokgatsha wa Sitime wa bo o tetse didiba tsa sekontire, mme ya re fa dikgosi tsa Sotoma le Gomora di tshaba, tsa wela mo teng. Ba ba neng ba setse ba tshabela kwa dithabeng. 11Ka jalo dikgosi tsa gapa dithoto tsotlhe tsa Sotoma le Gomora le dilwana tsotlhe tsa bone, mme tsa itsamaela. 12Mme erile fa ba tsamaya, ba tsaya Lote, morwa monnawe Aberehame, yo neng a agile mo Sotoma, ga mmogole dithoto tsa gagwe tsotlhe.13Mongwe wa ba ba neng ba falotse a tla a bolelela Aberame wa Mohebera. o ne a agile fa maokeng a ga Mamore, Moamora, morwarragwe Eshekolo le Anere, ba eneng e le ditsala tsa ga ga Aberame. 14Mme ya re Aberame a utlwa go re baba ba gapile wa lesika la gagwe, a bolotsa mephato e e katisitsweng e le 318 ba ba neng ba tsoletswe mo ntlong ya gagwe, mme ba ba latela go ya go fitlha kwa Dane.15A kgaoganya mephato ya gagwe kgatlhanong le bone bosigo, mme a ba tlhasela, a ba sala morago go fitlhelela bokgakala jwa Hoba, kwa bokone jwa Damaseko. 16Mme a busetsa dithoto tse di neng di gapilwe, ga mmogo le Lote le dithoto tsa gagwe, le basadi le batho ba bangwe fela jalo.17Fa Aberame a sena go fenya Ketarelaomere le dikgosi tse aneng a na le tsone, kgosi ya Sotoma ya bolola go ya go kopana le ene kwa mokgatsheng wa Shafe (o gape o bidiwang mokgatsha wa kgosi). 18Melekiseteke, kgosi ya Salema, a tlisa senkgwe le mofine. E ne e le moperesite wa Modimo Mogodimodimo.19A mo segofatsa a re, ''Go segofaditswe wena Aberame ke Modimo Mogodimodimo, Motlhodi wa legodimo le lefatshe. 20Go boitshepo Modimo Mogodimodimo, yo tsentseng baba ba gago mo diatleng tsa gago." Mme Aberame a mo abela sabosome mo go tsotlhe.21Kgosi ya Sotoma ya re go Aberame, "mpusetse batho mme o itseele dithoto segolo" 22Aberame a raya kgosi ya Sotoma a re, ''ke tsholeleditse go Jehofa, Modimo Mogodimodimo, motlhodi wa legodimo le lefatshe, 23go re ga nketla ke tsaya le fa e ele tlhale, le fa e le kgole ya setlhako, le fa e le sepe fela se e leng sa gago, go re o se nne le go re ''ke humisitse Aberame.'' 24Ga ke na go tsaya sepe kwa ntle ga se makolwane a se jeleng le kabelo ya banna ba ke tsamaileng le nna. A Anere, Eshekolo, le Mamere ba itseele dikabelo sa bone.
151Morago ga dilo tse lefoko la Jehova la ta ko Aborame mo tshenologong, lere, "O seka tshaba , Aborame! Ke nna thebe ya gago le monei mogolo wa gago." 2Aborame a mo raya a re, "Morena Modimo, o tla nnaya eng, ka gore ke tsweletse ke le moopa, mme moja boswa wa ntlo yame ke Eliesere wa Damasako?" 3Aborame are, "Ka gore ga wa mpha kokomane, bona, yoo o tshotsweng mo ntlong yame e tla nna ene moja boswa wa me!"4Bonang, lefoko la Morena la mo raya lare, "Monna yoo ga a kake a nna moja boswa wa gago; mme yo o tla tswang mo peo ya mmele wa gago ke ene yo o tla nnang moja boswa jwa gago." 5Morago a mo isa kwa ntle, "leba kwa godimo, bala dinaledi, mme fa o ka kgona go di bala." Mme a mo raya a re," Ka jalo kokomane ya gago e tla nna kalo."6A dumela Morena, mme Morena a mo kgetlha moitshepi. 7A mo raya are ke nna Morena yo ke go ntshitseng mo Ure wa mo Chalateane, go go naya lefatshe go le ja boswa." 8A bua, "Jehova Morena, ke tla itse jang gore ke tla le ja boswa?"9A mo raya are, "Ntlisetse kgongwana e e ngwaga tse tharo, nku e e ngwaga tse tharo, lephoi, le sehudi se sengwe." 10A mo tlela tsotlhe tse, a di kgaola gabedi, mme o di bapise mme di huralelane, mme a seke a kgaoganye dinonyane. 11Fa dinonyane tsa dije ditla go nna mo ditopong, Aborame a di kobela kgakala.12Yare fa letsatsi le dikela, Aboramea tshwarwake boroko, bonang, lefifi le lekgolole le tshosang le lentsho la mo apara. 13Ebo Jehova are, "Itse ko ntle le tlhobaelo gore kokomane ya gago e tla nna banni mo lefatsheng le eseng la gaeno, mme ba tla nna makgoba ba kgokgontshiwa dingwaga dile makgolo a le mane.14Ke tla atlhola lefatshe le ba tla le berekelang, mme morago le tla tswa ka dikhumo tse dintsi. 15Mme le tla boela ko bo rraeno ka kagiso, mme le tla bolokwa le godile le atile dingwaga tsa bogudi. 16Ka kokomane ya bone ba tla boela kwano gape, ka gore boikobo jwa Baamorite ga se bo lekane."17Fa letsatsi le diketse go ntse lefifi, bonang, mosi wa molelo wa pitsa le kgabo ya lesedi la ralala dirwa. 18Ka letsatsi leo Jehova a dira kgolagano le Aberame, are, "Kokomane ya gago ke ba naya lefatshe le, go tswa ko nokeng ya Egepeto go ya kwa nokeng ya Ferathe. 19Bakeni, Bakenisi, Bakatemoni, 20le Bahite, Baperise, Barafaime, 21Baamori, Bakanana, Bagireasi le Bajebusi."
161Jaanong Sarai, mosadi wa ga Aborame , o ne a ise a mo tsholele bana, mme o ne a na le lelata la mosadi, wa moegepeto, yo leina la gagwe e neng e le Hagare. 2Jalo Sarai a raya Aborame a re ''Bona, Modimo Jehofa o nthibetse go nna le bana. Ya o robale le motlhanka wame, gongwe nka nna le bana ka ene''. Aborame a utlwa se Sarai a neng a se bua . 3Morago ga dingwaga di le lesome Aborame le lefatsheng la Kanana, Sarai mosadi wa gagwe a tsaya Hagare, motlhankana wa gagwe wa moegepeto a mo neela Aborame go nna mosadi wa gagwe. 4Jalo a dirisanya le Hagare, a ima mme fa a lemoga gore o imile, a leba mohumagadi wa gagwe ka lenyatso.5Ke fa Sarai a raya Aborame a re ''Ke dirile molato ka lebaka la gago. Ke neetse motlhanka wa mosadi mo sehubeng sa gago, mme ya re a lemoga gore o imile, ka nyadiwa mo mathong a gagwe. A Jehofa Modimo a nne moatlhodi mo gare ga me le wena . 6Mme Aborame a raya Sarai a re, ''Bona fa, motlhanka wa gago wa mosadi o mo thateng ya gago, mo dire se o se bonang se go tshwanetse.'' Jalo Sarai a mo gagamaletsa fela thata, mme a tshaba mo go ene.7Moengele wa Jehofa a mo fitlhela fa motsweding wa metsi mo nageng. Ke motswedi o o leng mo tseleng fa o ya Shure. 8A re ''Hagari motlhanka wa ga Serai o tswa kae le gone o ya kae?'' Mme e ne a re ''Ke tshabile mong wa me Serai''.9Moengele wa ga Jehofa a mo raya a re''boela ko mong wa gago, mme o ineele mo taolong ya gagwe.'' 10Mme moengele wa ga Jehofa a mo raya a re ''Ke tla ntsifatsa lesika la gago thata, ba tla nna bantsi mo ba ka sekeng ba balwe.11Moengele wa modimo Yahweh a mo raya gape a re ''Bona o moimana o tlaa tshola ngwana wa mosimane, jalo o tla mmitsa leina o re Ishimaele ,ka gore Modimo Yahweh o utule tlhokofatso ya gago. 12O tlaa nna monna wa tonki ya naga. O tlaa nna kgatlhanong le monna mongwe ,le mongwe o tla nnang kgatlhanong le ene, o tlaa nna a ikgaogantse le barwa rragwe13Ke fa Hagai a neela Modimo Yahweh yo o neng a bua le ene leina a re ''O modimo o o mponang,'' a ba a ''A re ke tla tswelela ke bona le morago fa a sena go mpona?'' 14Ka jalo sediba sa bidiwa Beer Lenai; se se magareng ga Kadesh le Bered.15Hagare a tsholela Aborame ngwana wa mosimane mme Aborama a bitsa ngwana wa gagwe wa mosimane yo a mo tsholetsweng ke Hagare a re Ishimaele. 16Aborama o ne a na le dingwaga di le 86 fa Hagare a mo tsholela Ishemaele.
171E rile Aborame a le dingwaga di le masome a le fera bongwe le boferabongwe, Morena a iponatsa mo go Aborame mme a mo raya a re, '' ke nna Modimo mothata-yotlhe. Tsamaya fa pele game, mme o nne mosiame. 2Jaanong ke tla rurifatsa kgolagano ya me magare game le wena, mme ke tla a go ntsifatsa go menagane''.3Aborame a wa ka mangole a oba sefatlhego mme modimo a bua nae, a re, 4''Fa e le game, bona, kgolagano ya me e na le wena. O tla nna rra dichabachaba. 5Leina la gago ga le sa tlhole e le Aborame, mme e tla nna Aborahame- mme ke tlaa go baya go nna rra dichabachaba. 6Ke tlaa ntsifatsa tshika ya gago, mme ke tla a dira dichabachaba mo go wena, le magosi a tlaa tswa mo go wena.7Ke tla a simolola kgolagano ya me magare ga me le wena le ba losika lwa gago go tswa mo go wena, go ya dikokomane go nna kgolagano e e sa khutleng, go nna modimo mo go wena le bana ba gago morago ga gago. 8Ke tla a go neela, goya baneng ba gago morago ga gago, Lefatshe le o ntse o tshela mo go lone, lefatshe lotlhe la Kanana, e tla nna la gago go ya bosakhutleng, mme ke tla nna modimo wa bone''.9Jaanong Modimo a raya Aborahame wa re, ''ka ga wena, o tshwanetse go tshegetsa kgolagano ya me, wena le bana ba gago go ya dikokomaneng. 10E ke kgolagano ya me, e o tshwanetse go e tshegetsa, magare ga me le wenale bana ba gago morago ga gago;monna mongwe le mongwe mo go lona o tshwanetse go rupisiwa. 11Le tshwaetse go rupisiwa ka go kgaola letlalo la bonna, mme se e tla nna sesupo sa kgolagano yame le lona.12Mosimane mongwe le mongwe mo go lona yo o na le malatsi a le boferabobedi o tshwanetse go rupisiwa, go ya ka dikokoma tsotlhe tsa lona. Se se akaretsa ope yo o tshotsweng mo lelwapeng la lona le ope yo o rekilweng mo badichabeng e se losika lwa gago. 13Monna yo o tshotsweng mo ntlong ya lona ga mmogo le yo o rekilweng ka madi o tshwanetse go rupisiwa. Se ke kgolagano ya me mo nameng ya lona go ya ka bosakhutleng. 14Ope fela monna yo o sa rupisiwa o tlaa ntshiwa mo bathong ba ga gabo. O a bo a robile kgolagano ya me''15Modimo a ra ya Aberehame a re, '' Ka jalo mohumagadi wa gago Sarai, o seka wa tlhola o mmitsa Sarai gotlhelele, mme , leina la gagwe e tla nna Sarah. 16Mme ke tla a mo segofatsa, mme ke tla a mo neela ngwana wa mosimane. Ke tla a mo segofatsa, mme o tla nna mma dichabachaba. Dikgosi tsa batho di tla a tswa mo go ena.''17Foo Aberehame a wa ka mangole a inamisa sefatlhego, a tshega, a bua mo pelong ya gagwe a re, ''a mme ngwana o ka tsholwa ke monna yo o dingwaga di le lekgolo? Sarah o ka kgona jang, a le dingwaga di le masome a fera bomgwe, go tshola ngwana''? 18Aberehama araya Modimo a re, '' a Ishimaele a tshele fa pele ga gago!''19Modimo a re, ''nnyaa Sarah mohumagadi wa gago o tla a go tsholela ngwana wa mosimane, mme o tla a mmitsa a re Isake. Ke tla a simolola kgolagano ya me le ene e e sa khutleng le bana ba gagwe go tswa mo go ene. 20Ka fa Ishimaele, ke go utlwile. Bona, ke mo segofaditse mme ke tla a mo atisa mme e tla a mo ntsifatsa go menagane. O tla a nna rraagwe dikgosi tse lesome le bobedi, mme ke tla a mo dira gore a nne chaba e kgolo. 21Mme kgolagano ya me e tla a simologa le Isake, yo Sarah a tla a mo go tsholelang ka nako e mo ngwageng o o tlang.''22Fa a fetsa go bua le ene, Modimo a tlhatoga a tlogela Aborahame. 23Aborahame a tsaya Ishimaele morwa wa gagwe, le botlhe ba ba ile ba tsalwa mo lelwapeng la gagwe, le monna mongwe le mongwe yo leng mo batho ba ntlo ya ga Aborahame, mme o ba rupise ka go ba kgaola letlalo la bonna jwa bone ka lone letsatsi leo, jaaka Modimo a laetse.24Aborahame one a le dingwaga di le masome a fera bongwe le bofera-bongwe fa a ne a rupisiwa a kgaola letlalo la bonna. 25Ishimaele morwae o ne a le dingwaga di le lesome le boraro fa a rupisiwa a ntshiwa letlalo la bonna. 26Ka lone letsatsi leo Aborahame le Ishimaele morwae ba ne ba rupisiwa. 27Banna botlhe ba ntlo ya gagwe ba rupisiwa mmogo le ene, le botlhe ba ba tshotsweng mo lelwapeng le bontlhe ba ba rekilweng go tswa badichaba.
181Modimo a iponagaletsa Aberahame ko ditlhareng tsa maoka kwa Mamere, a ne a ntse mo kgorong ya tante go le mogote mo motshegareng. 2A leba kwa godimo, a bona banna ba bararo ba eme kgakala le ene. Erile a ba bona, a tabogela kwa go bone go ba kopantsha, kwa kgorong ya tante a bo a ba ikobela fa fatshe.3A mo raya a re,'' Morena wame, fa ke bone letlhogonolo mo matlhong a gago ke kopa o se fete motlhanka wa gago. 4A metsi a mannye a tlisiwe o bo o tlhapa maoto o ikhutsa ka fa tlase ga setlhare. 5Mme ke tlise dijo gore o tle o itapolose.Morago o ka tsamaya go bo o tswa ko motlhankeng wa gago''. Ba fetola ba re ''dira jaaka o bua''.6Aberahame a itlhaganelela kwa go Sara mo tanteng a re, ''baakanya ka bofefo selekanyo sa dielo di le lesome le borataro tsa boupi jwa borotho, o bo dube o bo o dira borotho''. 7Jalo Aberahame a ya kwa morakeng go ya go tsaya namane e boruma e ntle, a e neela motlhanka wa gagwe ka bofefo a e apaya. 8A tsaya madila, mashi le namane e e apeilweng, a di baya fa pele ga bone. A ema fa go bone fa tlase ga setlhare ba a ja.9Ba mo raya ba re,'' Sara mosadi wa gago o kae?'' A fetola a re,'' o mo tanteng.'' 10A ba raya a re,'' E le ruri ke tla a boela kwa go wena ka nako ya dikgakologo, mme Sara mosadi wa gago o tla a nna le morwa.'' Sara a bo a reeditse a le mo lebating la tante,e e neng e le fa morago ga gagwe.11Jalo Aberehame le Sara ba bo ba tsofetse,ba godile mo dingwageng le Sara a bo a fetile mo seemong sa go ka tshola bana. 12Ka jalo Sara a tshega, a ipolelela gore, '' morago ga gore ke tsofale le morena wame a tsofetse, a mme nka nna le boitumelo joo?''13Morena a raya Aberahame a re,'' Ke ka goreng Sara a tshega a bo a bua a re, ''A nka tshola ngwana ke tsofetse mo go kana? 14A go na le sengwe se se palelang Modimo? Mo nakong e e beilweng ke nna, ke tla a tla ka dikgakologo, ke boela ko go ene.Ka nako e ngwaga o o tlang Sara otlaa tshola morwa''. 15Jalo Sara a ganetsa a re,'' ga ke a tshega, ka go bo a ne a tshogile. A mo fetola a re,'' nnya o tshegile.''16Jalo banna ba emelela ba tsamaya ba leba kwa Sotoma. Aberahame a tswa le bone a ba boledisa. 17Morena a re,'' A nka iphitlhela Aberahame ka se ke tlogang ke se dira, 18lentswa Aberahame a tla a nna tshaba e kgolo, e e maatla, ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla a segofala ka ene? 19ka go bo ke mo tlhophile gore a rute bana ba gagwe le ba lelwapa la gagwe go tshola tsela ya Morena, go dira tshiamo le katlholo, jalo gore Morena a diragatse mo go Aborahame se a se buileng le ene.''20Morena a re,'' e re ka selelo kgatlhanong le Sotoma le Gomora se le segolo,le boleo jo bo bo tseneletseng, 21ketlaa fologa ke ya go bona gore ba dirile jalo kana ga ba a dira jalo.''22Banna ba, ba retologa gone foo, ba tsamaela kwa Sotoma, mme Aberahame a tswelela a eme fa pele ga Morena''. 23Jalo Aberahame a atamela a bo a re,''a o tla nyeletsa basiame le baikepi?24Gongwe go na le basiame ba ba masome a matlhano mo toropong. A otla a senyaka toropo yotlhe, o bo osa utlwele botlhoko basiame ba ba masome a matlhano ba ba mo go yone? 25A morena a seka a dira jalo, go nne kgakala le ene go bolaya basiame le baikepi, gore basiame ba seka ba tseiwa jaaka baikepi. A Morena a seka a dira jalo! A moatlhodi wa lefatshe ga a kake a dira se se siameng?'' 26Morena a re,''fa ke fitlhela baitshepi ba ba masome a matlhano mo toropong, ke tlaa ba utlwela botlhoko ke sa senyake toropo ko Sotoma ka ntlha ya bone''27Aberehama a araba a re, ''Nna yo o lerole le molora ke ikemiseditse go bua le Morena wame! 28Jaanong a re re fa basiami ba ka nna masome a mane le botlhano?A otla senya toropo yotlhe ka ntlha ya go tlhoka ba le batlhano?'' Jalo a re, ''Ga nkitla ke o senya le fa nka fitlhela ba baba masome a mane le botlhano.''29A bua gape le ene a re, ''Jalo o tla a dirang fa ba fitlhelwa ba le masome a mane?'' A fetola a re, ''Ga nkitla ke dira sepe ka ntlha ya baba masome a mane.'' 30A re,'' Morena wame o seka wa nna bogale, gore ke bue. E tle e re gongwe o fitlhele ba ba masome a mararo gone''. A re, ''Fa nka fitlhela ba le masome mararo ga nkake ka dira sepe ka ntlha ya bone.'' 31A mo raya a re, ''Bona, ke ikemiseditse go bua le Morena wame! Ga o ka fitlhela ba le masome a mabedi? A fetola a re, ''Ga nkitla ke o senya ka ntlha ya ba ba masome a mabedi.''32A re,'' A morena a seka a nna bogale, ke tla a bua se labofelo. Gongwe ba le lesome ba ka fitlhelwa koo?'' A re,'' ga nkitla ke e senyaka ka ntlha ya ba ba lesome.'' 33Morena a tsaya tsela ya gagwe a tsamaya morago ga go fetsa go bua le Aborehame, Aborehame a boela ga gagwe.
191Baaengele ba le babedi ba tla Sotoma go le maitseboa, fa Lote a santse a ntse kwa kgorong ya ya Sotoma. Lote a ba bona, a nanoga go ba kopantsha, mme a inamisetsa sefatlhego sa gagwe fa fatshe. 2A ba raya a re, "'ke a le kopa barena ba me, retologelang kwa ntlong ya motlhanka wa lona, mme le robale bosigo bo le bongwe, mme le tlhape dinao tsa lona. Mme le tla tsoga go sale mo mosong go itsamaela."' Mme ba mo fetola ba re, ''Naya, re tla lala mo patlelong."' 3Mme a ba kopa fela thata, mme ba tsamaya le ene, mme ba tsena mo ntlong ya gagwe. A ba apeela dijo a besa senkgwe se se sa bidisiwang, mme ba ja.4Mme pele ga ba robala, banna ba motse, banna ba Sotoma, ba dikologa ntlo, botlhe ba bannye le ba bagolo, banna botlhe go tswa mo tikologong yotlhe fela ya motse, 5Ba bitsa Lote, ba mo raya ba re, ''Banna ba ba lo etetseng bosijo jo ba kae? Ba ntshetseng kwa go rona, go re re kgone go robala le bone.''6Mme Lote a tswela kwa ntle a tswala lebati mme a ya kwa go bone. 7Aba raya a re, ''Ke a ale kopa, barrwaarre, le seka la dira bosula bope. 8Bonang, ke na le barweetsana ba le babedi ba ba e seng ba kopane le banna gope. Ke a le kopa, a segolo ke ba lo ba tlisetse , mme lo dire se lo bonang se le molemo mo ponong ya lona ka bone. Lo seka lwa dira sepe mo banneng ba, ka go bane ba tlile ka fa tlase ga moriti wa marulelo a boago jwa me.9Ba mo raya ba re,''emela kwa morago!'' Ba be gape ba re, ''Yo tlile mo e le motswakwa, mme o itirile moatlhodi wa rona!. Jaanong re tla dira bosula mo go wena go na le ka bone." Ba patelela that kgatlhanong le monna, kgatlhanong le Lote, mme ba nna gaufi le go thuba lebati.10Ka jalo banna ba otlolola diatla tsa bone, ba gogela Lote mo teng ga ntlo mme ba tswala lebati. 11Mme baeng ba ga Lote ba foufatsa banna ba ba kwa ntle ga lebati la ntllo, botlhe bagolo le bana, mo ba ileng ba lapa thata ba tsomatsomana le lebati.12Banna ba botsa Lote ba re, ''a go na le bangwe ba o nang le bone fano? E ka bo e le bagwe, barwa le barwadi ba gago, kana mang fela wa mo motseng, o ba ntshe fano. 13Go nne re gaufi le go senya lefelo le, ka gonne tatofatso kgatlhnong le lone fa pele ga ga Jehofa e utlwalegile thata mo a re romileng go tla go le senya.''14Lote a tswa a ya go bua le bagwe ba gagwe, banna ba ba solofeditseng go nyala bomorwadiagwe, a ba raya a re, ''nanogang ka bonako, le tswe mo lefelong le, gonne Jehofa o gaufi le go senya motse o." Mme mo go bagwe ba gagwe ga nna ekete ke matshamekwane fela. 15Fa masa a sa, baengele ba gwetlha Lote, ba re "Emelela o tsamaye, o tseye mosadi wa gago le barwadiago ba babedi ba ba leng teng fano, go re le seka la phailwa mmogwe le petso ya motse o.''16Mme a diadiega. Mme banna ba mo phamola ka seatla, le seatla sa mosadi wa gagwe, le dialta tsa barwadiagwe ba babedi, ka gonne Jehofa o ne a mo tlhomogetse pelo. Ba ba ntsha, ba ba baya kwa ntle ga motse. 17Fa ba sena go ba ntsha mo motseng, mongwe wa banna a re, ''Tshabelang matshelo a lona! Lo seka lwa gadima kwa morago, le fa e le go nna gope mo lebaleng. Tshabelang kwa dithabeng go re lo seka lwa phailelwa kgakala.''18Lote a ba raya a re, ''Nyaya, tlhe, barena ba me! 19Motlhanka wa lona o bonye tumelesego mo matlhong a lona, mme lo mpontshitse bopelotlhomogi jo bogolo ka go boloka botshelo jwa me, mme fela gankake ka tshabela kwa dithabeng, ka go nne segajaja se ka mphetelela, mme ka swa. 20Bonang, motse ke ole, go gaufi mo nka kgonang go tshabela teng, mme ebile o monnyenyane. Ke a kopa, a mme ke tshabele teng (a mme ga o monnyenyane?), mme botshelo jwa me bo tla bo bo sireletsegile."21A mo raya a re, "Go siame, ke amogela kopa e le yone, ka jalo ga kena go senya motse o o o boletseng. 22Itlhaganele! Tshabela teng, mme ga ke na go dira sepe go fitlhelela o goroga teng." Ka jalo motse wa bidiwa Soare.23Letsatsi la bo le tlhabile fa Nowa a goroga kwa Soare. 24Jalo Jehofa a nesetsa sebabole le molelo mo Sotoma le Gomora go tswa mo loapeng . 25A senya metse eo, le lebala lotlhe fela le le ikadileng, le baagi ba metse eo, le dimela tse di medileng mo mmung.26Me mosadi wa ga Lote, yo o neng a tla ga morago ga gagwe, a gadima kwa morago, mme a fetoga seolo sa letswai. 27Aberahame a emelela go le mo mosong a ya kwa lefelong le a neng a fa pele ga ga Jehofa. 28A gadima ntlheng ya Sotoma le Gomora le kwa lebaleng lotlhe le le ikadileng. Mme leba, mme bonang, mosi wa bo o pomponyega jaaka mosi wa leiso la leubelo.29Ka jalo fa Modimo o senya metse ya lebala, Modimo wa gakologelwa Aberahame. Wa ntsha Lote mo tlhakatlhakanong ya tshenyo fa o senya metse e e neng Lote a agile mo go yone.30Mme Lote a tswa mo Soware go aga mo dithabeng le bomorwadiagwe ba babedi, ka go bo a ne a tshaba go nna mo Soware. Ka jalo a nna mo legageng le bomorwadiagwe.31Yo motona a raya monnaawe a re, "Rraarona o godile, mme ga gona monna gope yo o ka robalang le rona jaaka go tlwaelesegile mo lefatsheng lotlhe. 32A re nose rraarona bojalwa jwa mofine, mme re tle re robale le ene go re re boloke losika lwa gagwe." 33Ka jalo ba nosa rraabone bojalwa jwa mofine mo bosigong joo. Mme yo motona a tsena a robala le rraagwe, mme a seka a itse go re o robetse leng le go re o tsogile leng.34Letsatsi le le latelang yo motona a raya yo monnye a re, ''Reetsa, ke letse ke robetse le ntate. A re mo nose bojalwa jwa mofine gape, mme o tle o ye go robala le ene, go re re tle re boloke losika lwa gagwe." 35Ka jalo ba nosa rraabone bojalwa jwa mofine gape mo bosing joo, mme yo monnye a ya go robala nae. O ne a seke a itse go re o robetse leng le go re o tsogile leng.36Mme bana ba ga Lote botlhe ka bobedi ba imisiwa ke rraabone. 37Yo motona a tshola mosimane, mme a mmitsa Moabe. Ya nna ene Rra Bamoabe ba gompieno jaana. 38Yo monnye, le ene a tshola mosimane, a mo raya leina a re Ben-Ammi. Ya nna rra Baamone ba gompieno.
201Aberahame a sepela go tswa koo a lebile kwa lefatsheng la Negefi, mme a aga fa gage ga Kadeshe le Shure. A bo a le mojaki mo Gerare. 2Aberahame a bua ka mosadi wa gagwe a re, "Ke kgaitsediake.'' Ka jalo Abimeleke kgosi ya Gerare a romela go re a tle a itseele Sara. 3Mme Modimo wa tla kwa go Abimeleke mo torong go le bosigo, a re, ''Bona, o bidiwa yo o suleng ka ntlha ya mosadi yo o mo tsereng, ka gonne ke mosadi wa motho.''4Foo Abimeleke a bo a ise a mo atamele mme a re, "Morena, a mme o tla bolaya le tshaba ya basiame? 5A mme ga a nthaya a re 'Ke mosadi wa me?' Mme le ene o rile, 'Ke kgaitsediaka.' Ke dirile seo ka pelo e e itshekileng le ka go ditla tse di phepa.''6Mme Modimo wa bua le ene mo torong, ''Ee, le nna ke a itse go re ke ka go itsheka ga pelo ya gago go bo o dirile se, mme ebile gape ke go iditse go nteofela. 7Ka jalo ga ke a go letlelela go mo ama. Jalo he, busetsa monna mosadi wa gagwe, go nne ke moporofite. O tla go rapelela, mme o tla tshela. Mme fela fa o sa mo mmusetsa, itse fela go re wena le ba ga eno ka mmaaruri lo tla swa.89Abimeleke a kubuga mo mosong o mogolo mme a bitsa batlhanka ba gagwe botlhe fela. A ba bolelela dikgang tse tsotlhe, mme banna ba tshoga fela thata. Mme Abimeleke a bitsa Aberahama a mo raya a re, ''Ke ka go reng fa o dirile se mo go rona? Ke go leofetse jang, mo o ka tlisang boleo jo bo kana kana mo bogosing jwa me? O ntiretse se se sa tshwanelang go ka dirwa.''10Abimeleke a raya Aberahame a re, ''Tota ke eng se se go gwetlhileng go dira se?'' 11Aberahame a re, "Ka ke ne ke akantse go re, 'Ka mmaaruri ga gona poifo Modimo mo lefelong le, mme ba tla mpolayang ka lebaka la mosadi wame.' 12Mme fela gone tota, ke kgaitsediaka, mme e le morwadie ntate, e se morwadia mme, mme jalo o ne a nna mosadi wa me.13E rile fa Modimo a ntaolela go tswa mo ntlung ya ga rre mme ke sepela go tswa golo gongwe go ya golo gongwe, ke ne ka mo raya ka re, ''O tla tshwanela ke go itshupa ka boikanyego o le mosadi wa me: Gongwe le gongwe kwa re go yang, o nne o bue ka nna o re, ''Ke monna wa me."' 14Jalo Abimeleke a tsaya dinku le dikgomo, tse di namagadi le malata, mme a ba abela Aberahame. Mme a busetsa Sara, mosadi wa ga Aberahame, kwa go ene.15Abimeleke a re, ''Bona, lefatshe la me le fa pele ga gago. Thibelela fa o go ratang.'' 16Mo go Sara a re, ''Bona, ke neile kgaitsadio dipapetlana tsa selufera di le sekete. Seo ke go apeesa molato ope fela mo ponong ya botlhe ba o nang le bone, le fa pele ga mongwe le mongwe, le go re ga gona ope mo go lona yo o leng molato.''17Mme Aberahame a rapela Modimo, mme Modimo wa fodisa Abimeleke, mosadi wa gagwe, le malata a gagwe ba basadi go re ba tle ba kgone go nna le bana. 18Gonne Jehofa o ne a dirile go re basadi botlhe ba ntlo ya ga Abimeleke ba tlhoke tsholo, ka lebaka la ga Sara, mosadi wa ga Aberahame.
211Jehofa a rekegela Sarah jaaka a ne a kile a bolela, mme a mo direla jaaka a ne a solofeditse. 2Sara a ima mme tsholela Aberahame mosimane mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi, ka nako e neng Modimo o buile ka yone. 3Aberahame a raya morwawe leina, yo Sara a mo mo tsholetseng, a re Isake. 4Aberahame a rupisa morwaawe Isake fa a digela malatsi a ferabobedi, fela jaaka Modimol o ne o mo laetse.5Aberahame a bo a le dingwaga di le lekgolo fa mowaawe Isake a tsholwa. 6Sara a bo a re, ''Modimo o ntirile go re ke tshege; mongwe le mongwe yo o tla utlwang o tla tshega le nna.'' 7Mme gape a bo a re, ''Ke mang yo neng a ka raya Aberahame a re Sara o tla belega bana, mme jaanong ke mo tsholetse morwa mo dingwageng tsa gagwe tsa bogodi!''8Ngwana a gola mme a kgwisiwa, mme Aberahame a dira modiro o mogolo ka letsatsi le Isake a kgwisitsweng ka lone. 9Sara a lemoga fa morwawe Hagare wa Moegepeto, yo a mo tsholetseng Aberahame, a na le go sotla.10Mme a raya Aberahame a re, ''Leleka mosadi yo wa lelata le morwaawe, ka go bo morwaawe mosadi yo wa lelata a sena a nna mojaboswa le morwaake, Isake.'' 11Kgang e ya utlwisa Aberahame botlhoko fela thata ka go bo a ne a rekegela morwaawe.12Mme Aberahame a raya Aberahame are, ''Se utlisiwe botlhoko ke lekawana, le ka mosadi wa lelata. Reetsa mafoko a mosadi wa gago mme o dire sengwe le sengwe se a se buang ka kgang e, ka gonne ke ka Isake losika la gago le tla atlang. 13Ke tla dira tshaba e nngwe gape ka morwaawe mosadi wa lelata, ka go bo le ene e le losika lwa gago.14Aberahame a tsoga go le moso, a tsay,a borotho le sekupu sa metsi sa letlalo, a se naya Hagare, a se mo rwesa mo mahetleng. A mo naya morwawe mme a mo tsamaisa. A bolola mme a sasankega mo nageng ya Beresheba. 15E rile fa metsi a fela mo sekupung sa letlalo, a tlogela lekawana ka fa tlase ga setlhatshana. 16Mme a tsamaya, a ya go nna kgakajanyana le lone, sekgala sa motswi o ka welang teng, go nne o ne a re, ''A ke seka ka bona go swa ga ga ngwanake.'' Fa a ntse a ntse go lebagana le lekawana, a tsholetsa lentswe a lela.17Modimo wa utlwa lentswe la lekawana, mme moengele wa Modimo a bitsa Hagare go tswa kwa legodimong, a mo raya a re, ''O tshwenngwa ke eng, Hagare? Se boife, go nne Modimo o utlwile lentswe la lekawana fa le leng teng. 18Emelela, tsosa lekawana, mme o le kgotlhatse, go nne ke tla le dira tshaba e kgolo.''19Jalo Modimo wa bula matlho a gagwe, mme a bona sediba sa metsi. A ya go tlatsa sekupu ka metsi, mme a siela lekawana go nwa. 20Modimo wa bo o na le lekawana, mme la gola. A nna mo nageng mme a nna mohudi wa metswi. 21A nna mo nageng ya Parane, mme mmaagwe a mmatlela mosadi go tswa kwa lefatsheng la Egepeto.22Ga diragala ka yone nako eo go re Abimeleke le Phikolo mogolwane wa mephato ya gagwe a bua le Aberahame, a re, ''Modimo o na le wena mo go tsotlhe tse o di dirang. 23Mme jaanong inkanele ka Modimo go re ga o na go ntirela boferefere, le fa e le bongwanake, kana ditshika tsa me. O ntshupegetse le lefatshe le o agileng mo go lone yone kgolagano eo e e ikanyegang e ke go e bontshitseng. 24Aberahame a re, ''Ke a ikana.''25Aberahame le ene a ngongorega mo go Abimeleke ka sediba sa metsi se malata a ga Abimeleke a se gapileng mo go ene. 26Abimeleke a re, ''Ga ke itse yo o dirileng jalo. Ga o ise o mpolelele seo gole pele; gake ise ke utlwe ka kgang e go fitlhelela gompieno jaana.'' 27Jalo Aberahame a tsaya dinku le dikgomo a di abela Abimeleke, banna boo babedi ba dira kgolagano.28Jaanong Aberahame a tlhaola dinku tse di namagadi di le supa. 29Abimeleke a raya Aberahame a re, ''Ke ka go reng go bo o tlhaotse dinku tse tse di namagadi di le supa?'' 30A fetola a re, ''Dinku tse supa tse di namagadi tse o tla di amogela go tswa mo seatleng sa me, go re e nne bosupi mo go nna, go re ke nna ke epileng sediba se.''31Mme bitsa lefelo leo Beresheba, ka gonne boo babedi ba ikanetse gone foo. 32Ba dira kgolagano kwa Beresheba, mme jaanong Abimeleke le Phikolo, mogolwane wa mophato wa batlhabani ba gagwe, ba boela kwa lefatsheng la Bafilisetia.33Aberahame a jwala setlhare sa motamarasika mo Beresheba. Foo a obamela Jehofa, Modimo wa bosakhutleng. 34Aberahame a nna e le motswakwa mo lefatsheng la Bafilisitia lobakanyana.
221Gone ga diragala morago ga nako Modimo wa leka Aberahame. A mo raya a re, ''Aberahame!'' Abrahame a re, ''Ke fano.'' 2Mme Modimo wa re, ''Tsaya morwao, morwao yo o esi, ene yo o mo ratang, Isake, mme o ye kwa lefatsheng la Moria. O mo ntshe setlhabelo mo go nngwe ya dithaba gone koo, e ke tla go e bolelelang.'' 3Mme Aberahame a tsoga go le phakela thata, a belesa tonki ya gagwe, mme a tsaya malata a gagwe a le mabedi, ga mmogo le Isake. A phatsha dikgong tsa setlhabelo sa phiso, mme a bolola a tsaya loeto go ya kwa Modimo a mo laetseng teng.4Mo letsatsing la boraro Aberahame a tsholetsa matlho mme a lebela lefelo leo kgakajana. 5Aberahame a raya makawana a gagwe a re, ''Namang lo setse fa le tonki, mme nna le lekawana re tla tsamaela fale. Re tla ya go obamela mme morago re boele gape kwa go lona.'' 6Jaanong Aberahame a tsaya dikgong tsa setlhabelo sa phiso a di rwadisa morwaawe Isake. A tshola ka diatla tsa gagwe molelo le thipa; mme ba tsamaya mmogo.7Isake a bua le Aberahame rraagwe a re, "'Ntate,'' mme a re, ''Ke fano, morwaake.'' A re, ''Bona, molelo le dikgong ke tse, mme kwana ya setlhabelo sa phiso yone e kae?'' 8Aberahame a re , "Modimo one ka sebele o tla naya kwana ya setlhabelo sa phiso, morwaake.'' Mme ba tsamaela kwa pele, boo babedi mmogo.9Erile ba goroga kwa lefelong le Modimo o mmoleletseng ka lone, Aberahame a aga aletara mme a ala dikgong mo godimo ga yone. Mme a hunela Isake morwaawe, a mo robatsa mo godimo ga dikgong. 10Aberahame a tsholetsa seatla sa gagwe a tsaya thipa go bolaya morwaawe.11Jalo moengele wa ga Jehofa a bitsa go tswa kwa legodimong mme a re, ''Aberahame, Aberahame!"' mme a re, ''Ke fano.'' 12A re, o seka wa baya seatla sa gago mo lekawaneng, le fa e le go dira sepe fela go le utlwisa botlhoko, go nne jaanong ke a itse fa o boifa Modimo, ke sena go bona go re ga o a ka wa ngamela morwao, morwao yo o nosi, mo go nna.''13Aberahame a gadima kwa godimo, mme go bapa le ene ga bo go le phelefu mo tshutlheng e tshwerwe ke ditlhare ka dinaka. Aberahame a tsamaya a ya go tsaya phelefu a e ntsha e le setlhabelo sa phiso mo boemong jwa morwawe. 14Jalo Aberahame a bitsa lefelo leo, ''Jehofa o tla naya,'' mme le metlheng ya gompieno go buega gore, ''O thabeng ya ga Jehofa go tla newa.''15Moengele wa Morena a bitsa gape la bobedi go tswa kwa legodimong 16a re - e ke polelo ya ga Jehofa - nna ka bo nna ke ikanne ka go bo o dirile selo se, o sa ikgagapelela morwao, morwao yo o esi, 17ka boammaaruri ke tla go segofatsa ke bo ke atlolosa ditshika tsa gago mo go golo thata jaaka dinaledi tsa legodimo le jaaka motlhaba wa lewatle; mme ditshika tsa gago di tla rua dikgoro tsa baba ba bone.18Ka lotsalo la gago ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tlsa segofala, ka gonne o ikobetse lentswe la me.'' 19Jalo Aberahame a boela kwa batlhankeng ba gagwe, mme ba bolola ba ya kwa Beresheba, mme a aga mo Beresheba.20Ga diragala morago ga dilo tse fa Aberahame a neng a bolelelwa go re, ''Milika o tshotswe bana, le ene, a ba tsholela morwaarago Nahore.'' 21E ne e le Use motsalwapele, Buse morwaaragwe, Kemuele rraagwe Arame, 22Kesedi, Haso, Pilidashe, Jidilafe, le Bethuele.23Bethuele a nna rraagwe Rebeka. Ba ya bo e le bana ba ba ferang bongwe ba Milika a ba tsholetseng Nahore, morwaaragwe Aberahame. 24Mogadikane wa gagwe, yo neng a bidiwa Reuma,le ene a tshola Tebahe, Gahame, Tahashe, le Maakahe.
231Sara a tshela dingwaga di le lekgolo le masome a le mabedi le bosupa. Tseo ya be e le dingwaga tse Sara a di tshidileng. 2Sara a swela kwa Kiriatha Areba, ke go re Heberona, mo lefatsheng la Kanana. Aberahame a hutsafalela Sara.3Jaanong Aberahame a emelela a tlogela mosadi wa gagwe yo o neng a sule, mme a bua le bomorwa Hethe, a re, 4''Ke motswaka mo ga lona. Ke kopa go re le nkabele lefelo la go fitlha go lona, go re ke kgone go fitlha moswi wa me.''5Bomorwa Hethe ba araba Aberahame, ba re, 6''Re reetse, mongwa wa me. O morwa Modimo mo go rona. Fitlha moswi wa gago mo lebitla le o tla le ikgetlhelang. Ga gona ope wa rona yo o tla ganang go go neela lebitla le o tla fitlhang moswi wa gago mo lone.''7Aberahame a emelela mme a oba tlhogo mo go beng ba lefatshe, bo morwaagwe Hethe. 8A bua le bone, a re, ''Fa lo dumela go re ke fitlhe moswi wa me, ntheetseng jaanong, lo nkopeleng Eferone morwaa Sohare. 9Lo mo kope go re a nthekisetse legaga la kwa ga Makapela, le a le ruileng, le le kwa bofelelong jwa tshimo ya gagwe. A le nthekisetse ka tlhwatlhwa e e feletseng mo ponong ya mongwe le mongwe go re e nne lefelo la phitlhelo.''10Jaanong Eferone a bo a ntse mo gare ga barwa ba ga Hethe, mme Eferone wa Mohite a araba Aberahame mo kutlong ya bo morwaa Hethe, botlhe fela ba ba neng ba tlile kwa kgorong ya motse, a re, 11''Nyaya mong wa me, ntheetse. Ke go neela lefelo, le legaga le le leng mo go lone. Ke le go neela jaana mo ponong ya bomorwaa batho ba me. Ke a le go neela go fitlha moswi wa gago.''12Mme Aberahame a oba tlhogo fa pelega batho ba lefatshe. 13A bua le Eferone mo kutlong ya batho ba lefatshe leo, a re, ''Mme fa le ratile, ke kopa go re lo ntheetse. Ke tla duelele lefatshe. Tsayang madi mo go nna, mme ke tla fitlha moswi wa me me go lone.''14Eferone a araba Aberahame, a re, 15''Ke a go kopa, mong wa me, o ntheetse. Lefatshe le le lopang dishekele di le makgolo a le mane a selefera, ya bo e le eng fela mo gare ga me le wena? Fitlha moswi wa gago.'' 16Aberahame a reetsa Eferone mme a balela Eferone selekanyo sa selefera se a se buileng mo kutlong ya bomorwaa Hethe, makgolo a le mane a selefera, go ya ka seelo se tlwaelesegileng sa bagwebi.17Jalo tshimo ya ga Eferone, e e neng e le mo Makapela, e e neng e le gaufi le Mamore, ke gore, tshimo, legaga le le neng le le mo go yone, le ditlhare tsotlhe tse di leng mo tshimong le mo tikologong yotlhe ya molelwane ya yone, tsa fetela 18kwa go Aberahame ka theko mo bolengteng jwa bomorwaa Hethe, le fa pele ga botlhe ba ba neng ba tlile kwa kgorong ya motse.19Morago ga moo, Aberahame a fitlha Sara mosadi wa gagwe mo legageng la tshimo ya Makapela, gaufi le Mamore, ke gore, Heberone, mo lefatsheng la Kanana. 20Ka jalo tshimo le legaga le le leng mo go yone tsa fetela kwa go Aberahame e le lefelo la phithelo go tswa mo go barwawe Hethe.
241Jaanong Aberahame o ne a tsofetse mme Jehofa a bo a mo segofaditse mo dilong tsotlhe. 2Aberahame a raya motlhanka wa gagwe a re, ene yo o neng a le motona mo go botlhe mme gape a tlhokometse tsotlhe tse a nang natso, ''Tsenya seatla sa gago ka fa tlase ga serope sa me 3mme ke tla dira go re o ikane ka Jehofa, Modimo wa legodimo le lefatshe, go re ga o kake wa batlela morwaake mosadi mo go barwadia Bakanana, ba ke agile mo go gare ga bone. 4Mme o tla ya kwa lefatsheng la gaetsho, kwa losikeng lwa me, mme o batlele morwaake Isake mosadi teng.''5Motlhanka a mo ra ya are, "Go tla nna jang fa mosadi a sa batle go tla le nna mo lefatsheng le? Aa ke tsamaye le morwao kwa lefatshe le o duleng kwa go lone?'' 6Aberahame a mo raya a re, ''Tlhomamisa go re ga o ise morwaake koo! 7Jehofa, Modimo wa legodimo, ene yo o nkitshitseng mo go ba ntlo ya ga rre le mo lefatsheng la ba losika la me, ene yo o ntsholofeditseng ka fa tlase ga maikano a re, 'Ke tla naya lotsalo lwa gago lefatshe le,' mme o tla romela moengele wa gagwe ga pele ga gago, mme o tla batlela morwaake mosadi gone koo.89Mme fa mosadi a sa batle go go sala morago, o tla bo o gololesegile mo maikanong a me. Fela o seka wa ya le morwaake koo.'' Jalo motlhanka a tsenya seatla ka fa tlase ga serope sa ga Aberahame mong wa gwe, mme a ikanela kgang e.10Motlhanka a tsaya dikamela tsa ga mong wa gagwe di le lesome mme a bolola. A tsaya dimpho di le mmalwanyana mo go mmong wa gagwe. A bolola mme a leba kwa kgaolong ya Aram Naharaime, kwa motseng wa Nahore. 11A khubamisa dikamela ka mangole ka fa ntle ga motse ga pele ga sediba sa metsi. Go ne go le maitseboa, nako ya fa basadi ba yang go ga metsi.12Mme a re, ''Jehofa, Modimo wa mong wa me, mphe bokgone tsatsing jeno mme o supe boikanyego mo kgolaganong ya gago le mong wa me Aberahame. 13Bona fano, ke eme ga pele ga motswedi wa metsi, mme barwadia batho ba motse o ba tlile go ga metsi. 14A go dirafale jaana. Fa e kare ke raya morweetsana ke re, 'Ke a kopa, digela nkgwana ya gago o nkgele ke nwe,' mme a bo a re, 'Nwaa, gape ke tla siela le dikamela tsa gago go re le tsone di nwe,' e tla nna ene yo o mo tlhophetseng motlhanka wa gago Isake. Ka tsela eo ke tla itse fa o nnile boikanyego mo kgolaganong ya gago le mong wa me''15Go ne ga diragala go re pele fa a fetsa go bua fela, bona, Rebeka a tla ka kgamelo ya gagwe e le mo mahetleng a gagwe. Rebeka e ne e le morwadia Bethuele morwa Milika, mosadi wa ga Nahore, morwaaragwe Aberahame. 16Morweetsana a bo a le montle fela thata e le lekgela. O ne a ise a kopane le monna. A tsamaela kwa motsweding, a tlatsa nkgwana mme a tswa.17Mme motlhanka a sianela kwa go ene a mo kopantsha mme a re, ''Ke kopa go re o ntshiele metsinyana mo kgamelong ya gago ke tle ke nwe.'' 18A bo a re, ''Nwaa, morena wa me,'' mme ka bonako a digela kgamelo ya gagwe, a mo siela metsi go nwa.19Ya re a sena go mo siela metsi go nwa, a re, "'Ke tla siela le dikamela tsa gago go re le tsone di nwe, go fitlhelela di felela tsotlhe.'' 20Jalo a akofa a kgaritlhelela metsi a nkgwana mo mokorong, mme a sianela gape kwa sedibeng go ga metsi, a ga metsi go fitlhelela dikamela di felela go nwa fela tsotlhe.21Monna a mo lebelela ka tidimalo go bona fa Jehofa a tlhogonolafaditse leoto la gagwe kgotsa nyaa. 22Fa dikamela tsa gagwe di fetsa go nwa, monna a ntsha mhitshana wa nko wa gauta wa bokete jwa dishekele tse some, le maseka a gauta a matsogo a gagwe, 23mme a botsa, ''O morwadia mang? Mpolelele tlhe, a gona le bonno kwa ntlong ya ga rraago mo re ka bonang boroko mo bosigong jono?''24A mo raya a re, ''Ke morwadia Betheule morwa Milika, yo a mo tsholetseng Nahore.'' 25A mo raya gape a re, ''Re na le letlhaka le dijo tse dintse, le bonno fa le ka bonang boroko jwa bosego jono."26Jalo monna a inama a obamela Jehofa. 27A re, ''A go bakwe Jehofa, Modimo wa mong wame Aberahame, yo o sa fetogelang boikanyego jwa kgolagano ya gagwe le boitshephegi mo go mong wa me. Fa e le nna, Jehofa o nkgogetse fela kwa go ba losika la mong wa me.''28Morweetsana a sianela go bolelela ba ntlo ya ga mmaagwe dilo tse tsotlhe. 29Mme Rebeka a bo a na le kgaitsadie, mme leina la gagwe ya bo e le Labane. Labane a sianela monna yo o neng a le mo tseleng go bapa le motswedi. 30Ya re a sena go bona mhitshana wa nko le maseka mo matsogong a ga kgaitsadie, gape a sena go utlwa mafoko a ga Rebeka kgaitsadie, ''Se ke sone se monna a se mpoleletseng,'' a ya kwa monneng, mme, bonang, a bo a eme fa motsweding.31Jalo Labane a re, ''Tlaa, motshepiwa wa ga Jehofa. Ke ka go reng fa o eme kwa ntle? Ke baakantse boroko, le lefelo la dikamela.'' 32Jalo monna a ya kwa ntlong mme a belesolola dikamela. Dikamela tsa neelwa letlhaka le dijo, le metsi go mo tlhapisa dinao le dinao tsa ba a neng a na le bone.33Ba mo tsholela dijo, mme a re, ''Ga kena go ja go fitlhelela ke bua ke bua se ke tshwanetseng go se bua. Jalo Labane a re, ''Bua.'' 34A bo a re, ''Ke motlhanka wa ga Aberahame. 35Jehofa o segofaditse mong wa me fela thata mme ebile o tumile. O mo file dinku le dikgomo, selefera le gauta, batlhanka ba banna le ba basadi, le dikamela le ditonki.36Sara, mosadi wa ga mong wame, o tsholetse mong wa me ngwana wa mosimane, mme o mo neetse sengwe le sengwese se eleng sa gagwe. 37Mong wa me o ntirile go re ke ikane, a re, 'O seka wa batlela morwaake mosadi mo go barwaadia Bakanana, ba mo lefatsheng le a agileng mo go lone. 38Se se leng teng ke gore, o ye kwa lelwapeng la ga rre, le kwa batsalwa le nna, mme o ye go mo matlela mosadi teng.'39Ka raya mong wa me ka re, 'Fa gongwe mosadi ga a na go ntshala morago.' 40Mme a bo a nthaya a re, 'Jehofa, yo ke mo salang morago, o tla romela moengele le wena mme o tla tlhogonolofatsa loeto la gago, go re o kgone go mmatlela mosadi mo go batsalwa le wena go tswa mo lelwapeng la ya ga rre. 41Mme o tla bo o gololegile mo maikanong a me fa o ka re o tlile kwa go batsalwa le nna mme ba seke ba go mo rebolele. Jalo o tla bo o golotswe mo maikanong a me.42Mme ke gorogile gompieno fa motsweding, mme ka re, ''Ao Jehofa, Modimo wa ga mong wa me Aberahame, a tlhe, fa tota o ka dira gore loeto la me le atlege - 43ke fano, ke eme fa motsweding wa metsi - a morweetsana yo tla tlang go ga metsi, mosadi yo e tla reng fa ke re, ''Ntshiele metsinyana mo nkgwaneng ya gago ke nwe,'' 44mosadi yo o tla reng, ''Nwaa, mme gape ke tla siela le dikamela tsa gago'' - a e nne ene mosadi yo wena, Jehofa, o mo tlhophetseng morwa wa mong wa me.'45Fela ke ise ke fetse go bua mo pelong ya me, bonang, Rebeka a tswa ka nkgwana ya gagwe a e sikere mo mahetleng mme a fologela mo motsweding a ga metsi. Mme ka mo raya ka re, 'Ke a kopa, ntshiele ke nwe.' 46A folosa nkgwana ya gagwe mo lehetleng ka bofefo mme a re, 'Nwaa, mme ke tla siela le dikamela tsa gago.' Jalo ka nwa, mme a siela le dikamela.47Ka mmotsa ka re, ''O morwadia mang?' A bo a re, 'Ke morwadia Bethuele, Morwa Nahore, yo Milika a mo mo tsholetseng.' Ka jalo ka mo rwesa mhitshana wa nko le maseka mo matsogong. 48Ka jalo ka inama ka obamela Jehofa, ka baka Jehofa, Modimo wa mong wa me Aberahame, yo o nkgogetseng mo tseleng e e siameng go batlela morwawe morwadia motsalwa le ene.49Mme ka jalo, fa o ipaakanyeditse go supa lorato lwa gago le le tiileng le boikanyego mo go mong wa me, o mpolelele. Fa go sa nna jalo, o mpolelele, go re ke fapogele kwa mojeng kana kwa molemeng.50Mme Labane le Bethuele ba araba ba re, ''Selo se tswa mo go Jehofa; ga re na go bua sepe se bosula le e le se se molemo. 51Bona, Rebeka ke yoo fa pele ga gago. Mo tsee o tsamae, e nne mosadi wa morwaa mong wa gago, jaaka Jehofa a buile.''52Erile fa motlhanka wa ga Aberahame a utlwa mafoko a bone, a inamisa tlhogo fa pele ga ga Jehofa. 53Motlhanka a tlisa dikgapetlana tsa selefera le dipapetlana tsa gauta, le diaparo, mme a di neela Rebeka. A bo gape a neela kgaitsadie le mmagwe dimpho tse di tlhokegang.54Jalo ene le banna ba a neng a na le bone ba ja ba nwa. Ba lala bosijo joo, mme ya re ba tsoga le le latelang, a bo a re, "Nkgololeng ke ye kwa go mong wa me.'' 55Kgaitsadie le mmaagwe ba bo ba re, ''A morweetsana a name a setse le rona malatsinyana, e ka nna a le lesome. Morago ga foo o tla tsamaya.''56A ba raya a re, ''Se nkgoreletseng, ka gonne Jehofa o butse tsela ya me. Nkgololeng ke tsamae ke ye kwa go mong wa me.'' 57Ba mo raya ba re, ''Re tla bitsa morweetsana go tla go mmotsa.'' 58Ka jalo ba bitsa Rebeka ba mmotsa ba re, ''A o tla tsamaya le monna yo?'' A fetola a re, "Ke tla tsamaya.''59Jalo ba golola kgaitsadiabone Rebeka, ga mmogo le motlhanka wa mosadi, go tsaya loeto le motlhanka wa ga Aberahame le banna ba a neng a na le bone. 60Ba segofatsa Rebeka, mme ba mo raya ba re, "Kgaitsediarona, a tlhe o nne motsadi wa dikete le dikete tse lesome, mme gape a dikokomana tsa gago di rue dikgoro tsa ba ba ba ilang.''61Jalo Rebeka a emelela, ene le batlhanka ba basetsanyana mme ba palama dikamela, ba sala banna morago. Ka jalo motlhanka a tsaya Rebeka, a wela tsela. 62Jaanong Isake a bo a nna mo Negefi, a sa tswa go tswa kwa Bere Lahai Roi.63Isake a tsamaya a ya go tlhatlhanya kwa tshimong go le maitseboa. Ya re a tsholetsa matlho a leba, bonang, ga bo go le dikamela di goroga. 64Rebeka a gadima, mme ya re a bona Isake, a tlola a fologa kamela. 65A raya motlhanka a re, "Ke mang monna yole yo o tsama-tsamayang mo tshimong go re kopantsha?'' Motlhanka a mo raya a re, ''Ke mong wa me.'' A tsaya lesire, a ikhurumetsa sefatlhego.66Motlhanka a begela Isake sengwe le sengwe se a se dirileng. 67Jalo Isake a mo isa kwa mokhukhung wa ga Sara mmagwe mme a tsaya Rebeka, ya nna mosadi wa gagwe, a morata. Ka jalo Isake a gomotsega morago ga goswa ga ga mmagwe.
251Aberahame a tsaya mosadi yo mongwe; leina la gagwe e le Ketura. 2A mo tsholela Zimora, Jokosane, Metane, Mitiane, Ishebake, le Sua. 3Jokosane a nna rragwe Seba le Tetane. Dikokomane tsa ga Tetane e ne e le ba letso la Aseria, Balutu, le Balume. 4Bo morwa Nitiane e ne e le Efa, Efere. Hanoka, Abita, le Eletane. Botlhe ba e ne e le dikokomane tsa ga Ketura.5Aberahame a abela Isake tsotlhe tse e leng tsa gagwe. 6Le fa go ntse jalo, e rile a santse le mo botshelong, a abela bana ba bagadingwana ba gagwe dimpho gore ba ye ko bothaba, kgakala le Isake , morwawe.7A e ne e le malatsi a dingwaga tse Aberahame a di tshedileng, dingwaga tse 175. 8Aberahame a hema mowa wa bofelo a tlhokafala ka botsofe jo bo siameng, monnamogolo ka botshelo jo bo tletseng, a phutlhelwa ko bathong ba ga bone.9Isake le Ishemaele, bo morwae, ba mmoloka mo legageng la Makupela, mo tshimong ya ga Eferone morwa Sohare wa Mohite, gaufi le Mamere. 10Tshimo e Aberahame a nenf a e rekile mo go barwa Hethe. Aberahame a bolokelwa teng le mosadi wa gagwe e bong Serai. 11Morago ga leso la ga Aberahame, Modimo a segofatsa morwae Isake, Isake a aga gaufi le Beere Lahai Roi12Tse e ne e le tsone dikokomane tsa ga Ishemaele, morwa Aberahame, yo Hagare wa Moegepeto, lelata la ga Sarai, a mo tsholetseng Aberahame.13A ke one maina a barwa Ishemaele, go ya ka go latelana ga dingwaga tsa bone: Nebayothe–motsalwapele wa Ishemaele, Ketare, Adibeele, Mabisama, 14Mishama, Duma, Masa, 15Hatate, Tema, Jutare,Napishe le Ketema. 16Ba e ne e le barwa Ishemaele e ne e le maina a bone, go ya ka metse yabone, le ka mathibelelo a bone; dikgosana di le 12 go ya ka merafe ya bone.17Tse ke tsone dingwaga tsa botshelo jwa ga Ishemaele, dingwaga tse 137. A tlhokafala. A phutlhelwa kwa bathong ba gaabo. 18Ba aga go simolola kwa Hafila go ya kwa Asure, gaufi le Egepeto, fa go iwa Aseria. Ba aga ba lebaganye.19E ne e le ditiragalo ka ga Isake, morwa Aberahame. Aberahame ya nna rraagwe Isake. 20Isake o ne a le dingwaga di le 40 ha ne a tsaya mosadi wa gagwe Rebeka, morwadie wa Betuele wa Moaramea wa Pata Arama, kgaitsadie Labana wa Moaramea.21Isake a rapela Modimo ka ntlha ya mosadi wa gagwe yo neng a sena bana, mme Modimo a araba thapelo ya gagwe, mosadi wa gagwe ebong Rebeka a itsholofela. 22Bana ba tshwenyega mmogo mo ga ene, a bo a re, "Ke eng mo go ntiragalela?" A ya go botsa Modimo ka se.23Modimo a mo raya a re "Chaba tse pedi di mo sebopelong sa gago, ebile batho ba le babedi ba tla kgaogangwa mo go wena. Motho yo mongwe o tla nonofa go gaisa yo mongwe, mme yo motona o tla direla yo monye."24Ka nako ya pelegi, mme bona, ga bo go le mawelana mo sebopelong sa gagwe. 25Ngwana wa ntlha a tla a le mohibidu mmele otlhe jaaka seaparo se se bobowa. Ba mmitsa Esau. 26Morago ga mo, monnawe a tla letsogo la gagwe le tshwere serethe sa ga Esau. A tewa leina gotwe Jakobe. Isake a bo a le dingwaga di le 60 fa mosadi wa gagwe a belega.27Basimane ba gola, mme Esau a nna motsumi yo botlhale, monna wa tshimo; mme Jakobe a nna motho yo itidimaletseng, yo neng a tsaya nako e ntshi a le mo ntlong. 28Jaanong Isake o ne a rata Esau ka gore o ne a ja diphologolo tse a neng a di tsomile, mme Rebeka o ne a rata Jakobe.29Jakobe a apaya nama a gadikilweng. Esau a goroga a tswa tshimong, a le bokoa a tshwerwe ke tlala. 30Esau a raya Jakobe a re, "Mpha ke je dinawa. Tswe tswe ke lapile!" Ke sone se leina lame le bediwa Etome.31Jakobe a re, "Nthekisetse pele botsalwapele." 32Esau e bo a re, "Bona, tloga ke tlhokafala. ke eng se se molemo ka botsalwapele mo go nna?" 33Jakobe a bo a re, "Inkanele pele," Esau a ira maikano mme ka jalo a bo a rekiseditse Jakobe botsalwapele. 34Jakobe a neela Esau borotho le dinawa. A ja a nwa, a bo a emelela a tswa a tsamaya. Ka jalo Esau a nyatsa botsalwa pele jwa gagwe.
261Jaanong go nne ga nna leuba mo lefatsheng, kwa ntle ga leuba la pele ga malatsi a ga Aberahame. Isake a ya kwa go Abimeleke, kgosi ya Bafilistia kwa Gerare.2Jalo Jehofa a bonala kwago ene mme a re, ''O seka wa boela kwa Egepeto; nna mo lefatsheng le ke le go laetseng go nna mo go lone. 3Nna mo lefatsheng le, mme ke tla bo ke na le wena gape ke tla go segofatsa, wena le dikokomana tsa gago, ke tla le fa lefatshe le, mme ke tla diragatsa maikano a ke ikanetseng Aberahame rrago.4Ke tla ntsifatsa dikokomana tsa gago go nna jaaka dinaledi tsa legodimo, mme ke tla fa dikokomana tsa gago mafatshe a. Go tswa mo dikokomaneng tsa gago ditshaba tsotlhe tsa lefatshe di tla segofala. 5Ke tla dira se ka go bo Aberahame a ile a reetsa lentswe la me mme a boloka ditaelo tsa me, le ditaolo tsa me, le melawana ya me, le melao ya me.''6Jalo Isake a thibelela mo Gerare. 7E rile banna ba lefelo leo ba mmotsa ka mosadi wa gagwe, a re ''Ke kgaitsadiake.'' A tshaba go re, ''Ke mosadi wa me,'' ka gonne o ne a akanya go re, ''Banna ba lefelo le ba tla mpolaya go re ba tseye Rebeka, ka go bo a le montlenyane.'' 8Morago ga Isake a sena go nna koo lebaka le le leele, Abimelele kgosi ya Bafilistia a bo a okametse ka setlhabphefo. A bona, bonang, Isake a bo a sedila-sedila Rebeka, mosadi wa gagwe.9Abimeleke a biletsa Isake kwa go ene mme a re, ''Bona, ka nnete ke mosadi wa gago. Jaanong ke ka go reng fa o ne o re, ''Ke kgaitsediaka?'' Isake a mo araba a re, ''Ka gonne ke ne ke akantse go re mongwe o ka mpolaya go mo tsaya.'' 10Abimeleke a re, ''Ke eng selo seo se o se re diretseng? Mongwe wa banna o ka nne a ile a robala le mosadi wa gago, mme o ka bo o ile wa re bakela molato.'' 11Jalo Abimeleke a tlhagisa batho botlhe a re, ''Ope fela yo o ka tshwarang monna yo kana mosadi wa gagwe ruri o tla bolawa.''12Isake a lema mabele mo lefatsheng leo mme a roba go menagane ga lekgolo mo go one ngwaga oo, ka gonne Jehofa o ne a mo segofaditshe. 13Monna a huma, a atla go fitlhelela a nna mogolo fela thata. 14A nna le dinku tse dintse, le dikgomo, le lelwapa le letona. Bafilistia ba mo fufahalela.15Jannong didiba tsotlhe tse nne batlhanka ba ga raagwe ba di epile ka malatsi a ga rragwe Aberahame, Bafilistia ba di katela ka mmu. 16Abimeleke a raya Isaka a re, ''Tloga mo go rona, ka gonne o mogolo mo go rona.'' 17Mme Isake a fuduga mo lefatsheng leo a ya go thibelela mo Mokatsheng wa Gerare, mme a nna foo.18Gape gape Isake a epa didiba tsa metsi, tse di neng di epilwe ka dinako tsa ga Aberahame rragwe. Bafilistia ba ne ba di emisitse morago ga loso la ga Aberahame. Isake a bitsa didiba tseo ka maina a rragwe a neng a di biditse ka one.19Ya re fa batlhanka ba ga Isake ba epa mo mokgatsheng, ba fitlhela sediba sa metsi a nneng a elela. 20Badisa ba Gerare ba omana le badisa ba ga Isake, ba re, ''Metsi a ke a rona.'' Jalo Isaka a bitsa sediba seo a re ''Eseke,'' ka go nne ba ne ba omane le ene.21Ba epa sediba se sengwe, mme ba se omanela, gape, mme a se raya leina la ''Sitina.'' 22A tlogela foo a ya go epa se sengwe gape, mme seo ba se ka ba se omanela. Jalo a se bitsa Rehobothe, a re, ''Jaanong Jehofa o re file bonno, mme re tla tlhogonolofala mo lefatsheng le.23Mme Isake a emelela a ya Beresheba. 24Jehofa a bonagala ga pele ga gagwe mo bosigong joo a re ''Ke Modimo wa ga Aberahame rrago. Se boife, go nne ke na le wena mme ke tla go segofatsa ke oketsa dikokomana tsa gago, ka ntlha ya ga Aberahame motlhanka wa me.'' 25Isake a aga aletare foo mme a bitsa leina la ga Jehofa. Teng foo a bapola tante ya gagwe, mme batlhanka ba gagwe ba epa sediba.26Jalo Abimeleke a ya kwa go ene kwa Gerare, a na le Ahusathe, wa tsala ya gagwe, le Phikolo, moeteledipele wa batlhabani ba gagwe. 27Isake a ba raya a re, ''Le tletse eng kwa go nna ka go bo le nkila ebile le nkobile kwa go lona?''28Mme ba mo raya ba re, ''E le ruri re bonye go re Jehofa o ntse a na le wena. Ka jalo re bonye fa go tshwanetse ga nna le maikano mo go rona, ee, mo gare le wena. Jalo a re dire kgolagano le wena, 29go re o seka wa re utlwisa botlhoko, le rona re seka ra go utlwisa botlhoko, jaaka re ne re go diretse bontle mme re tsamaisitse ka kagiso.30Mme Isake a ba direla moletlo wa dijo, mme ba ja ba nwa. 31Ba tsoga mo mosong ba direlana maikano. Jalo Isake a ba tsamaisa ka kagiso32Ka lone letsatsi leo batlhanka ba ga Isake ba tla ba mmolelela ka sediba se ba se epileng. ba re, ''Re phuntse metsi.'' 33Ba bitsa sediba ba re Shibahe, mme leina la motse oo ke Beresheba le mo go lone letsatsi le.34Erile Esau a le dingwaga di le masome a le mane, a tsaya mosadi, Judithe morwadiaBeeri wa Mohite,le Basemathe morwadia Elone wa Mohite. 35Ba tlisa khutsafalo mo go Isake le Rebeka.
271Fa Isake a ne a le mo dingwageng tsa gagwe tsa botsofe matlho a gagwe a ne a hihala mme a seka a bona, a bitsa Esau, ngwana wa a gagwe wa mosimane wa ntlha a mo raya a re,''morwa wame.'' ke nna yo,'' 2mme Isake a re,''bona fa, nna ke tsofetse. Ga ke itse letsatsi la leso lame.3Mme ka jalo tsaya dibetsa tsa gago, bora le motswi, a bo o ya go ntsomela phologolo. 4O ntirele dijo tse di monate, tsa mefuta o ke o ratang, o bo o di tisa kwa go nna gore ke dije ke bo ke go segofatsa pele le tlhokafala.''5Mme ka jalo Rabeka a utlwa Isake fa a bua le morwa wa gagwe Esau. Esau a tsamaya a ya go mo tsomela nama ya phologolo a bo a e tisa. 6Rabeka a bua le morwa wa gagwe Jakoba a re,'' bona fa, ke utlwile rre rrago a bua le Esau morwa rrago. A re, 7Ntisetsa nama ya phologolo o bo o ntirela dijo tse di monate, gore ke je ke be ke go segofatsa mo boleng teng jwa morena pele ke tlhokafala.''8Mme le fa go ntse jalo, ngwanaka, obamela taelo yame. 9Tsamaya kwa letsomaneng, o ntlele dipotsane tse pedi tse di nonneng, mme go tsweng mo go tsone.ke tlaa direla rre rrago dijo tse di monate, fela jaaka a di rata. 10O tlaa di isa kwa go rrago, gore a je, gore a tle a go segofatsepele ga loso la gagwe.''11Jakobe a ra ya Rabeka e bong mme mmaagwe,'' Esau nkgonne ke motho yo o moriri mme nna ke borethe. 12Gongwe ntate o tlaa nkama, gape ke tlaa lebega mo go ene ke le motsietsi. Ke tla a itisetsa photso mo botshelong jwame eseng tshegofatso.13Mme mmaagwe a mo raya a re,''Morwa wame a phutso ngwe le ngwe e wele nna. Wena obamela lentswe lame, mme o tsamae , ba tise kwa go nna. 14Ka jalo Jakobe a tsamaya a ya go tsaya dipotsane a di tisa kwa go mme mmaagwe, mme a apaya dijo tse di monate, fela jaaka rraagwe a di rata.15Rabeka a tsaya diaparo tsa ga Esau tsa manobonobo, ebong morwa wa gagwe wa ntlha, tse a neng a na le tsone mo ntlong, a bo a di apesa Jakobe, morwa wa gagwe yo o mmotlana. 16A baya matlalo a dipotsane mo diatleng le mo letlhakoreng le le borethe la molala wa gagwe. 17A tsaya dijo tse di monate a di baya le borotho jo a neng a bo apeile mo diatleng tsa morwa wa gagwe Jakoba.18Jakoba a ya kwa go rraagwe a mo yara a re,''Ntate. ''Rraagwe a re, ''Ke nna yo ke hano, o mang, a a o morwa a ke?'' 19Jakoba a raya rraagwe a re , ''ke Esau morwa wa gago wa ntlha. Ke dirile jaaka o ne o ntaetse. Jaanong nna oje mo bontheng jwa nama yame, gore o tle o ntshegofatse.20Isake a raya morwa wa gagwe a re, Ga tla jang gore o bo o e bone ka bofefo jaana, ngwanaka? A fetola ka gore, ke ka gore Modimo wa gago o e tisitse kwa go nna.'' 21Isake a raya Jakoba,'' Nkatumela, gore ke go tshware, ngwanaka gore ke itse gore a naa o ene morwa wame Esau wa mma nnete kana nnyaa.''22Jakoba a atumela kwa go rre raagwe ebong Isake; Isake a mo kgoma a mo raya a re,'' Lentswe le ke la ga Jakoba,mme diatla ke tsa ga Esau. 23Isake o ne a sa mo lemoge, kagore a bo a tetse ka meriri, Jaaka diatla tsa ga Esau, Isake a mo segofatsa.24A mo raya a re, '' Aa mme tota o ene ngwanake Esau? A fetola ka gore ,'' ke nna.'' 25Isake are, Tisa dijo kwa go nna mme ke tlaa ja nama ya gago ke tle ke go segofatse.''Jakoba a tisa dijo kwa go ene. Isake a ja,mme Jakoba a tisa le mofine a nwa.26Go le foo rraagwe ebong Isake amo raya a re,''Tlaya gaufi jaanong o ntshune, morwaake. 27Jakoba a tla gaufi le ene a mo suna, mme a tsaya lenko la diaparo tsa gagwe a bo a mo segofatsa. A re,'' Bona, monko wa morwa wame o nkga jaaka tshimo e morena a e segofaditseng.28A modimo a go fe bontlha bongwe jwa mmu wame kwa legodimong, bontlha jo bo nonneng ja lefatshe, le go roba mo gontsi le mofine o mosha.29A batho ba go direle le dichaba di go obamele. o nne morena wa batsalwa le wena,mme le bo monnao ba go obamele. A mongwe le mongwe yo o tla a go hutsang a hutsege; le go ntse jalo a mongwe le mongwe yo o go segofatsang a segofale.30E rile fela fa Isake a fetsa go segofatsa Jakoba, mme Jakoba a ngwangwaela a tswa mo boleng teng jwa ga rraagwe Isake, Esau mogolowe a goroga go tswa letsomaneng. 31A dira le dijo tse di monate a di isa kwa go rraagwe. A ra ya rraaagwe a re,''Ntate, tsoga o je bontlha bongwe jwa nama ya morwa wa gago, gore o tle o ntshegofatse.32Isake a mo raya a re,'' O mang?'' A botsa, ''ke morwa wa gago, ngwana wa gago wa ntlha. Esau.'' 33Isake a tshoga thata a re, '' ke mang yo o tswang letsomong la seshabo se a bo a se tisa kwa go nna?Ke di jele tsotlhe pele ga o tla, ka bo ka mo segafatsa. Ruri o tla a segofala.34Fa Esau a utlwa mafoko a go tswa mo go rraagwe, A lela ka lentswe le le tetseng chakgalo, a bo a raya rraagwe a re,''Ntshegofatse, le nna,Ntate. 35Isake a re, monnao o tsile fa ka tsietso mme o tsere tshegofatso ya gago.''36Esau a re,'' Aa gaa bidiwa sentle leina Jakoba? Ka gore o ntsieditse go ka nna gabedi. O ntshitse seriti sa go tsalwa game, mme, bona, jaanong o tsere le tshegofatso ya me. ''A bo a re,'' A ga oa mpeela kwa tlhoko tshegofatso yame? 37Isake a araba a bo a raya Esau a re,'' Bona, ke mo dirile morena mo go wena, ka ba ka mo fa botlhale bo monnawe e le batlhanka ba gagwe, ka mo fa le thobo yotlhe le mofine o mosha. Ke eng gape se nka se go direlang gape,morwa wame?''38Esau a ra ya rraagwe a re,'' A ga o a mpeela lefa ele tshegofatso e le ngwe, Ntate?Ntshegofatsa, le nna, Ntate.'' Esau a lelela kwa godimo.39Isake ebong rraagwe a araba a mo raya a re, ''Bona, lefelo le o tla a nnang mo go lone le tla a nna kgakala le dikhumo tsa lefatshe, gotswa mo muwaneng wa loapi kwa godimo. 40Ka chaka ya gago o tla a tshela, gape o tla a direla morwa rrago. Mme fa o ingaola, o tla a tlosa joko mo molaleng wa gago.''41Esau a thoa Jakoba ka lebaka la tshegofatso e rraagwe a mo e fileng. Esau a bolela mo pelong ya gagwe,'' Malatsi a go lelela rre a gaufi; go tsweng foo ke tla a bolaya nnake ebong Jakoba''. 42Mafoko a ga Esau yo mogolwane o ne a a bolelela Rabeka. Ka jalo a roma le go mmiletsa Jakoba wa mmotlana a mo ra ya a re,'' Bona,Esau o a ikgomotsa ka go loga segwene gwene sa go go bolaya.43Jaana ka jalo, morwaake, Nkobamela mme o siele kwa go Labane, nkgonne, kwa Harane. 44Nna le ene ka nakwana,Go fitlhela meriri ya ga mogoloo e thothorega, 45go fitlhela chakgalo ya ga mogoloo e fokotsega kgathanong le wena, a bo a lebala se o se mo dirileng. Ka moo ke tla a go busetsa gae gore o boe kwa. Ke eng le tshwanetse go ntathegela bobeding jwa lona mo letsatsing le le lengwe?46Rabeka a ra ya Isake, ''ke lapile ke botshelo ke barwadia Hete. Fa Jakoba a ka tsaya mongwe wa barwadia Hete go nna mosadi, wa gagwe, jaaka bo mme ba, bangwe ba basetsana ba mo motseng, botshelo jwame bo tla a ntswela mosola jang?''
281Isake a bitsa Jakobe, a mo segofatsa, mme a mo laela a re, "O seka wa tsaya mosadi gotswa mo basading ba Bakanana. 2Emelela, ya kwa Padane Arame, kwa ntlong ya ga Bethuele mmagwe rrago, mme o batle mosadi gone koo, mongwe wa bomorwadie Labane, kgaitsadie mmago.3A Modimo Mothatayotlhe o go segofatshe, o go ungwise, o go oketse, go re o nne boidiidi jwa batho. 4A o go fe ditshegofatso tsa ga Aberahame, mo go wena, le mo dikokomaneng tse di tla tlang kwa morago ga gago, go re o tle o rue lefatshe le o neng o agile mo go lone, le Modimo o le fileng Aberahame.''5Jalo Isake a tsamaisa Jakobe. Jakobe a ya kwa Padame Arame, kwa go Labane morwa Bethuele wa Arameana, kgaitsadia Rabeka, mmaagwe Jakoba le Esau.67Jaanong Esau a bona fa Isake a segofaditse Jakobe mme a mo rometse kwa Padame Arame, go ya go batla mosadi gone koo. Abona gape fa Isake a mo segofaditse a mo laetse a re, "O seka wa tsaya mosadi mo basading ba Bakanana. Esau a lemoga gape fa Jakobe le ene a nnile le kutlo mo go rragwe le mmagwe, mme a ile Padame Arame.8Esau a bona fa basadi ba Bakanana ba ne ba sa kgatlha Isake rraagwe. 9Mme a ya kwa go Ishimaele, mo godimo ga basadi ba a neng a na le bone, a tsaya Mahalathe morwadie Ishmaele, morwa Aberahame, kgaitsadie Nebaiothe, go nna mosadi wa gagwe.10Jakoba a tswa mo Beresheba mme a leba kwa Harane. 11A tla mo lefelong lengwe mme a lala foo bosigo jotlhe, ka go bo a ne a phirimetswe. A tsaya lengwe la majwe mo lefelong leo, a le sama, a rapama mo lefelong leo mme robala.12A lora mme a bona mapalamelo a a tlhomilweng fa fatshe. Mafelelo a one a bo a goroga kwa legodimong mme baengele ba Modimo ba bo ba palamelela ba fologelela mo go one. 13Bona, Jehofa a bo a eme mo godimo ga one mme a bo a re, ''Ke nna Jehofa, Modimo wa ga Aberahame, Modimo wa ga Isake. Lefelo le o robetseng mo go lone, ke tla le go le go naya le dikokomana tsa gago.14Dikokomana tsa gago di tla tshwana le lerole la lefatshe, mme gape a tla atlologa o yakwa botlhabatsatsi, le kwa bokone, le kwa borwa, Ka wena le ka dikokomana tsa gago malwapa otlhe a lefatshe a segofetse. 15Bona, ke na nao, ke tla go tshegetsa gongwe le gongwe kwa o go yang. Ke tla go busetsa mo lefelong le gape; mme ga ke kilta ke go tlogela. Ke tla dira tsotlhe tse ke di go solofeditseng.''16Jakobe a tsoga mo borokong jwa gagwe,mme a re, E le ruri Jehofa o mo lefelong le, mme ke ntse ke sa itse."' 17A boifa mme a bo a re, "'Lefolo le le boifisa jang! Mo ga se sepe fela fa ise ntlo ya Modimo. E ke kgoro ya legodimo.''18Jakobe a tsogo go le mo mosong mme a tsaya lone lejwe leo le a neng a le samile. A le tlhoma ale dira pilara mme a le tshela leokwane mo godimo. 19A bitsa lefelo leo a re Bethele, mme leina la lefelo leo le tlholegile e le Luse.20Jakoba a dira maikano, a re, ''Fa ruri Modimo o tla nna o na le nna mme a ntshireleditse mo tseleng e ke e tsamayang e, mme a ntlamela ka dijo go ja, a mpha le diaparo go apara, 21go re ke boele kwa ntlong ya ga ntate ka pabalesego, jalo Jehofa e tla nna Modimo wa me. 22Jaanong lejwe le le ke le tlhomileng e le pilara e nna lejwe le le boitshepo. Go tswa mo go sengwe le sengwe se o tla se mphang, e le ruri sa bosome se tla boela gape kwa go wena.''
291Foo Jakoba a tswelela le leeto la gagwe mme a fitlha kwa lefatsheng la batho ba botlhabatsatsi. 2E rile a leba, a bona sediba mo nageng, mme, bonang, matsomane a 3 a dinku a ne a robetse fa thoko ga sone. Gonne ba ne ba nosa matsomane go tswa mo sedibeng, mme letlapa le le mo molomong wa sediba le ne le le legolo. 3E ne e re fa matsomane otlhe a phuthegetse fa go sone, badisa ba pitikolole letlapa go tswa mo molomong wa sediba ba bo ba nosa dinku, go tloga foo ba beye letlapa gape mo molomong wa sediba, mo mannong a lone.4Jakoba a ba raya a re, ''Barwarre, le tswa kae?'' Mme ba re, ''Re tswa Harane.'' 5A ba raya a re, ''A le itse Labane morwa Nahore?'' Ba re, ''Re a mo itse.'' 6A ba raya a re, ''A o tsogile sentle?'' Ba re, ''O tsogile sentle, gape, bona kwa, Ragele morwadie o etla ka dinku.''7Jakoba a re, ''Bonang, go setse go le motshegare. Ga se nako ya phuthiwa ga matsomane. Le tshwanetse go nosa dinku go tloga foo le bo le ye go di hudisa.'' 8Ba re, ''Ga re ka ke ra di nosa go fitlhelela matsomane otlhe a phuthega. Foo banna ba tla bo ba pitikolola letlapa go tswa mo molomong wa sediba, re bo re nosa dinku.''9Ya re Jakoba a ntse a bua le bone, Ragele a tla ka dinku tsa ga rraagwe, gonne o ne a di disa. 10Fa Jakoba a bona Ragele, morwadia Labane, kgaitsadie mmaagwe, le dinku tsa ga Labane, kgaitsadie mmaagwe, Jakoba a atamela, a pitikolola letlapa go tswa mo molomong wa sediba, mme a nosa letsomane la ga Labane, kgaitsadie mmaagwe.11Jakoba a atla Ragele mme a lelela kwa godimo. 12Jakoba a bolelela Ragele gore o lesika le rraagwe le gore ke morwa Rebeka. Foo a taboga a bolelela rraagwe.13Fa Labane a utlwa dikgang ka ga Jakoba morwa kgaitsadie, a taboga a ya go mo kopantsha, a mo atla, a bo a mo tsisa kwa ntlong ya gagwe. Jakoba a bolelela Labane dilo tsotlhe tse. 14Labane a mo raya a re, ''E le ruri o lerapo la me le nama ya me.'' Foo Jakoba a nna le ene lebaka le le ka nnang kgwedi e le 1.15Foo Labane a raya Jakoba a re, ''A o ka nperekela fela go sena tuelo ka gore o lesika la me? Mpolelele, dituelo tsa gago e tla nna eng?'' 16Jaanong Labane o ne a na le bana ba basetsana ba babedi. Leina la yo motona e ne e le Lea, mme la yo monnye e le Ragele. 17Matlho a ga Lea e ne a le bokoa, mme Ragele o ne a le montle mo popegong le mo tebegong. 18Jakoba o ne a rata Ragele, jalo a re, ''Ke tla go berekela Ragele morwadio yo monnye dingwaga tse 7.''19Labane a re, ''Go botoka ke mo neela wena, go na le go mo neela monna yo mongwe. Nna le nna.'' 20Jalo Jakoba a berekela Ragele dingwaga tse 7; mme mo go ene tsa nna jaaka matsatsi a se mantsi, ka lebaka la lerato le a mo ratang ka lone.21Foo Jakoba a raya Labane a re, ''Nneele mosadi wa me, gonne matsatsi a me a wetse - gore ke tle ke mo nyale!'' 22Jalo Labane a phutha banna botlhe ba motse mme a dira modiro.23Mo maitseboeng, Labane a tsaya Lea morwadie a mo tsisa kwa go Jakoba, yo o neng a robala le ene. 24Labane a neela Lea motlhanka wa gagwe wa mosadi yo gotweng Silipha, gonna motlhanka wa gagwe. 25Mo mosong, bonang, e ne e le Lea! Jakoba a raya Labane a re, ''Ke eng se o se ntirileng se? A ke ne ke sa go berekele gore ke duelwe ka Ragele? Jaanong ke eng o ntsieditse?''26Labane a re, ''Ga se setso sa rona go nyadisa morwadi yo monnye pele ga wa motsalwapele. 27Feleletsa beke ya monyadi ya morwadi yo, mme re tla go neela yo mongwe fa o mperekela dingwaga tse 7 gape.''28Jakoba a dira jalo, a feleletsa beke ya ga Lea. Foo Labane a mo neela Ragele morwadie gape go nna mosadi wa gagwe. 29Labane a neela Ragele morwadie Biliha, go nna motlhanka wa gagwe. 30Jalo Jakoba a robala le Ragele, mme o ne a rata Ragele go feta Lea. Jalo Jakoba a direla Labane dingwaga tse 7 gape.31Modimo a bona gore Lea o ne a sa ratiwe, jalo a bula popelo ya gagwe, mme Ragele o ne a sena ngwana. 32Lea a ima mme a tshola morwa, mme a mmitsa a re Rubene. Gonne o ne a re, ''Gonne Modimo o lebile tlhokofatso ya me; ammaaruri jaanong monna wa me o tla nthata.''33Foo a ima gape a tshola morwa. A re, ''Gonne Modimo o utlwile gore ga ke ratiwe, jalo he o nneetse morwa yo gape,'' mme a mmitsa Simeone. 34Foo a ima gape mme a tshola morwa. A re, ''Jaanong mo nakong e monna wa me o tla lomagana le nna, ka gore ke mo tsholetse barwa ba bararo.'' Jalo he leina la gagwe ya nna Lefi.35A ima gape mme a tshola morwa. A re, ''Mo nakong e ke tla galaletsa Modimo.'' Jalo a mo neela leina Juta; foo a emisa go nna le bana.
301Fa Ragele a bona gore ga a kgona go tsholela Jakoba bana, Ragele a fufegela mogolowe. A raya Jakoba a re,'' ntshodise bana, e seng jalo ke tla a swa.'' 2Jakoba a galefela Ragele.A re,'' A ke Modimo nna, yo o go dirileng gore o seka wa nna le bana?''3A re,'' Beliha motlhanka wame ke yo, tsena ko go ene gore a tle a ntsholele bana, mme e tla a nna bongwanake.'' 4Jalo a mo neela motlhanka wa gagwe Beliha jaaka mosadi, Jakoba a robala le ene.5Beliha a ima a tsholela Jakoba ngwana wa mosimane. 6Jalo Ragele a re,'' Modimo o mpueleletse o utlwile lentswe lame, a nneela ngwana wa mosimane.'' Ka lebaka leo a bitsa ngwana leina a re Tane.7Beliha, motlhanka wa ga Ragele, a ima gape, a tsholela Jakoba ngwana wa mosimane wa bobedi. 8Ragele a re,'' ke lole thata le mogolole mme ka fenya.'' A raya ngwana leina a re Nafetale.9Fa Lea a lemoga fa a setse a feditse tsholo, a tsaya 10Selipa, motlhanka wa gagwe a mo neela Jakoba jaaka mosadi. Selipa, motlhanka wa ga Lea, a tsholela Jakoba morwa. 11Lea a re ,'' se ke lesego!'' mme a bitsa ngwana Gate.12Selipa motlhanka wa ga Lea, a tsholela 13Jakoba ngwana wa bobedi. Lea a re,'' ke itumetse! ka gore bomorwadiake ba tla mpitsa boitumelo. Jalo a mmitsa a re,'' Ashere.''14E rile ka nako ya thobo ya mabele Rubene a fitlhela maungo a moratiso mo tshimong.A a tlisa kwa go Lea mmagwe. Ragele a raya Lea a re,'' mpha bontlha bongwe jwa maungo a moratiso a ngwana wa gago.'' 15Lea a mo raya a re,'' A ke selo se se nnye mo go wena, gore o tsere monna wame? a jaanong o batla go tsaya moratiso wa ngwanake gape?'' Ragele a re,''mpha bontlha bongwe jwa moratiso wa ngwana wa gago,nna ketla go letlelela go lala le ene bosigo jono''.16Mo maitseboeng fa Jakoba a tswa kwa tshimong, Lea a ya go kopana le ene a mo raya a re,'' o tshwanetse go tla go lala le nna, ka gore ke go thapile ka maungo a moratiso a ngwanake.'' Jakoba a robala le Lea bosigo joo. 17Modimo a utlwa Lea, mme a ima a tshola ngwana wa botlhano. 18Lea a re,'' Modimo o nneetse tuelo yame, ka gore ke neetse motlhanka wame wa mosadi monna wame. A mmitsa leina a re,'' Isaka''19Lea a ima gape ngwana wa mosimane wa borataro wa ga Jakoba. 20Lea a re,'' Modimo o nneetse mpho e e molemo. Jaanong monna wame o tla mpha tlotla, ka lebaka la gore ke mo tsholetse barwa ba le barataro.A mmitsa leina a re Selulane. 21Morago ga foo a tshola ngwana wa mosetsana a mmitsa leina a re Dina.22Modimo a gakologelwa Ragele, a mo utlwa. A dira gore a ime. 23A ima mme a tshola ngwana wa mosimane. A re,'' Modimo o tlositse matlhabisa ditlhong a me.'' 24A mmitsa leina a re Josefa, go raya gore, ''Modimo o nkokeleditse ka ngwana wa mosimane.''25Morago ga go tsholwa ga ga Josefa ke Ragele, Jakobe a kopa Labane a re, ''nkgolole gore ke tle ke kgone go ya kwa ntlong yame le kwa lefatsheng lame. 26Nneela basadi bame le bo ngwanake ba ka bone ke neng ke go direla, ntetlelela ke tsamaye gonne o itse ka fa ke go diretseng ka teng.''27Labane a mo raya a re, ''fa e le gore ke bone letlhogonolo mo go wena, ke dirisitse bola go bona gore letlhogonolo le o le boneng le ke ka ntlha yame.'' 28Mme a mo raya a re, ''o batla ke go duela bokae ke tla go duela.''29Jakoba a mo raya a re, ''o itse ka fa ke go diretseng ka teng, le ka fa letsomane la gago le ntsifetseng ka teng. 30O ne o na le go le gonnye pele ga ke tla, mme go oketsegile thata. Modimo o go segofaditse mo go sengwe le sengwe se ke se go diretseng. Jaanong nna ke tla direla ba ntlo yame leng?''31Labane a botsa a re, ''ke tla go duela ka eng?'' Jakoba a re, ''se ntuele ka sepe. Ka jaana fa o ntuela ke tla boa gape ke tswelela ka go jesa le go tlhokomela letsomane la gago. 32Mpha tetla ya go ralala letsomane la gago gompieko, mme ke tseye mo go lone dinku tse di dibatabata le tse dintsho le dipodi tse di dibatabata. Moo e tla nna yone tuelo yame.33Jalo seriti same se tla ntshupela mo lebakeng le le tlang, fa o tla go lekola dituelo tsame. Letsomane le le senang dibatabata le le senang mebalabala, le dinku tse di ntsho, fa o di fitlhela mo go nna go tla supafala fa ke di utswile. 34Labane a re, ''ke a dumela, a gonne fela jaaka o buile.''35Ka letsatsi leo Labane a ntsha dipodi tsa diphoko tse di ngolo le tse di kgweba, le tse di namagadi tse di ngolwana le tse di kgwebana le tsotlhe tse di nang le bosweu, dinku tse di ntsho, mme a di neela barwa wa gagwe. 36Labane a baya selekanyo sa loeto sa malatsi a le mararo fa gare ga gagwe le Jakobe. Jakobe a fudisa letsomane le le setseng la ga Labane.37 Jakoba a tsaya dikala tse di sa omelelang tsa mopopelara le tsa alemonte le tsa setlhare sa morolwana, a di betla gore di bonatse bosweu mo go tsone. 38A tlhoma dithupa tse a di betlileng fa pele ga letsomane, le fa pele ga mekoro ya metsi fa letsomane le nwang teng. Mme letsomane la dusa fa le tla go nwa metsi.39Letsomane la tsala fa pele ga dithupa tse, mme la tsala dipotsane le dikonyana tse di ntsho le tse di ngolwana. 40Jakoba a tlhaola dikonyana tse, mme a dira gore tse dingwe di lebe kwa letsomaneng le le ngolo mme tse di ntsho tsotlhe kwa go Labane. A tlhaola letsomane la gagwe a seka a le tlhakanya le la ga Labane41Ene e tle e re fa letsomane le dusa, tse di nonofileng go feta tse dingwe mo letsomaneng, Jakoba a baya dithupa tse di betlilweng fa pele ga matlho a tsone le fa mekorong ya metsi, gore ditle di dusetse mo dithupeng tse. 42Mme fa letsomane le le sa nonofang sentle le tla, a seke a beye dithupa. Jalo tse di sa nonofang sentle, e nne tsa ga Labane. Tse di nonofileng e nne tsa ga Jakoba.43Monna yo, a huma thata. A nna le letsomane le legolo thata, le malata a basadi le a banna, dikammela le ditonki.
311Jaanong Jakoba o ne a utlwa mafoko barwa Labane, ba re, ''Jakoba o tsere tsotlhe tse e neng e le tsa ga rraarona, ebile o nnile le khumo ka dithoto tsa ga rraarona.'' 2Jakoba a leba sefatlhego sa ga Labane. A bona gore maitsholo a gagwe mo go ene a fetogile. 3Foo Modimo a raya Jakoba a re, ''Boela kwa lefatsheng la borraago le kwa masikeng a gago, mme ke tla nna le wena.''4Jakoba a roma mongwe a biletsa Ragele le Lea kwa tshimong ya letsomane la gagwe 5mme a ba raya a re, ''Ke bona gore maitsholo a ga rraalona mo go nna a fetogile, mme Modimo wa ga rre o ntse a na le nna. 6Le a itse gore ke diretse rraalona ka thata ya me yotlhe.7Rraalona o ntsieditse mo a fetotseng dituelo tsa me ga lesome, mme Modimo ga a a ka a mo letlelela go nkutlwisa botlhoko. 8Fa a rile, 'Diphologolo tse dithamaga e tla nna dituelo tsa gago,' foo letsomane lotlhe la tsala tse dithamaga. Mme fa a re, 'Tse ditilodi di tla nna dituelo tsa gago,' letsomane la tsala tse ditilodi. 9Ka tsela eModimo o tsere diruiwa tsa ga rraalona a di nneela.10Nako nngwe ka paka e diphologolo di tsalang ka yone, ka bona mo torong diphoko tse di neng di gwela letsomane. Diphoko e ne e le tse ditilodi, tse dithamaga, le tse dikgweba. 11Moengele wa Modimo a nthaya mo torong a re, 'Jakoba.' Ka re, 'Ke fano.'12A re, 'Tsholetsa matlho a gago o bone diphoko tse di palamang letsomane. Di dithamaga, ditilodi le bokgweba, gonne ke bone sengwe le sengwe se Labane a se go dirang. 13Ke Modimo wa Bethele, kwa o tloditseng pilara teng, kwa o inkanetseng teng. Jaanong emelela o tswe mo lefatsheng le, o boele kwa lefatsheng le o tsaletsweng mo go lone.'''14Ragele le Lea ba araba ba mo raya ba re, ''A go na le kabelo epe kgotsa boswa jwa rona mo ntlong ya ga rraarona? 15A ga a re tseye jaaka batswakwa? Gonne o re rekisitse a bo a ja madi a rona gotlhegotlhe. 16Ka jalo dikhumo tsotlhe tse Modimo a di tsereng mo go rraarona jaanong ke tsa rona le bana ba rona. Jaanong , sepe se Modimo a se go boleleltseng, se dire.''17Foo Jakoba a emelela a pega barwae le basadi ba gagwe mo dikameleng. 18A gatelela leruo la gagwe go tsamaya kwa pele ga gagwe, mmogo le dithoto tsotlhe tsa gagwe, a akaretsa leruo le a le bapetseng mo Patane Aramo. Foo a bothologa go ya kwa go Isaka rraagwe kwa lefatsheng la Kanana.19Fa Labane a santse a ile go beola dinku, Ragele a utswa medimo ya gae ya ga rraagwe. 20Jakoba le ene o ne a tsietsa Labane wa Moaramo, ka go sa mmoleleleng gore o a tsamaya. 21Jalo a tshaba ka tsotlhe tse a nang le tsone mme ka bofefo a kgabaganya noka, mme a tsamaela ntlheng ya lefatshe la dithaba la Gileate.22Ka letsatsi la boraro Labane a bolelelwa gore Jakoba o tshabile. 23Jalo a tsaya ba lesika la gagwe a mo latela mo moepeleng wa matsatsi a supa. A mo tshwara mo lefatsheng la dithaba la Gileate.24Jaanong Modimo a tla kwa go Labane wa Moaramena mo torong bosigo a mo raya a re, ''Ela tlhoko gore o bua le Jakoba molemo kgotsa bosula.'' 25Labane a tshwara Jakoba. Jaanong Jakoba o ne a tlhomile tente mo lefatsheng la dithaba. Labane le ene a kampa le ba lesika la gagwe mo lefatsheng la dithaba la Gileate.26Labane a raya Jakoba a re, ''O dirileng, mo o ntsieditseng wa bo wa tsaya barwadiake jaaka magolegwa a ntwa? 27Ke eng o tshabile mo sephiring mme wa se ka wa mpolelela? Ke ka bo ke go laetse ka boipelo le dipina, ka meropana le diharepa. 28Ga o a ntetlelela go atla bana banake le barwadiake ke ba laela. Jaanong o dirile boeleele.29Go mo thateng ya me gore ke go utlwise botlhoko, mme Modimo wa ga rraago o buile le nna bosigo jo bo fetileng a re, 'Ela tlhoko gore o bua le Jakoba molemo kgotsa bosula.' 30Jaanong o tsamaile ka gore o tlhoafaletse ntlo ya ga rraago mo go golo. Mme ke eng o utswitse medimo ya me?''31Jakoba a araba a raya Labane a re, ''Ka gore ke ne ke boifa ke ne ka akanya gore o tla tsaya barwadio mo go nna ka dikgoka ke ne ka tsamaya mo sephiring. 32Ope yo o utswitseng medimo ya gago ga a na go tswelela a tshela. Mo bolengteng jwa ba masika a rona, kaya sepe se se mo go nna se e leng sa gago mme o se tsee.'' Gonne Jakoba o ne a sa itse gore Ragele o e utswitse.33Labane a tsena mo tenteng ya ga Jakoba, mo tenteng ya ga Lea, le mo tenteng ya batlhanka ba basadi, mme a se ka a e bona. A tswa mo tenteng ya ga Lea mme a tsena mo tenteng ya ga Ragele.34Jaanong Ragele o ne a tsere medimo ya gae, a e tsenya mo saleng ya kamela, mme a nna mo godimo ga yone. Labane a batla mo tenteng yotlhe, mme a se ka a e bona. 35A raya rraagwe a re, ''O se ka wa tenega, mong wa me, fa ke sa kgone go ema ka dinao fa pele ga gago, gonne ke mo setswalong.'' Jalo o ne a batla mme a se ka a bona medimo ya gae ya gagwe.36Jakoba o ne a tenega a bo a nganga le Labane. A mo raya a re, ''Molato wa me ke eng? Boleo jwa me ke eng, mo o ntshetseng morago go le kana? 37Gonne o batlile mo dithotong tsotlhe tsa me. O bone eng se e leng sa dithoto tsa ntlo ya gago? Se beye fa pele ga ba lesika la rona, gore ba tle ba atlhole fa gare ga bobedi jwa rona.38Ke nnile le wena dingwaga tse 20. Dinku tse di namagadi tsa gago le dipodi tsa gago ga di a folotsa, ga ke a ja dikonyana dipe mo matsomaneng. 39Se se neng se gagotswe ke dibatana ga ke a se tsisa kwa go wena. Boemong jwa moo, ke dirile tatlhegelo ya me. O ne o tlhola o ntlama go duelela seruiwa sengwe le sengwe se timelang, a se utswitswego le bosigo kgotsa se utswitswe motshegare. 40Ke ne ke le foo; mo letsatsing mogote o nja, le serame bosigo; ke tlhoka boroko.41Dingwaga tse 20 tse ke ne ke le mo ntlong ya gago. Ke go bereketse dingwaga tse 14 ke berekela barwadio, le dingwaga tse 6 ke berekela letsomane. O fetotse dituelo tsa me ga lesome. 42Fa e ne e se gore Modimo wa ga rre, Modimo wa ga Aborahama, ene yo Isaka a mmoifang, o ne a na le nna, e le ruri jaanong o ka bo o nthometse gae ke sa tshola sepe. Modimo o bone kgatelelo ya me le ka fa ke berekileng ka thata ka teng, mme a go kgalema bosigo jo bo fetileng.''43Labane a araba a raya Jakoba a re, ''Brwadi ba ke barwadiake, bana ba bana ke bana ba bongwanake, mme matsomane ke matsomane a me. Tsotlhe tse o di bonang ke tsa me. Mme letsatsi leno ke ka direla barwadiake ba eng, kgotsa bana ba ba bone ba ba ba tshotseng? 44Jalo, a re dire kgolagano, wena le nna, mme a e nne bosupi fa gare ga gago le nna.''45Jalo Jakoba a tsaya letlapa a le tlhoma go nna pilara. 46Jakoba a raya ba lesika la gagwe a re, ''Kgobokanyang matlapa.'' Jalo ba tsaya matlapa ba dira mokoa. 47Labane a o bitsa Jegara Saha Dutha, mme Jakoba a o bitsa Galeete.48Labane a re, ''Mokoa o ke mosupi fa gare ga me le wena letsatsi leno.'' Jalo he leina la one ya nna Galeete. 49Gape o bidiwa Misepha, ka gore Labane o ne a re, ''A Modimo a ntebe a bo a go lebe, fa re sa bonane ka matlho. 50Fa o sotla barwadiake, kgotsa o fa o tsaya basadi bape ntleng le barwadiake, ntswa go sena ope yo o nang le rona, bona, Modimo ke mosupi fa gare ga me le wena.''51Labane a raya Jakoba a re, ''Leba mokoa o, gape leba pilara, e ke e tlhomileng fa gare ga gago le nna. 52Mokoa o ke mosupi, le pilara ke mosupi, wa gore ga ke na go tlolela mokoa o kwa go wena, le gore ga o na gotlolela mokoa o le pilara e kwa go nna, go nkutlwisa botlhoko. 53A Modimo wa ga Aborahamo, le modimo wa ga Nahore, medimo ya ga rraabone, e atlhole fa gare ga rona.'' Jakoba a ikana ka Poifo ya ga Isaka rraagwe.54Jakoba a ntsha setlhabelo mo godimo ga thaba mme a bitsa ba lesika la gagwe go ja dijo. Ba ja ba bo ba nna bosigo jotlhe kwa godimo ga thaba. 55Makuku mo mosong Labane a tsoga, a atla bana ba bana ba gagwe le barwadie a bo a ba segofatsa. Foo Labane tsamaya a boela gae.
321Jakobe a itsamaela, mme baengele ba Modimo ba bo ba na le ene. 2Erile fa Jacoba a ba bona, a re, ''Jo ke bothibelelo jwa Modimo,'' jalo a raya lefelo leo leina a re Mahanaime.3Jakobe a romela barongwa go tsamaela kwa pele ga gagwe go ya kwa go morwaaragwe Esau mo lefatsheng la Seira, mo kgaolong ya Edome. 4A ba laela, a re, ''Le tla raya mong wa me Esau le re: ''Motlhanka wa gago Jakobe a re, ''Ke ntse ke nna le Labane, mme ke diegile go boa go fitlhelelo gompieno. 5Ke na le dikgomo le ditonki, le matsomane, malata a banna, le malata a basadi. Ke rometse molaetsa o kwa go mong wa me, go re ke bone tumelesego mo matlhong a ga mong wa me.''6Barongwa ba boela kwa go Jakobe mme ba mo raya ba re, ''Re ne re ile kwa go morwaarrago Esau. O etla go go kopantsha, mme o na le banna ba le makgolo a mane.'' 7Jalo Jakoba a boifa thata mme a kgopisega. Jalo a kgaoganya batho ba a neng a na le bone mephato e mabedi, jalo le letsomane, le dikgomo, le dikamela. 8A re, ''Fa Esau a ka tla kwa mongwe wa mephato mme a o tlhasela, jalo mophato o mongwe o o setseng o tla falola.''9Jakoba a re, ''Modimo wa ga rre Aberahame, Modimo wa ga rre Isake, Jehofa, yo o ntheileng a re, 'Boela kwa lefatsheng la ga eno le kwa ditshikeng tsa ga eno, mme ke tla go tlhogonolofatsa.' 10Ga ke a lekanela ditiro tsa gago tsa go dirafatsa kgolagano le botshephegi jo o bo diretseng motlhanka wa gago. Gonne ke tlodile Jorotane yo ka thobane fela, mme jaanong ke nnile mephato e le mebedi.11A tlhe o nkgolole mo seatleng sa ga morrwaarre, mo seatleng sa ga Esau, go nne ke a mo tshaba, go bo a ka tla go ntlhasela le bomma le bana. 12Mme o ne wa re, 'Ka mmaaruri ke tla go tlhogonolofatsa. Ke tla dira ditshika tsa gago go nna jaaka motlhaba wa lewatle, o o ka se kakeng wa balwa.' "13Jakobe a lala foo bosigong joo. A tsaya bontlhabongwe jwa se a neng a na le sone go nna mpho ya ga Esau, morwaarragwe: 14dipudi tse dinamagadi di le makgolo a le mabedi le tse ditonanyana di le masome a le mabedi, dinku tse di namagadi di le makgolo a le mabedi le diphefu di le masome a le mabedi, 15dikamela tse di amusang di le masome a le mararo le bana ba tsone, dikgomo tse dinamagadi di le masome a le mararo le dipoo di le lesome, ditonki tse di namagadi di le masome a le mabedi le tse ditonanyana di le lesome. 16Tseo a di naya mo diatleng tsa batlhanka ba gagwe, go ya ka fa di rulagantsweng ka teng. A raya batlhanka ba gagwe a re, ''Tsamaelang kwa pele ga me mme farologanye sekgele fa gare ga diruiwa.''17A laela motlhanka wa ntlha, a re, ''Fa Esau morwaarre a kopana le wena mme a go botsa, a re, ''O wa ga mang? O ya kae? Diphologolo tse di fa pele ga gago tse ke tsa ga mang?' 18Jalo o tla mo raya o re, ''Ke tsa motlhanka wa gago Jakoba. Ke dimpho tse di iswang kwa go mong wa gagwe Esau. Bona, le ene o etla o re setse morago.''19Jakoba a fa mophato wa bobedi ditaelo, wa boraro, le banna botlhe fela ba ba gateletseng dikgomo. A ba raya a re, ''Le tla bua fela jalo lotlhe jaaka le tla bo le kopana le Esau. 20Le lona lo re, ''Motlhanka wa gago Jakoba o etla o re setse morago.''' Gonne o ne a akantse go re, ''Ke tla mo itumedisa ka dimpho tse ke di rometseng ga pele ga me. Mme morago, fa ke tla go mmona, gongwe o tla nkamogela.'' 21Jalo dimpho tsa tsamaela kwa pele. Ene a lala bosijo jone joo mo bothibelelong.22Jakoba a tsoga go le bosigo, mme a tsaya basadi ba gagwe ba ba babedi, batlhanka ba gagwe ba ba basadi ba ba babedi, le barwaawe ba ba lesome le motso. A ba tlodisa molatswana wa Jaboko. 23Ka tsela yone eo a ba tsamaisa go kgabaganya molapo ka tsotlhe tse a nang natso.24Jakobe a sala a le nosi, mme monna a tla go sokasokana le ene go fitlhelela masa aa sa. 25Erile fa monna a bona a paletswe ke go fenya, a mo soka noka. Noka ya ga Jakoba ya losologa jaaka a ne a sokasokana le ene. 26Monna a re, ''Ntlogele ke tsamae, go nne bosa bo sele.'' Jakoba a re, ''Ga ke na go go tlogela o tsamaya fa e se fela o ka ntshegofatsa.''27Monna a mo raya a re, ''Ke wena mang?'' Jakoba a mo raya are, ''Jakoba.'' 28Monna a re, ''Leina la gago ga lena go tlhola e nna Jakoba, mme e tla nna Iseraele. Gonne o gogagogane le Modimo le batho mme o fentse.''29Jakoba a mo kopa a re, ''Mpolelele leina la gago.'' A mo raya a re, ''Ke ka go reng fa o mpotsa leina la me?'' 30Jakoba a raya lefelo leo leina a re Peniele go nne o ne a re, ''Ke bonye Modimo ka sebele, mme botshelo jwa me bo gololesegile.''31Letsatsi la tlhabela Jakobe fa a feta fa Peniele. A bo a tlhotsa ka ntlha ya noka ya gagwe. 32Ke sone se batho ba Iseraele ba sa je mesifa ya noka e e fa bokopanong jwa noka, ka go nne monna o ne a golafatsa mesifa eo e e neng ya losolosa noka ya ga Jakoba.
331Yare Jakobe a tsholetsa matlho, mme bonang Esau one a tla ka banna bale 400. Jakobe a kgaoganya bana ba gagwe ka Lea, Ragele le batlhanka ba babedi ba basadi. 2Mme a baya batlhanka ba basadi le bana ba bone kwa pele, ba salwa morago ke Lea le bana ba gagwe, Ragele le Josefa ba le ko morago ga bone. 3Ene ka nosi a tsamaya ko pele ga bone botlhe. A obama ga supa fa fatshe, go fitlhela a le gaufi le morwa rraagwe.4Esau a mo tabogela go mo kopantsha, a mo tlamparela, a atla thamo ya gagwe mme ba lela. 5Fa Esau a tsholetsa matlho a bona basadi le bana. A re,''batho ba ke bomang ba o nang le bone? Jakobe a re,'' ke bana ba Modimo a segofaditseng motlhanka wa gago ka bone''.6Jaanong batlhanka ba basadi le bana ba bone, ba atamela ba obama. 7Ga latela Lea le bana ba gagwe ba atamela ba obama. Labofelo Ragele le Josefa ba atamela ba obama. 8Esau a botsa a re,''o raa eng ka mephato e ke kopaneng le yone? Jakobe a re,''gore ke bone botsalano fa pele ga mong me.''9Esau a re,''morwarre, ke na le mo go lekanyeng, a se onang naso e nne sa gago''. 10Jakobe a re,''nnyaa fa ke bone botsalano mo matlhong a gago, amogela mpho e e tswang mo lebogong lame, ka gore ke bone sefatlhego sa gago jaaka ekare ke bone sefatlhego sa Modimo, mme gape o nkamogetse. 11Tswee tswee amogela mpho e kego e tsiseditseng, ka gore Modimo o ntshegofaditse, ke na le mo go lekaneng.'' Jakobe a mo kopa, mme Esau a amogela mpho.12Mme Esau a re,''a re tsamaeng, ketla le etelela pele''. 13Jakobe a mo raa a re,''mong wame o a itse fa bana ba santse ba le bannye, le dinku le dikgomo di santse di amusa bana ba tsone. Fa di ka gatelelwa thata letsatsi le le lengwe fela, tsotlhe diruiwa di ka swa. 14Tswee tswee a mong wame a tsamaele ko pele ga montlhanka wa gagwe. Nna ke tla a tla ke iketlile, ka fa diruiwa di tsamayang ka teng, le ka fa bana ba tsamayang ka teng go fitlhela ke goroga ko go mong wame ko Seire''.15Esau a re, ''mma ke tlogele bangwe banna ba kenang le bone''. Mme Jakobe a re, ''ke eng o dira se, ke setse ke bone tshegofatso fa pele ga mong wame''. 16Lone letsatsi leo Esau a simolola mosepele wa go boela ko Siere. 17Jakobe a tsamaela ko Sukothe, a ikagela ntlo, a agela diruiwa tsa gagwe masaka. Ke sone se lefelo le bidiwang Sukothe.18Fa Jakobe a tswa ko Phathana Arame, a goroga ka tshireletsego mo toropong ya Sekeme, e e mo lefatsheng la Kanana. A thibelela gaufi le toropo. 19A reka lefatshe le a neng a tlhomile motlaagana mo go lone mo go bo morwa Hamore rraagwe Segema, ka dipapetlana tse di lekgolo tsa selefera. 20Ka jalo a aga sebeso a se bitsa El Elone Iseraele.
341Jaanong Daena, morwadie Leya yo a mo tsholetseng Jakoba, a ya go kopana le makgarejwana a motse. 2Shekeme morwaa Hamore wa Mohite, kgosana ya motse, a mmona. A mo tsaya mme a robala le ene, a mo itshekolola. 3O ne a kgatlhegetse Daena, morwadia Jakoba. A rata morweetsana mme bua le ene ka matsetseleko.4Shekeme a bua le rraagwe Hamore, a re, ''Mpatlele morweetsana yo go nna mosadi wa me.'' 5Jaanong Jakoba a utlwa fa a itshekolotse Daena yo e leng morwadie. Bomorwaawe ba bo ba disitse letsomane mo nageng, mme Jakoba a itshwara go fitlhelela ba goroga.6Hamore rraagwe Shekeme a ya kwa go Jakoba go bua le ene. 7Bomorwaa Jakoba ba goroga batswa kwa nageng mme ba utlwa ka kgang e. Banna ba kgopisega. Ba ne ba tenega fela thata ka go ba a tlhabisitse Iseraele ditlhong ka go robala le morwadie Jakoba, ka gonne selo sa go nna jalo se ne se sa tshwanela go ka diragala.8Hamore a bua le bone a re, ''Morwake Shekeme o rata morwadio. Ke a kopa, mo mo rebolele go nna mosadi wa gagwe. 9Nyalang le rona, lo re rebolele bomorwaloa, mme le lona lo tsee bomorwaarona. 10Le tla tshela le rona, le lefatshe le tla lo bulegela go go aga le go gweba mo go lone, le go rua dithoto.11Shekeme a raya rraagwe a re le bokgaitsedie a re, ''Ake bone thekegelo mo matlhong a lona, mme sengwe le sengwe se lo se ntopang ke tla se ntsha. 12Ntopeng bogadi jwa tlhwatlhwa kgolo le dimpho tse lo ka di batlang, mme ke tla lo neela sengwele sengwe se lo se batlang mogo nna, mme fela lo nthebolele morweetsana go nna mosadi wa me.'' 13Bomorwa Jakoba ba araba Shekeme le Hamore ke bofitlha, ka go nne Shekeme o ne a itshekolotse kgaitsadiabone.14Ba mo raya ba re, ''Ga re kake ra dira selo seo, go neela kgaitsadiarona ope fela yo o sa rupang go nne seo e ka nna matlhabisaditlong mo go rona. 15Re ka dumela fela fa go ka nna jaana: fa fela lo ka rupa jaaka rona, fa monna mongwe le mongwe mo go lona a ka rupa. 16Ke gone fela jalo re ka lo neelang kgaitsadiarona, mme gape ke gone re ka itseelang barwadialona, le go tshela le lona go nna batho ba le bangwefela. 17Mme fela fa lo sa re reetse lwa rupisiwa, re tla tsaya kgaitsadiarona re bo re tsamaya.''18Mafoko a bone a itumedisa Hamore le morwawe Shekeme. 19Lekolwane la seka la dia nako go dira se ba se le se lopilweng, ka gonne o ne a itumelela Morwadia Jakoba, le go bo e ne e le ene yo ratilweng thata mo lelwapeng la ga rraagwe.20Hamore le Shekeme morwawe ba ya kwa kgorong ya motse mme ba bua le banna ba motse wa bone, ba re, 21''Banna ba ba mo kagisong le rona, mme ba tlogeleng ba nne mo lefatsheng mme gape ba dire dikgwebo mo go lone, ka ruri, lefatshe le ba bulegeletse fela thata. A re nyaleng barwadiabone, mme le bone re ba rebolele go nyala barwadiarona.22Ke fela fa re ka diragatse se go re ba nne le rona mme ra nna batho ba le bangwe fela: fa monna mongwe le mongwe mo go rona a ka rupisiwa, ka le bone ba rupisitswe. 23A leruo la bone le dithoto - le diphologolo tsa bone tsotlhe le ka se nne la rona? Ka jalo a re dumalaneng le bone, mme ba tla nna mo gare ga rona.''24Banna botlhe ba motse ba reetsa Hamore le Shekeme, morwawe. Monna mongwe le mongwe a rupisiwa. 25Mo letsatsing la boraro, ba santseba le mo botlhokong, bomorwaaJakoba ba babedi (Simeyone le Lefi), mongwe le mongwe tsaya tshaka ya gagwe a tlhasela motse o neng o sena basireletse, mme ba bolaya banna botlhe fela. 26Ba bolaya Hamore le morwawe Shekeme ka tshaka. Ba ntsha Daena mo go ba ntlo ya ga Shekeme mme ba tsamaya.27Bomorwa Jakoba ba bangwe ba goroga kwa direpeng mme ba itseela sengwe le sengwe mo motseng, ka gonne batho ba ne ba itshekolotse kgaitsadiabone. 28Ba itseela letsomane, dikgomo, ditonki tsa bone, le sengwe le sengwe mo motseng le masimong a a mabape 29le dikhumo tsotlhe. Bana ba bone le basadi ba bone ba ba gapa. Ba gapa sengwe le sengwe se se mo mantlung.30Jakoba a raya Simeyone le Lefi a re, ''Le ntsiseditse mathata, le ntirile go re ke nkgele baagisanye, Bakanana le Baperise. Ke mmotlana ka palo. Fa ba ka ikopanya kgatlhanong le nna mme ba ntlhasela, ke tla nyelediwa, nna le ba ntlo ya me.'' 31Mme Simeyone le Lefi ba mo fetola ba re, ''A Shekeme o ne a tshwanetse go dira kgaitsadiarona go nna jaaka ekete ke seaka?''
351Modimo a raya Jakoba a re, ''Emelela, tsamaya o ye Bethele, mme o nne go ne koo. 2O agele Modimo aletara teng, yo o goiponagaditseng fa o ne o tshabile morwaarago Esau.'' Jalo Jakobe a bolelela ba ntlo ya gagwe botlhe ba ba neng ba na le ene, "Kgaogana le medimo ya seeng e e mo go lona, iphepafatse, mme o fetole le diaparo tsa gago. 3Jalo a re emeleleng re ye Bethele. Ke tla agela Modimo aletara teng koo, ene yo o nkarabileng mo letsatsing la khuduego, mme o sale a nna le nna gongwe le gongwe kwa ke teng.''4Mme ba neela Jakobe medimo ya seeng yotlhe e e neng e le mo diatleng tsa bone, le manyena e a neng a le mo ditsebeng tsa bone. Jakobe a a epela kafa tlase ga setlhare sa mooka se se gaufi le Shekeme. 5Ya re ba tsamaya, Modimo wa dira go re ketsaetsego e fologele mo ditoropong tse di mo tikologong ya bone, ka jalo batho bao ba seka ba latela barwa ba ga Jakobe.6Mme Jakobe a goroga kwa Lusa (ke go re, Bethele), yo o leng mo lefatsheng la Kanana, ene le batho botlhe ba a neng a na le bone. 7A aga aletare gone foo mme a e bitsa leina a re El Bethele, ka gonne Modimo o ne wa mo itshenolela teng foo fa a ne a tshabile morwarraagwe. 8Debora, mmelegi wa ga Rebeka a swa. O ne a fitlhwa ka fa tlase ga setlhare sa mooka kwa borwa ja Bethele, mme lefelo la bitswa Alone Bakuthe.9E rile fa Jakobe a goroga go tswa Patane Arame, Modimo wa iponagatsa kwa go ene gape mme a mo segofatsa. 10Modimo a mo raya a re, ''Leina la gago ke Jakobe, mme ga o na go tlhola o bidiwa Jakobe. Leina la gago e tla nna Iseraele.'' Jalo Modimo wa bitsa leina la gagwe Iseraele.11Modimo wa mo raya wa re, ''Ke Modimo Mothatayotlhe. Ungwa mme o oketsege. Tshaba le ditshaba di tla tswa mo go wena, mme bangwe ba ditshika tsa gago e tla nna dikgosi. 12Lefatshe le ke le fileng Aborahame le Isake, ke tla le go fa. Le ditshika tse di tla tlang morago ga gago le tsone ke tla di fa lefatshe." 13Modimo wa katoga mo go ene o sena go bua le ene.14Jakoba a tlhoma pilara mo lefelong le Modimo o neng o buile le ene teng, pilara ya letlapa. A tshela tshupelo ya seno mo go yone le leokwane mo godimo ga yone. 15Jakobe a bitsa lefelo le Modimo o buileng le ene teng, a re Bethele16Ba tsamaya ba tswa mo Bethele. Ya re ba santse ba le kgakajana le Ephirathe, Ragele a tsena mo ditlhabing. A nna le ditlhabi tse di tseneletseng. 17Ya re a le mo ditlhabing tse di tseneletseng, mmelegisi a mo raya a re, ''Se boife, ka jaanong o tla tshola ngwana o mongwe wa mosimane''. 18Ya re a le mo motsotsong wa bofelo wa loso a raya ngwana leina a re Bene-Oni, mme rraagwe a mmitsa Benjamine. 19Ragele a swa mme a fitlhwa mo tseleng e e yang Ephirathe (ke go re, Bethelehema). 20Jakobe a tlhoma sehikantswe mo phuphung ya gagwe. Ke yone e supang phuphu ya ga Ragele le jaanong.21Iseraele a tsamaela kwa pele mme a tlhoma tante ya gagwe kgakala le kago ya tebelo ya letsomane. 22Erile fa Iseraele a santse a agile mo lefatsheng leo, Rubene a robala le Beliha yo o iphatlhang le rragwe, mme Iseraele aultwa kgang eo. Jaanong Jakobe o ne a na le barwa ba le lesome le bobedi.23Bomorwawe ba a ba tshotseng le Leya e ne e le Rubene, morwa Jakoba wa ntlha, le Simeyone, Lefi, Juta, Isakare, le Sebulone. 24Bomorwawe ba a ba tshotseng le Ragele e ne e le Josefa le Benjamine. 25Ba a ba tshotseng le Bileha, motlhankagadi wa ga Ragele, ya bo e le Dan le Nafitale.26Bomorwawe Silepa, motlhankagadi wa ga Laya, e ne e le Gade le Ashere. Bao botlhe e ne e le bomorwawe Jakobe ba a ba tsholetseng kwa Padane Arame. 27Jakobe a tla kwa go Isake, rragwe, ba le kwa Mamere kwa Kiriathe Areba (ke gore Heberone), kwa Aberahame le Isake ba kileng ba bo agile teng.28Isake a tshela dingwaga tse di lekgolo le masome a ferang bobedi. 29Isake a neela mowa a swa, mme a robatswa le borraagwe, a le monnamogolo yo o tshidileng dingwaga tse di tletseng. Esau le Jakobe, bomorwaawe, ba mo fitlha.
361Ba e ne e le dikokomana tsa ga Esau (yo gape o bidiwang Etome). 2Esau a fudusa basadi ba gagwe mo Bakananeng. Basadi ba gagwe ke bone ba; Ata morwadia Elone wa Mohita; Oholepama morwadia Ana, ngwanaangwanaa Sibiyone le Hefite; 3le Basemathe, morwadia Ishemaele, kgaitsadie Nebaothe.4Ata o ne a tshola Esau Elifase, le Basemathe a tshola Reule. 5Obolepama a tshola Jeushe, Jalame, le Kora. Ba ya bo e le barwa Esau ba a neng a ba tsholetse mo lefatshengla Kanana.6Esau a tsaya basadi ba gagwe, bo morwaawe, bo morwadie, le botlhe ba lelwapa la gagwe, leruo la gagwe - le tsotlhe diphologolo tsa gagwe, le dithoto tsa gagwe tsotlhe, tse a neng a di kgobokantse mo lefatsheng la Kanana, mme a tsamaela kwa lefatsheng le le kgakala le le kwa go morwadiagwe Jakoba. 7O dirile jalo ka go bo dithoto tsa bone tsotlhe di ne di le dintsi mo ba neng ba ka se tlhole ba nna mmogo. Lefatshe le ba neng ba thibeletse mo go lone le ne le ka se tlhole le ka ba lekana ka lebaka la leruo la bone. 8Ka jalo Esau, yo gape a itsegeng ka Etome, a thibelela kwa lefatsheng la majwe la Seira.9Tse ke tsone ditshika tsa ga Esau, bagologolo ba Badomite mo lefatsheng la dithaba la Seira. 10A ke one maina a a barwa ba ga Esau: Elifase morwa Ada, mosadi wa ga Esau; Reule morwa Basemathe, mosadi wa ga Esau. 11Barwa ba ga Elifase ya bo e le Temane, Omare, Zephore, Gatame, le Kenaze. 12Timina, mogadikane wa ga Elifase, morwawe Esau, a tshola Amaleke. Bao e ne e le bana ba bana ba ga Esau.13Ba ya bo e le barwawe Reule: Nahathe, Zera, Shama, le Miza. Ba ya bo e le bana ba bana ba ga Basemathe, mosadi wa ga Esau. 14Ba ya bo e le barwawe Oholibamaha, mosadi wa ga Esau, yo o neng e le morwadie Ana yo e leng morwadie ngwana wa ga Zibeone. O ne a tsholela Esau Jeushe, Jalame, le Kora.15E e ne e le dikgotlana tse di mo ditshikeng tsa ga Esau: ditshika tsa ga Elifase, motsalwa pele wa ga Esau: Temane, Omare, 16Zepho, le Kenase, Kora, Gatame, le Amaleke. Tse e ne e le dikgotlana tsa ditshika tsa ga Elifase mo lefatsheng la Edome. E ne e le bana ba bana ba ga Ada.17Tse ya bo e le dikgotlana go tswa mo go Reule, morwawe Esau: Nahathe, Zerahe, Shama, Miza. Tse ke tsone dikgotlana tsa ga Reule mo lefatsheng la Edome. 18E ne e le bana ba bana ba ga Basemathe, mosadi wa ga Esau. Tse e ne e le dikgotlana tsa ga Oholibamaha, mosadi wa ga Esau: Jeushe, Jalame, Kora. 19Tse ke tsone dikgotlana tse di duleng mo go mosadi wa ga Esau Oholibamaha, morwadie Ana. Ba e ne e le barwa ba ga Esau (yo neng a itsege ka Edome), ba botlhe e le dikgosi.20Ba e ne e le barwa ba ga Seira, baagedi ba lefatshe: Lotane,Shobale, Zibeone, Ana, 21Dishon, Ezere, le Dishane. E e ne e le dikgotlana tsa Horite, baagedi ba Seira mo lefatsheng la Edome. 22Barwa ba ga Lotane e ne e le Hori le Hemane, mme Timena e ne e lekgaitsedie Lotane.23Ba e ne e le barwa ba ga Shobale: Alevane, Manahathe, Ebale, Shepho, le Oname. 24Ba e ne le barwa ba ga Zibeone: Aia le Ana. Yo ke ene Ana yo o neng bona metswedi ya metsi a a molelo mo nageng, fa a ne a disitse ditonki tsa ga Zibeone rragwe.25Ba e ne e le bana ba ga Ana: Dishone le Oholibamaha, morwadia Ana. 26Ba e ne e le barwa ba ga dishone: Hemedane, Eshbane, Itherane, le Kerane. 27Ba e ne e le barwa ba ga Ezere: Bilhane, Zaafane, le Akane. 28Ba e ne e le barwa ba ga Dishane: Use le Aran.29Ba e ne e le dikgotlana tsa Bahorithe: Lotane, Shobale, Zibeone, le Ana, 30Dishone, Ezere, Dishane: Ba e ne e le dikgotlana tsa Bahorite go ya ka thulaganyo ya dikgotlana tsa lefatshe la Seira.31Ba e ne e le dikgosi tse di busitseng mo lefatsheng la Edome pele ga kgosi epe e busa bana ba Iseraele: 32Bela morwa Beore, a busa mo Edome, mme leina la motse wa gagwe e ne e le Dinehabaha. 33E rile Bela a swa, Jobabe morwa Zerahe wa Bozara, a busa mo boemong jwa gagwe.34E rile Jobabe a swa, Hushame yo o neng e le wa lefatshe la Batemanite, a busa mo boemong jwa gagwe. 35E rile Husame a swa, Hadade morwa Bedade yo o neng a fenya Bamidianate mo lefatsheng la ga Moabe, a busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Afithe. 36E rile Hadade a swa, Hamelahe wa Masereka a busa mo boemong jwa gagwe.37E rile Samalahe a swa, jalo Shaule wa Rehobothe fa nokeng a busa mo boemong jwa gagwe. 38E rile Shaule a swa, jalo Baale-Hanane morwa Akebore a busa mo boemong jwa gagwe. 39E rile Baale-Hanane morwa Akebore, a swa, jalo Hadare a busa mo boemong jwa gagwe. Leina la motse wa gagwe e ne e le Pau. Leina la mosadi wa gagwe e ne ele Mehetabele, morwadie Materete, morwadie ngwana wa ga Me Sahabe.40A e ne e le maina a ditlhogo tsa dikgotlana tsa ditshika tsa ga Esau, go ya ka dikgotlana tsa bone le dikgaolo tsa bone, go ya ka maina a bone: Timina, Alefa, Jethethe, 41Oholibamaha, Elahe, Pinone, 42Kenase, Temane, Mibisare, 43Magadile, le Irame. Tse e ne e le ditlhogo tsa dikgotlana tsa Edome, go ya ka fa ba thibeletseng ka teng mo lefatsheng le ba le ruileng. Yo e ne e le ene Esau, rraabo Baadome.
371Jakobe o ne a agile mo lefatsheng le rraagwe a neng a nna mo go lone, lefatshe la Kanana. 2Tse ke ditirafalo tsa ga Jokoba. Josefa, yo o neng a le lekawana, yo o neng a le dingwaga tse di lesome le bosupa, o ne a disitse letsomane le barwaarragwe. O ne a na le barwa Bilihahe le barwa Zilipa, basadi ba ga rraagwe. Josefa a tlisa pego e e sa itumediseng kwa go rraagwe.3Jaanong Iseraele a bo a rata Josefa go gaisa barwa ba gagwe botlhe ka go bo a ne a tshotswe mo bogoding jwa gagwe. A mo direla seaparo se sentle thata. 4Barwarragwe ba lemoga fa rraabone o ne a mo rata go gaisa bone. Ka jalo ba mo ila mo ba neng ba sa kake ba bua sepe se sentle ka ene.5Josefa a lora toro, mme a bolelela barwarragwe ka yone. Ba mo ila fela thata. 6A ba raya a re, ''Ke a le kopa reetsang ka toro e ke e lorileng.7Bonang, re ne re bofa dingata tsa mabele mo tshimong mme bonang, ngata ya me e ne ya emelela mme bonang, dingata tsa lona tsa tla fa go yame mme tsa obela ya me ditlhogo.'' 8Barwarragwe ba mo raya ba re, ''A o raya gore ruri o tla re busa? A mme o tla re laola?'' Ba mo ila ila fela thata ka ntlha ya toro ya gagwe le mafoko a gagwe.9A lora toro e nngwe gape mme a bolelela barwarraagwe. A ba raya a re, ''Bonang, ke lorile toro e nngwe gape: Letsatsi le ngwedi le dinaledi di le lesome le bongwe di inkobela.'' 10A bolelela rragwe fela jaaka a boleltse barwarragwe, mme rragwe a mo omanya. A mo raya a re, ''Ke toro mang e o e lorileng? A o raya gore mmago le nna tota le barwarraago re tla go ikobela?'' 11Barwarraagwe ba ne ba mo fufegela, mme rraagwe a baya kgang e mo pelong.12Barwarragwe ba ya go disa letsomane la ga rraabone kwa Shekema. 13Iseraele a raya Josefa a re, ''A bomogoloo ga ba disa letsomane kwa Sekema? Tla jaana, ke go rome kwa go bone.'' Josefa mo raya a re, ''Ke ipaakantse.'' 14A mo raya a re, ''Tsamaya jaana, o ye go tlhola bomogoloo aa sengwe le sengwe se siame ka bonele ka letsomane, mme o boe ka karabo.'' Jalo Jakoba a mo roma kwa mokgatsheng wa Heberona, mme Josefa a ya kwa Shekhema.15Monna mongwe a kopana le Josefa. Bonang, Josefa a bo a tsamaya tsamaya mo nageng. Monna a mmotsa a re, ''O batlana le eng?'' 16Josefa a re, ''Ke batlana le bonkgonne. Mpolele tlhe, kwa ba diseditseng letsomane teng.'' 17Monna a mo raya a re, ''Ba sale ba dule mo lefelong le. Ke ba utlwile ba re, 'A re tsamaeleng kwa Dothane. Josefa a latela barwarraagwe mme a ba fitlhela kwa Dothane.18Ba mmona a sale kgakala, mme erile fela a goroga fa go bone, ba mo logela segwenegwene sa go mmolaya. 19Barwarragwe ba raana ba re, ''Bonamg, rraditoro yole o a a goroga. 20Tlang jaana, a ree mmolaeng re mo latlhele mo nngweng ya dipetse. Re tla tla re, 'O jelwe ke dibatana.' Re tla bona go re ditoro tsa gagwe di tla felela kae.''21Rubene a utlwa se, mme a mo falotsa diatla tsa bone. A re, ''A re se ka ra tsaya botshelo jwa gagwe.'' 22Rubene a ba raya a re, ''A re se tshololeng madi. A re mo latlheleng mo petseng e e mo nageng, mme a re se mmeeng seatla''- e le gore gongwe mongwe mongwe o ka mo golola mme a mmusetsa kwa go rraagwe.23Go ne ga dirafala go re fa Josefe a goroga kwa go bomogolowe, ba mo apola seaparo sa gagwe se sentle. 24Ba mo tsaya ba mo digela mo petseng Petse ya bo e sena metse mo teng ga yone.25Ba nna fa fatshe go ja dijo. Ya re ba tsholetsa matlho go leba, bonang, ba bona kara ya Baishemaele e tswa Gileate, dikamela tsa bone di sikere ditswaiso le baleme le dinkgisamonate.Ba ne ba tsamaela go di isa kwa Egepeto. 26Juta a raya barwarraagwe a re, ''Re ka boelwa ke eng fa re ka bolaya morwaraarona mme ra katela madi a gagwe?27A re direng jaana, a re mo rekisetseng Baishemaele mme re seka re baya diatla tsa mo go ene. Gonne ke morwaararona, nama ya rona. 28Bagwebi ba Bamidiate ba goroga. Bomorwaaragwe ba gogela Josefa kwa ntle ba mo ntsha mo petseng. Ba mo rekisetsa Baishemaele ka dipapetlana tse di masome mabedi tsa selefera. Baishemaela ba tseela Josefa kwa Egepeto29Rubene a boela kwa petseng, mme bonang, Josefa a bo a seo mo petseng. 30A kgagola diaparo tsa gagwe. A boela kwa go barwarragwe a ba raya a re, ''Mosimane a a yo mo petseng. Jaanong nna, nka ya kae?''31Ba bolaya pudi mme ba tsaya seaparo sa ga Josefa ba se ina mo mading. 32Mme ba se isa kwa go rraagwe ba mo raya ba re, ''Re fitlhetse seaparo se. Se lebelele o bone go re a ga seaparo sa ga morwao.'' 33Jakobe a se lemoga mme a re, ''Ke seaparo sa ga morwaake. Sebatana se mo jele. Josefa ruri o gagotswe go nna dirwe.''34Jakobe a kgagola diaparo tsa gagwe mme a ikapesa dikgetse mo dinokeng. A hutsafalela morwawe malatsi a le mantsi. 35Barwawe le barwadiagwe ba tla botle go leka go mo gomotsa, mme a gana go gomotsega. A re, ''Ruri ke tla tsena mo lebitleng ke ntse ke hutsafaletse morwaake.'' Rraagwe a mo lelela. 36Bamidiate ba mo rekisetsa Potifare mo Egepeto, yo o leng modiredi wa ga Faro, e le moeteledi pele ba badisa ba gagwe.
381Go ne ga dirafala go re Juta a tlogele bomorwarragwe a ya go nna le Moadulamite mongwe, yo leina la gagwe e neng e le Hirahe. 2A kopana le morwadie monna mongwe wa Mokanana wa leina la Shua. A mo tsaya mme a robala le ene.3A ima mme a tshola mosimane. A mo raya leina a re Ere. 4A ima gape mme a nna a tshola mosimane. A mmitsa leina a re Onane. 5A tshola mosimane yo mongwe gape mme a mmitsa Shela. E ne e le kwa Kezibe kwa a mo tsholetseng teng.6Juta a batlela motsalwapele wa gagwe Ere, mosadi. Leina la gagwe ya bo e le Tamare. 7Ere, motsalwapele wa gagwe, a bo a le bosula mo matlhong a ga Jehofa. Jehofa a mmolaya.8Juta a raya Onane a re, ''Tsaya mosadi wa ga mogoloo. O dire jaaka go tshwanetse, o tsholele mogoloo ngwana. 9Onane a lemoga fa ngwana e tla bo e se wa gagwe. E ne e re fela fa a kopana le mogatse mogolowe, a tshololele peo mo mmung go re a seka a tsholela mogolowe ngwana. 10Se a neng a se dira e ne e le se se bosula mo ponong ya ga Jehofa. Mme le ene Jehofa a mmolaya.11Jalo Juta a raya Tamare, ngwetsi ya gagwe, ''Tswelela o le moswagadi mo ntlong ya ga rrago, go fitlhelela Shela, morwaake, a gola.'' Mme a tshogela go re ''Gongwe le ene o ka swa, fela jaaka bomogolowe.'' Tamare a nna mo ntlong ya ga rraagwe.12Morago ga nako e telele, morwadie Shua, mosadi wa ga Juta, a swa. Juta a gomodiwa mme a ya kwa babeuding ba dinku kwa Timina, ene le tsala ya gagwe Hira wa Moadulamita. 13Tamare a bolelelwa go re, ''Bona, mogwagwadi wa gago o ya kwa Timina go beula dinku tsa gagwe.'' 14A apola diaparo tsa gagwe tsa boswagadi mme a ipipa sefatlhego ka sebipo a ikapesa. A nna fa kgorong ya Enaime, e e leng mo tseleng ya Timina. Go nne o ne a bona fa Shela a godile mme a seka a mo neelwa gore a nne mosadi wa gagwe.15E rile fa Juta a mmona a akanya fa e le seaka ka go bo a ne a ipipile sefatlhego. 16A ya kwa go ene fa thoko ga tsela mme a mo raya a re, ''Tla jaana, ke tle ke robale le wena'' - go nne o ne a sa itse fa e le ngwetsi ya gagwe - mme mo raya a re, ''O tla nnaya eng fa o ka robala le nna?''17A moraya a re, ''Ke tla go neela potsane go tswa mo letsomaneng.'' A mo raya a re, ''A o tla ntshwarise sengwe pele go fitlhelela fa o e romela?'' 18A mmotsa a re, ''O batla nka go tshwarisa eng?'' A mo raya a re, ''Ntshwarise leseka le le nang le leina la gago le sekano le thobane e o e tshotseng.'' A di mo neela mme a ya go robala le ene, mme a mo imisa.19A tsoga mme a tsamaya. A ntsha sebipo sa gagwe mme a apara diaparo tsa boswagadi. 20Juta a romela potsane ka tsala ya gagwe ya Moadulamite go re a tle a boe ka se a se tshwarisitseng mosadi, mme a seka a mo fitlhela.21Jalo Moadulamite a botsa banna ba lefelo leo, ''O kae mosadi wa seaka yo o neng a nna fa Enaime fa thoko ga tsela?'' Ba mo raya ba re, ''Ga go ise go nne le mosadi wa seaka gone fa.'' 22A boela kwa go Juta mme a mo raya a re, ''Ga ke a mo fitlhela. Mme le gone gape, banna ba lefelo leo ba supa fa go ise go nne le mosadi wa seaka gone foo.'' 23Juta mo raya a re, ''Mo tlogele a ipeele tse a di tsereng, go re re seka ra iphitlhela re aperwe ke ditlhong. E le ruri, ke ne ke rometse potsanyane, mme fela ga o a mo fitlhela.''24Go ne ga dirafala morago ga kgwedi tse tharo go re dikgang di goroge kwa go Juta go re, "'Tamare ngwetsi ya gago o dirile boaka, mme ebile, o imile ka lone lebaka leo.'' Juta a fetola ka go re, ''Mo tlisang kwano mme ebile a tle a tshubiwe.'' 25Erile fa a tlisiwa, a isa molaetsa kwa go mogwagadiagwe a re, ''Ke imisitswe ke monna yo e leng mong wa dilo tse.'' A ba raya a re, ''Tlhalosang go re ke tsa ga mang, tse e leng leseka le le nang le leina le sekano le thobane. 26Juta a di lemoga mme a bo a re, ''O boitshepo go mpheta, go bo ke ne ka seka ka mo neela Shela morwaake gore e nne mosadi wa gagwe.'' O ne a seka a tlhola a robala le ene gape.27Go ne ga dirafala ka nako ya go re a belege, bonang, mawelana a bo a lemo sebopelong sa gagwe. 28Ga dirafala jaaka a ne a belega yo mongwe a ntshetsa lebogo kwa ntle, mme mmelegisi a se bofa ka tlhale e khibibidu, mme a re, ''Yo ke ene a gorogileng pele.''29Mme jaanong a gogela seatla sa gagwe kwa morago, mme, bonang, morwarragwe a tswa pele. Mmelegisi a bo a re, ''Ke ka mo o ileng wa fetelela ka teng wa goroga pele!'' Ka jalo a tewa leina gatwe Peresi. 30Morago morwarragwe le ene a tswa, yo o neng a na le tlhale mo lebogong, mme a bidiwa Serahe.
391Josefa a isiwa Egepeto. Potifare, mogolwane wa ga Faro yo o neng e le moeteledipele wa badisa ba kgosi mme gape e le Moegepeto, a mo reka mo Baishemaeleng, ba ba neng ba tlile le ene. 2Jehofa a bo a na le Josefa mme a tlhogonolofala fela thata. A nna mo nltong ya ga mong wa gagwe.3Mong wa gagwe a lemoga fa Jehofa a ne a na le ene le go re gape Jehofa o ne a tlhogonolofaditse tsotlhe tse a neng a di dira. 4Josefa a bona thekegelo mo matlhong a gagwe. A direla Potifare. Potifare a dira Josefa motlhokomedi wa tsa ntlo ya gagwe, mme tsotlhe tse a neng a di ruile, a di baya mo tlhokomelong ya gagwe.5Go ne ga diragala ka nako e a dirilweng motlhokomedi wa tsa ntlo ya gagwe le tsotlhe tse a di ruileng, Jehofa a segofatsa ntlo ya Moegepeto yoo ka ntlha ya ga Josefa. Ditshegofatso tsa ga Jehofa tsa nna mo go tsotlhe tse Potifare a neng a na le tsone mo ntlong le mo tshimong. 6Potifare a baya sengwe le sengwe mo tlhokomelong ya ga Josefa. O ne a sena se a ka nnang a akanya thata ka tsone fa e se fela dijo tse a di jang. Mme Josefa a bo a le bontle jwa maratagolejwa a na le kgogedi.7Ga dirafala ka nako eo go re mohumahadi wa mong wa gagwe a tlhome Josefa matlho mme a mo raya a re, ''Robala le nna.'' 8Mme a gana a raya mohumagadi wa ga mong wa gagwe, ''Bona, mong wa me ga a tlhokomele tse ke di dirang mo ntlong e, mme o beile sengwe le sengwe se a se ruileng ka fa tlase ga tlhokomelo ya me. 9Ga gona ope mo ntlong e yo o mphetang ka maemo. O nkgololetse tsotlhe fela mo ntlong kwa ntle ga gago, ka go bo o le mohumagadi wa gagwe. Nka dira bosula jo bo kana kana jang tota ka leofela Modimo?''10A nna a bua jalo le Josefa malatsi otlhe, mme a nna a gana go robala le ene. 11Ga dirafala letsatsi lengwe a tsene mo ntlong go dira tiro ya gagwe jaaka gale. Ga bo go se ope wa banna ba babereki yo o neng a le teng mo ntlong. 12A mo phamola ka diaparo mme a re, ''Robala le nna.'' A itshwatola mo go ene a tlogela diaparo tsa gagwe mo diatleng tsa gagwe, a tshaba, mme a siela kwa ntle.13Ga dirafala, fa a bona a mo tlogeletse diaparo mo diatleng tsa gagwe mme a tshabetse kwa ntle, 14a bitsa banna ba babereki a ba raya a re, "Tlang le boneng, Potifare o tlisitse Mohebera go tla go sotla ka rona. O batlile a nthobelela go re ke robale le ene, mme ka goa mokgosi. 15Mme erile a utlwa ke goa mokgosi, a sia mme a tlogela diaparo mo diatleng tsa me.''16A baya diaparo tsa gagwe go bapa le ene go fitlhelela mong wa gagwe a goroga. 17A mo tlhalosetsa go ya ka ene, ''Motlhanka yo wa Mohebera yo o mo re tliseditseng, o fano go sotla ka nna. 18Go dirafetse fela go re e re fa ke goa mokgosi, a tlogela diaparo tsa gagwe mo diatleng tsa me.''19Go ne ga dirafala go re, fa mong wa gagwe a utlwa kgang e mohumagadi wa gagwe a e mmolelelang a re, ''Se ke sone se motlhanka wa gago a se ntirileng,'' a kgopisega fela thata. 20Mong wa ga Josefa a mo tsaya a mo tswalelela mo kgolegelong, lefelo le magolegwa a kgosi a tswaleletsweng teng. O ne a nna teng moo.21Mme Jehofa abo a na le Josefa mme a mo dirafaletsa kgolagano ya boikanyego. A mo rekegela mo ponong ya batlhokomedi ba kgolegelo. 22Motlhokomedi waa kgolegelo a mo dira moeteledipele wa magolegwa a mangwe. Sengwe le sengwe se ba neng ba se dira, Josefa o ne a ba laola. 23Motlhokomedi wa magolegwa o ne a sa tshwenyege ka sepe se se mo tlhokomelong ya ga Josefa, ka go nne Jehofa o ne a na le ene. Sengwe le sengwe se a neng a se dira, Jehofa o ne a se atlisa.
401Ga dirafala morago ga dilo tse, fa motsholaphafana wa kgosi ya Egepeto le moapei wa kgosi ba kgopisa mong wa bone, kgosi ya Egepeto. 2Faro a kgopisiwa ke badiredi ba babedi ba fela thata, e leng moeteledipele wa batsholaphafana le wa baapei. 3A ba baya mo tlhokomelong ya moeteledipele wa badisa magolegwa, mo kgolegelong e Josefa a neng a beilwe mo go yone.4Moeteledipele wa badisa magolelgwa a ba baya mo tlhokomelong ya ga Josefa. Ba nna moo ba tswaleletswa sebakanyana. 5Botlhe ba lora toro - motsholaphafana le moapei wa kgosi ya Egepeto ba ba neng ba tswaleletswe mo kgolegelong - botlhe ka bobedi ba lora toro bosigo, nngwe le ngwe ya tsone ya bo e na le thanolo ya yone.6Josefa a tla kwa go bone mo mosong go ba tlhola. Bonang, ba bo ba utlwile botlhoko. 7A botsa badiredi ba ga Faro ba a neng a na le bone mo ntlong ya kgolegelo ya ga Faro, a re ''Ke ka go reng fa le utlwile botlhoko jaana?'' 8Ba mo raya ba re, ''Re nnile le ditoro tse go seng ope yo o di ranolang.'' Josefa a ba raya a re, ''A mme dithanolo ga di tswe kwa Modimong? Mpoleleleng tlhe.''9Motsholaphafana yo mogolwane a bolelela Josefa toro ya gagwe a re, ''Mo torong ya me, bona, setlhare sa mofine se ne se le fa pele ga me. 10Mo setlhareng se ga bo go le dikala tse tharo. E rile fa se tswa matlhogela, matswela a sone a ntsha mafine a bo a bodule. 11Phafana ya ga Faro ya bo e le mo seatleng sa gagwe. Ka tsaya mafine mme ka a gamolela mo phafaneng ya ga Faro, mme ka busetsa phafana mo diatleng tsa ga Faro.''12Josefa a mo raya re, ''Thanolo ya toro ya gagoke e. Dikala tse tharo ke malatsi a mararo. 13Mo malatsing a mararo Faro o tla golola seatla sa gagwe mme o tla go busetsa mo tirong ya gago. O tla busetsa phafana mo seatleng sa ga Faro, fela jaaka o ne ontse o le motsholaphafana.14Mme o nkgopole fa go go tsamaetse sentle, mme o ntirele molemo. O bue bontle ka nna mo go Faro go re le nna ke kgone go tswa mo kgolegelong. 15Gonne ruri ke gapilwe kwa lefatsheng la Bahebera. Le gone kwano tota ga ke na molato ope o neng nka o tsenyetswa mo moleteng one o.''16E rile fa moeteledipele wa baapei a bona thanolo e itumedisa, le ene a raya Josefa a re, ''Le nna ke nnile le toro, mme bona, ditlatlana tsa borotho di ne di le mo godimo ga tlhogo ya me. 17Mo tlatlaneng e fa godimo ga bo go le dijo tsotlhe tse di apeetsweng Faro, mme dinonyane tsa tla go di jela mo tlatlaneng e fa godimo ga tlhogo ya me.''18Josefa a mo araba mme a mo raya a re, ''Thanolo ke e. Ditlatlana tse tharo ke malatsi a mararo. 19Mo malatsing a mararo Faro o tla lokolola tlhogo ya gago mo go wena mme o tla go kaletsa mo setlhareng. Dinonyane di tla ja dirwe tsa gago.''20Go ne ga dirafala mo letsatsing la boraro go re go be go le letsatsi la ga Faro la matsalo. A direla batlhanka ba gagwe moletlo. A tlhaola tlhogo ya moeteledipele wa batsholaphafana le wa baapei go re ba gololwe. 21A busetsa moeteledipele wa batsholaphafana mo tirong ya gagwe, mme a baya phafana mo diatleng tsa ga Faro. 22Mme a kaletsa moeteledipele wa baapei, fela jaaka Josefa a ne a ba ranoletse. 23Mme motsholaphafana a se ka a gakologelwa Josefa, a lebala ka ene.
411Ga diragala morago ga ngwaga tse pedi go re Faro a lore toro. Bonang, a bo a eme fa nokeng ya Nile. 2Bonang, dikgomo tse supa tsa tswa mo nokeng ya Nile, di nonne di kgatlhisa, mme di ja letlhaka. 3Bonang, tse di ngwe tse supa le tsone di ile tsa tswa kwa morago ga tsone, mme tsone di bopama di sa kgatlhise. Di ne tsa lebagana di le mo letshitshing la noka.4Jaanong, tse di bopamang di sa kgatlhise di ile tsa kometsa tse supa tse di nonneng. Faro a thanya mo borokong. 5A thulamela gape mme a lora toro ya bobedi. Bonang, diako tse supa di ile tsa tswa mo letlhakeng le le lengwe, di le dintle di nonofile. 6Bonang, diako tse dingwe, tsa mangapa tse di swabisitsweng ke phefo ya botlhabatsatsi, le tsone tsa tswa.7Diako tsa mangapa tsa kometsa tse di nonofileng. Faro a thanya gape, mme, bonang, ya bo e le toro fela. 8Ga diragala go le mo mosong mowa wa gagwe wabo o fuduegile. A lopa go re go bidiwe bomkadilatlha le batlhalfi botlhe ba Egepeto. Faro a ba lekodisa ka ditoro tsa gagwe, mme ga tlhoka ope yoo neng a kgona go di ranolela Faro.9Jaanong moeteledipele wa batsholaphafana a raya Faro a re, "Tsatsi jeno ke akantse ke fa melato ya me. 10Faro okile a kgopisiwa ke batlhanka ba gagwe, mme a ntswalelela mo ntlong ya kgolegelo ya moetelepele wa badisa ba kgosi, e le moapei mogolo le nna. 11Re ne ra lora toro bosigo bo le bongwe, ene le nna. Re ne ra lora mongwe le mongwe wa rona go ya ga fa toro ya gagwe ileng ya ranolwa ka teng.12Re ne re na le lekawana la Mohebera, motlhanka wa moeteledipele wa badisa. Re ne ra mmolela mme o ne a re ranolela ditoro tsa rona. O ne a ranola go ya ka fa re lorileng ka teng. 13Go ne ga dirafala go re go nne fela jaaka a ranotse, mme ga nna fela jalo. Faro o ne a mpusetsa mo tirong ya me, mme yo mongwe ene a kalediwa.''14Mme Faro a laela go re Josefa a bidiwe. Ba mo golola ka bonako mo moleteng. A ipeola, a fetola diaparo tsa gagwe, mme a tla kwa go Faro. 15Faro a raya Josefa a re, ''Ke lorile toro, mme ga gona ope yo kgonneng go e ranola. Mme ke utlwile go buiwa ka ga wena, go re fa o boleletswe ka toro o kgona go e ranola.'' 16Josefa a araba Faro, a re, ''Ga go tswe mo go nna. Modimo ke one o tla araba Faro ka go mo rekegela.''17Faro a bua le Josefa a re, ''Mo torong ya me, bona, ke ne ke eme fa thoko ga noka ya Nile. 18Bona, ga bo go le dikgomo di le supa di tswa mo nokeng ya Nile, di nnonne di kgatlhisa, mme tsa bo di hula di ja letlhaka.19Bona, ga nna tse dingwe gape tse le tsone di duleng morago ga tsone, mme tsone di bopama, di le bokowa, ebile di sa kgatlhise. Ga ke ise ke bo ke bone gope mo Egepeto tse di sa kgatlhiseng go tshwana le tsone tsele. 20Tse di bopamang di ile tsa kometsa tsele tsa ntlha tse supa tse di nonneng. 21Mme erile di sena go di kometsa, ga se ka ga bonala fa di di komeditse, go nne di ne di tshwana fela jaaka pele. Mme ke ne ka thanya.22Ka lora e nngwe gape, mme, bona, diako di ne tsa tswa mo letlhakeng, di nonofile di le dintle. 23Bona, tse dingwe gape diako - tse di swabileng, di le mangapa, di tshubilwe ke phefo ya botlhabatsatsi, le tsone di ile tsa tlhoga morago ga tsone. 24Diako tsa mangapa di ile tsa kometsa tse di nonofileng tse supa tsele tsa ntlha. Ke ne ka bolelela bonkadilatlha, mme ga gona ope yo o kgonneng go ntlhalosetsa ditoro tse.''25Josefa a raya Faro a re, ''Ditoro tse di a tsamaelana. Se Modimo o leng gaufi le go se dira, o se senoletse Faro. 26Dikgomo tse supa tse di kgatlhisang, le diako tse di nonofileng tse supa ke dingwaga tse supa. Ditoro tse di a tshwana.27Dikgomo tse supa tse di sa kgatlhiseng ke dingwaga tse supa, fela jaaka le diako tse supa tsa mangapa tse di tshubilweng ke phefo ya botlhabatsatsi e tla nna dingwaga tse supa tsa leuba. 28Ke sone se ke se boleletseng Faro.Se Modimo o leng gaufi le go se dira se setse se senoletswe Faro. 29Bona, dingwaga tse supa tsa letlotlo le legolo di tla anama le Iseraele otlhe fela.30Dingwaga tse supa tsa leuba di tla tla morago ga tsone, mme letlotlo le tla lebalesega mo lefatsheng la Egepeto, mme leuba le tla gaila lefatshe. 31Letlotlo ga le na go gakologelwa mo lefatsheng ka lebaka la leuba le le tla le salang morago, go nne le tla nna legolo fela thata. 32Go bo toro e ne e ipueletsa mo go Faro ke ka go bo kgang eo e tlhomamisitswe ke Modimo, mme ebile Modimo o le gaufi le go e dirafatsa.33Jaanong a Faro a batle monna yo kgonang go bona ebile a le botlhale, a mo dire motlhokomedi wa lefatshe la Egepeto. 34A Faro a tlhome badiredi mo lefatsheng lotlhe, mme ba tle ba tlhaole setlhano sa mabele a a tla robiwang mo dingwageng tse supa tse.35A ba phuthe dijo modingwageng tsa letlotlo tse di tlang tse mme ba di boloke ba le ka fa tlase ga taolo ya ga Faro, e nne dijo tse di tla dirisiwang mo metseng. Ba di tlhokomele. 36Dijo tse ke tsone tse di tla bolokang lefatshe mo dingwageng tse supa tsa leuba le le tla nnang mo lefatsheng la Egepeto. Ka tsela yone eo lefatshe ga le na go babalelwa ke leuba.37Kgakololo e e ne e siame mo matlhong a ga Faro le mo matlhong a batlhanka botlhe. 38Faro a raya batlhanka ba gagwe a re, ''A re ka bona monna yo o ntseng jalo, yo o tletseng mowa wa Modimo?39Jalo Faro a raya Josefa a re, ''Ka Modimo o bontshitse wena dilo tse tsotlhe, ga gona ope yo kgonang go bona ebile a le botlhale jaaka wena. 40Ke wena o tla nnang motlhokomedi wa tsa ntlo ya me, batho ba me ba tla busiwa go ya ka lefoko la gago. Ke tla nna mogolo mo setilong sa bogosi fela.'' 41Faro a raya Josefa a re, ''Bona, ke go beile molaodi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.''42Faro a ntsha palamonwana ya gagwe mo monwaneng wa gagwe mme a e rwesa monwana wa ga Josefa. A mo apesa diaparo tse di leloba le lentle, mme a mo apesa leseka la gauta mo molaleng wa gagwe. 43A mo pega mo kareng ya gagwe ya bobedi. Banna ba goeletsa ba raya batho ba re, ''Obang maoto.'' Faro a mmaya motlhokomedi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.44Faro a raya Josefa a re, ''Ke nna Faro, mme fa e se go laotse wena, ga gona ope yo tla tsholetsang seatla kana le fa e le lenao mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.'' 45Faro a mo fa leina le lesha a re ''Saphenathe-Paneya.'' A mo neela Asenathe, morwadia Potifera moperesita wa One, go nna mosadi wa gagwe. Josefa a simolola goitsege mo Egepeto ka bophara.46Josefa a bo a le dingwaga di le masome a le mararo fa a ema fa pele ga ga Faro, kgosi ya Egepeto. Josefa a tloga fa pele ga ga Faro, mme a tsamaya lefatshe lotlhe la Egepeto. 47Mo dingwageng tsa letlotlo tse supa lefatshe la ntsha thobo e e nametsang.48A phutha dijo mo dingwageng tse supa tse di mo lefatsheng la Egepeto mme a di boloka mo mabolokelong a metse. A boloka dijo mo motseng mongwe le mongwe go tswa mo tikologong ya one. 49Josefa a phutha mabele mo a ileng a nna jaaka motlhaba wa lewatle, ka ba ne ba sa kgone go a bala.50Josefa a nna le barwa ba le babedi pele ga ngwaga tsa leuba, ba Asenathe, morwadie Potifera moperesite wa One, a neng a ba mo tsholetse. 51Josefa a bitsa morwawe wa ntlha a re Manase, mme a raya go re , ''Modimo o ntirile go re ke lebale ka mathata a me otlhe le ka lelwapa la ga rre.'' 52A bitsa wa bobedi a re Efirame, go nne o ne a re, ''Modimo o dirile go re ke ungwe mo lefatsheng la pogisego ya me.''53Dingwaga tse supa tsa letlotlo tse di neng di le mo lefatsheng la Egepeto tsa tla kwa bokhutlong. 54Dingwaga tse supa tsa leuba tsa simolola, fela jaaka Josefa a ne a boletse. Ga nna leuba mo lefatsheng lotlhe ka bophara, mme mo lefatsheng la Egepeto ga bo go na le dijo.55E rile fa batho ba lefatshe la Egepeto ba feditse dijo, ba lelela kwa go Faro ba batla dijo. Faro a raya Baegepeto a re, ''Yang kwa go Josefa mme le dire sengwe le sengwe se a se le bolelelang.'' 56Leuba la bo le apere lefatshe lotlheka bophara. Josefa a bula mabolokelo otlhe mme a rekisetsa Baegepeto. Leuba la bo le gaketse fela thata mo lefatsheng la Egepeto. 57Lefatshe lotlhe ka bophara la tla kwa Egepeto go reka mabele mo go Josefa, ka go bo leuba le ne le apere lefatshe ka bophara.
421Jaanong Jakoba a lemoga fa go na le mabele kwa Egepeto. A raya barwae a re, ''Ke eng le lebana?'' 2A re, ''Bonang fa, ke utlwile gore go na le mebele kwa Egepeto. Tsamayang le ye go re rekela koo gore re tle re tshele, re se ka ra swa.'' 3Barwarraa Jakoba ba le lesome ba tsamaya go ya go reka mabele kwa Egepeto. 4Mme Benjamene, morwarraagwe Josefa, a se ka a rongwa le barwarraagwe, gonne Jakoba o ne a re, ''Ke boifa gore o tloga a diragalelwa ke sengwe se se bosula.''5Barwa Iseraele ba nna bangwe ba ba ba tsileng go reka, gonne leuba le ne le le mo lefatsheng la Kanana. 6Jaanong Josefa e ne e le mmusi wa lefatshe. E ne e le ene yo o rekisetsang batho botlhe ba lefatshe. Bomogolwe Josefa ba tla mme ba mo obela difatlhegotsa bone di lebile fa fatshe.7Josefa a bona a bo a lemoga bomogolowe, mme a ba iphitlhela tebego, a bua le bone ka bogale. A ba raya a re, ''Le tla le tswa kae?'' Ba re, ''Go tswa lefatsheng la Kanana, re tsile go reka dijo.'' 8Josefa o ne a lemoga bomogolowe, mme bone ba ne ba sa mo lemoge.9Jakoba a gakologelwa ditoro tse a di lorileng ka bone. A ba raya a re, ''Le ba tsaya ditlholwa. Le tsile go bona dikgaolo tsa lefatshe tse di sa sireletsegang.'' 10Ba mo raya ba re, ''Nnyaya, mong wa me. Batlhanka ba gago ba tsile go reka dijo. 11Rotlhe re barwa monna a le mongwe. Re banna ba ba boammaaruri. Batlhanka ba gago ga se batsaya ditlholwa.''12A ba raya a re, ''Nnyaya, le tsile go bona dikgaolo tsa lefatshe tse di sa sirelediwang.'' 13Ba re, ''Rona batlhanka ba gago re barrammogo ba le 12, barwa monna a le mongwe kwa lefatsheng la Kanana. Bona, monnaarona o setse le rraarona, mme mongwe wa rona ga a sa tlhole a tshela.''14Josefa a ba raya a re, ''Go ntse jaaka ke le boleleltse; le batsaya ditlholwa. 15Le tla lekwa ka se. Ke ikana ka botshelo jwa ga Faro, ga le na go tswa fa ntleng le fa monnaalona yo monnye a tla fa. 16Romang mongwe wa lona a ye go tsaya monnaalona. Le tla tshegediwa mo kgolegelong gore mafoko a lona a tle a lekwe, gore a go na le boammaaruri mo go lona.'' 17A ba tshegetsa mo kgolegelong matsatsi a le 3.18Ka letsatsi la boraro Josefa a ba raya a re, ''Dirang se mme le tshele, gonne ke boifa Modimo. 19Fa le le banna ba ba boammaaruri, a mongwe wa lona a tshegediwe mo kgolegelong e, mme lona le tsamae, le ise mabele kwa matlong a lona. 20Tsisang monnaalona yo monnye kwa go nna gore mafoko a lona a tle a rurifadiwe mme le tla se ka le swa.'' Ba dira jalo.21Ba raana ba re, ''Ruri re molato ka morwarraaona jaaka e rile fa re bona kutlobotlhoko ya mowa wa gagwe fa a ikuela mo go rona, ra se ka ra mo reetsa. Jalo he, patikesego e e tsile mo go rona.'' 22Rubene a ba araba, ''A ga ke a ka ka le bolelela, 'Le se ka la leofela mosimane,' mme la se ka la reetsa? Jaanong, bonang, madi a gagwe a lopiwa mo go rana.''23Ba ne ba itse fa Josefa a ba tlhaloganya, gonne go ne go na le motoloki fa gare ga bone. 24A ba hularela a lela. A boa a ba leba mme a bua le bone. A tsaya Simeone fa gare ga bone mme a mo golega mo matlhong a bone. 25Foo Josefa a laola batlhanka ba gagwe go tlatsa dikgetse tsa barwarraagwe ka mabele, le go tsenya kgetse ya madi ya monna mongwe le mongwe mo kgetseng ya gagwe, le go ba neela mohago wa mosepele. Ba direlwa jalo.26Ba pega dikgetse tsa mabele mo ditonking tsa bone mme ba bolola go tswa koo. 27E rile fa mongwe wa bone a bula kgetse ya gagwe go neela tonki ya gagwe dijo kwa ba letseng teng, a bona madi a gagwe. Bonang a ne a le fa molomong wa kgetse ya gagwe. 28A raya barwarraagwe a re, ''Madi a me a busitswe. A boneng; a mo kgetseng ya me.'' Mme dipelo tsa bone tsa tshoga, ba roroma ba lebana. Ba re, ''Ke eng se Modimo a se re dirileng se?''29Ba ya kwa go Jakoba, rraabone kwa lefatsheng la Kanana mme ba mmolelela tsotlhe tse di ba diragaletseng. Ba re, 30''Monna, morena wa lefatshe, o buile le rona ka bogale a bo a akanya gore re batsaya ditlholwa mo lefatsheng. 31Re ne ra mo raya ra re, 'Re banna ba ba boammaaruri. Ga re batsaya ditlholwa. 32Re batsalwa mmoogo ba le 12, barwa rraarona. Yo mongwe ga a sa tlhole a tshela, mme yo monnye mo go botlhe mo letsatsing le o setse le rraarona kwa lefatsheng la Kanana.'33Monna, morena wa lefatshe, a re raya a re, 'Ke tla itse gore le banna ba ba boammaaruri ka se. Tlogelang mongwe wa barwarraalona le nna, tsayang mabele le a ise kwa matlong a lona, le tsamae. 34Tlisang monnaalona yo monnye kwa go nna. Foo ke tla itse gore ga le batsaya ditlholwa, mme le banna ba ba boammaaruri. Foo ke tla le gololela morwarraalona, mme le tla gweba mo lefatsheng.'''35Ga diragala fa ba ntsha se se mo dikgetseng tsa bone, bonang, kgetse ya selefera ya monna mongwe le mongwe ya bo e le mo kgetseng ya gagwe. Fa bone le rraabone ba bona dikgetse tsa bone tsa selefera, ba tshoga. 36Jakoba, rraabone a ba raya a re, ''Le nkhutsafaditse ka bana ba me. Josefa ga a sa tlhole a tshela, Simeone o ile, mme le ya go tsaya Benjamine. Dilo tsotlhe tse di kgatlhanong le nna.''37Rubene a bua le rraagwe, a re, ''O ka bolaya barwaake ba ba 2 fa ke sa busetse Benjamine kwa go wena. Mo tsenye mo diatleng tsa me, mme ke tla mmusa.'' 38Jakoba a re, ''Morwaake ga a na go tsamaya le lona. Gonne morwarraagwe o sule mme o setse a le nosi. Fa bosula bo ka mo diragalela mo tseleng ya kwa le yang, foo mo botsofeng jwa me le tla ntsenya mo lebitleng ka kutlobotlhoko.''
431Leuba la bo le le legolo that mo lefatsheng. 2Go ne ga diragala fa ba sena go ja mabele a ba duleng Egepeto ka one, rraabone a ba raya a re, "Tsamayang gape, lo re rekele dijo."3Juta a mo raya a re, ''Monna o re tlhagisitse thata a re, 'ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me go fitlhelela lo tla ka monnaalona.' 4Fa o ka re rebolela go tsamaya le monnaarona, re tla kgona go ya go reka dijo. 5Mme fela fa o sa re mo rebolele, ga re kitla re tsamaya. Gonne monna o re reile a re, 'Ga lo kitla lo bona sefatlhego sa me fa lo sa tla le monnaalona."6Iseraele a re, ''Ke ka go reng fa lo ntshotlile mo go kalo ka go bolelela monna fa lo na morwaarraalona yo mongwe?'' 7Mme ba re, ''Monna o re boditse ke ga ba lelwapa la rona. O ne a re, 'Aa rraalona o santse a le mo botshelong? Aa lo na le morrwaarralona yo mongwe?' Re mo arabile go ya fela ka dipotso tse. Re ne re ka bo re itsele jang go re o tla re, 'Tlang le morrwarraalona?'''8Juta a raya Iseraele rraagwe a re, ''Romeletsa mosimane le nna. Re tla emelela re tsamaya go re re tle re tshele mme se ka ra swa, rona rotlhe fela, le wena, le bana aba rona tota. 9Ke tla nna le boikarabelo mo go ene. Lo tla baya tsotlhe ka ene mo go nna. Fa ke sa kake ka mmusetsa gape kwa go wena, a molato otlhe o nne mo go nna go ya go ileng. 10Me fa re ne re sa diega, ka boammaaruri ka nako e re ka bo re ne re kile ra boela kwano le kgetlho la bobedi.11Rraabone ebong Iseraele a ba raya a re, ''Fa go ka nna jalo, dirang jaana. Tsenyang dingwe tsa dithobo tsa lefatshe mo dikgetseng tsa lona. Tsamayang ka tsone kwa monneng e le dimpho - boroku jo bo alafang, le tswine ya dinotshe, ditswaiso le dinkgisa monate, manoko le dithamane. 12Tsayang madi ka sebedi mo diatleng tsa lona. Ao ke madi a a fitlhetsweng a le mo dikgetseng tsa lona fa di bulwa, boang gape ka one. Gongwe e nnile phoso fela.13Tsamayang le monnaalona. Emelelang lo boeleng gape kwa monneng. 14A Modimo Mothatayotlhe a lo fe mautlwelobotlhoko mo ponong ya monna, go re a lo gololele morwaalona le Benjamene. 15Fa ke hutswafaletse bongwanake, ke hutsafetse. Banna ba tsere mpho e, mme mo diatleng tsa bone ba tsaya madi ka sebedi, ga mmogo le Benjamine. Ba emelela ba leba Egepeto mme ba ya go ema fa pele ga ga Josefe.16Fa Josefe a bona Benjamine a na le bone, a raya molebeledi wa ntlo ya gagwe a re. ''Tlisang banna mo ntlong, tlhabang seruiwa le apeeng dijo, gore banna ba tle ba je le nna motshegare.'' 17Molebeledi a dira fela jaaka Josefa a laetse. A tlisa banna mo ntlong.18Banna ba bo ba tshogile fa ba isiwa kwa ntlong ya ga Josefa. Ba re, ''Ke ka lebaka la madi a a neng a buseditswe mo dikgetseng tsa rona fa re tlile kwano sebaka se se fetileng, mo a batlang tsela sa go re tshwara. O ka nna a re tshwara mme a re dira makgoba, mme a tsaye ditonki tsa rona.'' 19Ba latela molebeledi wa ntlo ya ga Josefa, mme ba bua le ene ba le fa kgorong ya ntlo, 20ba re, ''Mong wa me, re ne re tlile fa sebaka se se fetileng go reka dijo.21Go ne ga dirafala, fa re goroga kwa re letseng teng, ra bula dikgetse, mme, bona, madi a mongwe le mongwe wa rona a bo a le fa godimo mo dikgetseng tsa rona a le mmogo. 22Re tlile ka one gape go a busa. Re tlile ka madi a mangwe gape go reka dijo. Ga re itse go re ke mang tota yo o ka tswang a buseditse madi mo dikgetseng tsa rona.'' 23Molebeledi a ba raya a re, ''A kgiso e nne le lona, le seka la tshoga. Modimo wa lona le Modimo wa rraa lona o ka tswa e le ene yo buseditseng madi mo dikgetseng tsa lona. Ke amogetse madi a lona.'' Molebeledi a tlisa Simeyone kwa go bone.24Molebeledi a tsaya banna a ba isa kwa ntlong ya ga Josefa. A ba siela metsi, mme ba tlhapa dinao. A neela ditonki tsa bone dijo. 25Ba baakanyetsa Josefe dimpho, ka ba ne ba utlwile fa a tlile go ja le bone dijo motshegare.26E rile fa Josefa a boela lwapeng, ba isa dimpho tse ba neng ba di tshotse kwa ntlong ya gagwe, mme ba oba difatlhego tsa bone fa pele ga gagwe. 27A ba botsa matsogo mme a re, ''A rraa lona o tsoga sentle, monnamogolo yo le buileng ka ene?'A o santse a tshela?''28Ba mo raya ba re, ''Motlhanka wa gago rra rona o a tsoga. O santse a tshela.'' Ba oba difatlhego go mo fa tlotlo. 29E rile fa a tsholetsa matlho a bona Benjamine monnaawe, morwaa mmaagwe, mme a re, ''Aa ke ene monnaa lona yo monnye yo le neng la mpolelela ka ene?'' A bo gape a re, ''A Modimo o go direle tse di ntle, morrwaaka.''3031Josefa a nanogela kwa ntle ga ntlo, go nne o ne a tshwenyegile ka lebaka la monnaawe. A batla lefelo le a ka yang go lela teng. A ya kwa ntlong ya gagwe a ya go lelela teng. A tlhapa sefatlhego mme a tswela gape kwa ntle. A itshwara, a ba raya a re, ''Tsholang dijo.''32Motlhanka a tsholela Josefa go re a je a le nosi le gore barwaa rragwe le bone ba je ba le nosi. Baegepeto ba ja le ene ka gonne Baegepeto ba ne ba sa kake ba ja le Bahebera, ka go ne go sa amogelesegi mo Baegepetong. 33Barwa rragwe ba nna fa go ene, go simolola ka wa motsalwapele le go ya ka fa ba rulaganang ka teng mo letsalong la bone ba felela ka yo monnye. Banna ba gakgamadiwe ke se. 34Josefa a ba abela dijo ka go tlhatlologana ga bone. Seabe sa ga Benjamine sone sa nna se se oketselegile ga tlhano mo go tsa bone botlhe. Ba ja ba itumela le ene.
441Josefa a raya molebedi wa ntlo ya gagwe, are , " tlatsa dikgetsi tsa banna ba ka dijo, go ya ka selekanyo se ba ka kgonang go se sikara, gape o beye madi a monna mongwe le mongwe fa molomong wa kgetsi ya gagwe. 2Tsenya kopi yame, kopi ya selefera, mo molomong wa kgetsi ya ga yo mmotlana, le madi a gagwe a mabele." Molebeledi a dira jaaka Josefa a buile.3Ya re bosigo bo sena go sa, banna ba gololwa go tsamaya, bone le ditonki tsa bone . 4Ya re ba sena go tswa mo toropong , mme eseng kgakala thata, Josefa a raya motlhokomedi wa gagwe a re, '' Emelela, o latele banna ba le, fa o ba tshwara o ba re ye o re , ''ke eng le bosoloseditse tshiamo ka bosula? 5A kopi e ga se e mong wame a nwelang mo go yone, le e a e dirisang go laola? Le dirile selo se se bosula fela thata.''6Motlhokomedi a ba tshwara mme a bua le bone mafoko a. 7Ba mo raya ba re, '' Ke eng mong wame a bua mafoko a a ntseng jaana? A go seka ga fitlhelwa ope wa batlhanka ba gago ba dirile selo se.8Bona madi a re a fitlhetseng mo melomong ya dikgetsi tsa rona, re a buseditse kwa go wena go tswa mo lefatsheng la Kanana. Jaanong re ka utswa selefera le gauta jang mo ntlong ya mong wa gago? 9Fa mongwe wa batlhanka ba gago a ka fitlhelwa ka yone, a a bolawe, mme le rona rotlhe re tlaa nna batlhanka ba mong wa rona.'' 10Motlhokomedi a re , '' A gonne go ya ka fa mafokong a lona . Yo o tla fitlhelwang ka kopi e, e tla nna ene lelata lame, ba bangwe ga lo na go nna molato.11Monna mongwe le mongwe a folosa kgetse ya gagwe a e baya fa fatshe, mme mongwe le mongwe a bula kgetse ya gagwe. 12Motlhokomedi a phuruphutsha. A simolola ka e ya motona mme a fetsa ka e ya o monnyenyane, mme kopi ya filthelwa mo kgetseng ya ga Benjamine. 13Jalo ba kgagola diaparo tsa bone. Mongwe le mongwe wa bone a belesa tonki ya gagwe a boela kwa motseng.14Juta le bomorwaaragwe ba tla kwa ntlong ya ga Josefa. O ne a santse a le teng, mme ba tlhoma fa fatshe ka mangole ga pele ga gagwe. 15Josefa a ba raya a re, ''Ke eng selo seo se lo se dirileng? A lo aitse fa monna a tshwana le nna le ene o direla sedimo?''16Juda a re, ''Re tla raya monga wa me re reng? Re ka bua re reng tota? Kana re ka ikgolola jang mo molatong? Modimo o lemogile tshiamololo ya batlhanka ba gago. Bona, re batlhanka ba mong wame, rotlhe fela le yo kopi e fitlhetsweng mo seatleng sa gagwe. 17Josefa a re, ''A go nne kgakala le nna go dira jalo. Monna yo kopi e fitlhetsweng mo go ene, motho yoo o tla nna lelata la me, mme fa ele ka lona ba bangwe, boelang kwa go rraalona ka kagiso.''18Mme Juta a atlamela fa go ene mme a re, ''Mong wa me, a tlhe motlhanka wa gago a bue lefoko mo kutlong ya mong wa me, mme gape a bogale jwa gago bo se tuke kgatlhanong le motlhanka wa gago, go nne o tshwana fela le Faro. 19Mong wa me a botsa batlhanka ba gagwe, a re, 'A lo na le rraalona le fa e le morwa-raalona?'20Ra raya mong wa me ra re, 'Re na le rraa-rona, le ngwana wa dingwaga tsa gagwe tsa bogodi, yo monnyenyane. Mme morwa-raagwe o sule, mme ke ene fela yo o setseng wa ga mmagwe, mme rraagwe o a mo rata.' 21Mme o ne wa raya batlhanka ba gago wa re, 'Mo tliseng kwa go nna ke tle go mmona.' 22Morago ga moo, ra raya mong wa me ra re, 'Mosimanyana ga a kake a kgona go tlogela rraagwe. Mme fa a ka tlogela rraagwe rraagwe o ka swa.'23Mme one wa raya batlhanka ba gago wa re, 'Fa e se fela le ka tla le monnaalona yo monnye, ga le na go bona sefatlhego sa me gape.' 24Jalo go ne ga diragala gore fa re sena go boela kwa go motlhanka wa gago ntate, re ne ra mmolelela mafoko a mong wa me. 25Rraarona o ne a re, 'Tsamayang gape, le ye go re rekela dijo.' 26Mme re ne ra re, 'Ga re na go boela teng. Fa monnaarona yo monnye a na le rona, ke gona re ka boelang teng, gonne ga rena go bona sefatlhego sa monna fa e se fela monnaarona yo monnye a na le rona.'27Motlhanka wa gago rre o ne a re raya a re, 'Lo a itse go re mosadi wa me o ne a ntsholetse barwa ba le babedi. 28Mongwe wa bone o ne a ntlogela mme ke ne ka re, 'Ruri o ne a kgabetlelelwa gonna dirwe-dirwe, mme ke ne ka seka ka tlhola ke mmona. 29Jaanong fa le ka tsaya yo mo go nna le ene, mme a diragalelwa ke se se bosula, le tla digela moriri wa me o o mosweu mo lebitleng.'30Mme jaanong, fa nka tla kwa go motlhanka wa gago e leng rre, mme re se na le mosimane, ka ebile botshelo jwa gagwe bo amantswe le jwa mosimane, 31go tla diragala gore, fa a re bona re tla re sena le mosimane, o tla a swa. Batlhanka ba gago ba tla digela moriri o o mosweu wa motlhanka wa gago rraarona mo lebitleng ka ntlha ya khutsafalo. 32Go nne motlhanka wa gago o ne a nna peeletso mo boemong jwa mosimane mo go rre mme ke ne ka re, 'Fela fa ke sa mmusetsa mo go wena, ke tla nna molato mo go rre go ya go ileng.'33Mme jaanong, ke a kopa go re motlhanka wa gago e nne ene a salang mo boemong jwa mosimane go nna lelata wa mong wa me, mme a mosimane a tsamaye le bomorwaarre. 34Tota nka boela jang kwa go ntate ke sena le mosimane? Ke tshogela go bona bosula jo bo ka welang ntate.
451Josefa o ne a palelwa ke go itshwara ga pele ga bathanka ba gagwe. A tsholetsa lentswe a re, ''A mongwe le mongwe a nkatoge.'' Ka jalo ga bo go se ope wa batlhanka yo o neng a nna teng fa Josefa a ikitsise barwaraagwe. 2O ne a lelela kwa godimo, mo le Baegepeto ba neng ba mo utlwa, le ba ntlo ya ga Faro ba utlwa. 3Josefa a raya barwarragwe a re, ''Ke Josefa. A rre o santse a tshedile?'' Barwaarragwe ba seka ba mo araba, gonne ba ne ba gakgamaditswe ka go bo a le teng.4Mme Josefa a raya barwarragwe a re, ''Nkatameleng ke a le kopa.'' Ba mo atamela. A ba raya a re, ''Ke Josefa morwarralona, yo le mo rekisitseng kwa Egepeto. 5Le seka la utlwa botlhoko le fa e le go ikgalefelela ka go bo le nthekisitse mo Egepeto, gonne Modimo o nketeleditse pele go tla kwano go boloka botshelo. 6Gonne leuba le nnile teng mo lefatsheng dingwaga tse pedi tse, mme go santse go tla nna le tse tlhano tse go sa kakeng ga nna le temo le fa e le thobo.7Modimo o nthomile ga pele ga lona go le boloka jaaka masalela mo lefatsheng, le go le tshidisetsa go nna kgololo e kgolo. 8Ka jalo ga se lona le ntlisitseng kwano fa e se Modimo, mme o ntirile rre mo go Faro, ke tlhokometse tsotlhe tsa ntlo ya gagwe, le go nna mmusi wa lefatshe lotlhe la Egepeto.9Nanogang le ye kwa go rre le mo reye le re, 'Josefa morwao a re, ''Modimo o ntirile motlhokomedi wa Egepeto otlhe fela. Tla ka kwano kwa go nna, mme o se ka wa diega. 10O tla nna mo lefatsheng la Goshene, mme o tla bo o le gaufi le nna, wena le bana ba gago le bana ba bana ba gago, le letsomane la gago le matlhape a gago, le tsotlhe tse o nang le tsone. 11Ke tla go tlhokomelela teng koo, go nne go santse go tla nna le dingwaga tse dingwe tse tlhano tsa leuba, go re o seka go aparwa ke lehuma, wena, le ba ntlo ya gago, le ba o nang le bone.'''12Bona, matlho a gago a bone, le matlho a ga morwaarre Benjamine, go re molomo wa me o o buwang le lona o. 13Le tla bolelela rre ka tlotlego ya me mo Egepeto le ka tsotlhe fela tse le di bonyeng. Le itlhaganeleng le tlise rre kwa go nna kwano.14A atla Benjamine morwarragwe mo molaleng mme a lela, mme Benjamine le ene a lelela mo molaleng wa gagwe. 15A atla barwarraagwe botlhe fela mme lelela mo go bone. Morago ga moo barwarragwe ba buisanya le ene.16Dikgang tsa goroga kwa ntlong ya ga Faro: ''Barwarragwe Josefa ba tsile.'' Go ne ga itumedisa Faro le batlhanka ba gagwe fela thata. 17Faro a raya Josefa a re, ''Raya barwarrago o re, 'Dirang jaana: Belesang diphologolo tsa lona mme le ye kwa lefatsheng la Kanana. 18Le tseye rraalona le ba ntlo ya lona mme le boele kwa go nna. Ke tla le fa lefatshe le le siameng la lefatshe la Egepeto, mme le tla ja monono wa lefatshe.'19Jaanong le a laelwa, 'Dirang jaana, tsayang dikara mo lefatsheng la Egepeto go pega bana ba lona le basadi ba lona. Tsayang rraalona mme le tle le ene. 20Le seka la tshwenyega ka dithoto tsa lona, gonne matlotlo a lefatshe la Egepeto lotlhe ke a lona.''21Barwaa Iseraele ba dira jalo. Josefa a ba fa dikara, go ya ka fa thebolong ya ga Faro, mme a ba neela le mofago wa mosepele. 22Mongwe le mongwe wa bone a mo neela diaparo tse ba tla ananyang ka tsone, mme Benjamine ene a mo neela dipapetlana tsa selefera di le makgolo a le mararo le diaparo tse di ananyang di le tlhano. 23Kwa go rraagwe a romela tse di lateng: ditonki di le lesome di pegile borotho, mabele, le diabelwa tse dingwe tsa ga rragwe tsa mosepele.24A golola barwaaragwe mme ba tsamaya. A ba raya a re, "Bonang go re le seka la omana mo tseleng.'' 25Ba tswa mo lefatsheng la Egepeto mme ba goroga mo lefatsheng la Kanana, kwa go Josefa. 26Ba mo raya ba re, ''Josefa o santse a tshela, mme ebile ke mmusi mo lefatsheng lotlhe la Egepeto.'' Atlhabega pelo, mme a kgone go dumela se ba se mmolelelang.27Ba mmolelela mafoko otlhe a Josefa a neng a a ba boleletse. Fa Jakobe a bona dikara tse Josefa a di romeletseng go tla go mo tsaya, mowa wa ga Jakobe rraabone wa tsosologa. 28Iseraele a bo a re, ''Go lekane. Josefa morwaake o santse a tshela. Ke tla ya go mmona pele fa ke swa.''
461Iseraele a tsaya leeto la gagwe ka tsotlhe tse a nang le tsone a ya kwa Beeresheba. A feta a ntshetsa Modimo wa ga Isaka rraagwe ditlhabelo koo. 2Modimo a bua le Iseraele mo ponatshegelong bosigo a re, ''Jakoba, Jakoba.'' A re, ''Ke fano.'' 3A re, ''Ke Modimo, Modimo wa ga rraago. O se ka wa tshaba go ya kwa Egepeto, gonne ke tla go dira morafe o mogolo koo. 4Ke tla ya le wena kwa Egepeto, mme ammaaruri ke tla boa ke go ntsha gape, e bile Josefa o tla go tswala matlho ka seatla sa gagwe.''5Jakoba a emelela go tswa mo Beeresheba. Barwa Iseraele ba rwala Jakoba rraabone, bana ba bone, le basadi ba bone mo dikareng tse Faro a di rometseng go mo tsaya. 6Ba tsaya leruo la bone le dithoto tsa bone tse ba di kgobokantseng mo lefatsheng la Kanana. Ba ya kwa Egepeto, Jakoba le bana ba gagwe botlhe. 7A ya kwa Egepeto le barwae le barwa ba barwae, le barwadie le barwadia barwae, le bana ba gagwe botlhe.8A ke maina a barwa Iseraele ba ba neng ba ya kwa Egepeto: Jakoba le bana ba gagwe, Rubene, ngwana wa ntlha wa ga Jakoba; 9barwa Rubene, Hanoko, Palu, Heserone le Kharami; 10barwa Simeone, Jemuele, Jamini, Ohate, Jakhini, Sohare, le Shaulo, morwa mosadi wa Mokanana, 11barwa Lefi, Gereshone, Kohathe, le Merari.12Barwa Juta e ne e le Ere, Onane, Shela, Perese, le Sera(mme Ere le Onane ba swetse kwa lefatsheng la Kanana). Barwa Perese e ne e le Heserone le Hamulu. 13Barwa Isakare e ne e le, Tola, Pua, Lobo, le Shimirone. 14Barwa Sebulane e ne e le Serete, Elone le Jahaleele. 15Ba ke barwa Lea ba a ba tsholetseng Jakoba kwa Patane Aramo, mmogo le morwadie, Dina. Barwae le barwadie ba ne ba le 33.16Barwa Gate e ne e le Sifione, Hagi, Shuni, Esebone, Ere, Arodi, le Areli. 17Barwa Ashere e ne e le Imona, Ishefa, Ishifi, le Beria; mme Sera e ene e le kgaitsadiabone. Barwa Beria e ne e le Hebere le Malekiele. 18Ba ke barwa Silipha, yo Labane a mo neetseng Lea morwadie. Barwa ba o ne a ba tsholelea Jakoba - ba le 16 ka palo.19Barwa mosadi wa ga Jakoba, Ragele, e ne e le Josefa le Benjamene. 20Kwa Egepeto, Manase le Iforeimi ba ne ba tsholwa ke Josefa le Asenathe, morwadia Potifera, moperesiti wa Ono. 21Barwa Benjamene e ne e le Bela, Bekele, Ashebele, Gera, Naamane, Ehi, Roshe, Mupimi, Hupimi, le Arate. 22Ba e ne e le barwa Ragele ba a neng a ba tsholela Jakoba - ba le 14 ka palo yotlhe.23Morwa Tene e ne e le Hushimi. 24Barwa Nafothali e ne e le Jaseli, Kuni, Jesere le Shileme. 25Ba ke barwa ba ba tsholetsweng Jakoba ke Biliha, yo Labane a mo neetseng Ragele morwadie - ba le 7 ka palo.26Botlhe ba ba neng ba ya kwa Egepeto le Jakoba, ba e neng e le bana ba gagwe, go sa balwe dingwetsi tsa ga Jakoba, ba ne ba le 66 ka palo yotlhe. 27Fa go balwa barwa Josefa ba a ba tsholetsweng kwa Egepeto, ba lesika la gagwe ba ba neng ba ya Egepeto ba ne ba le 70 ka palo yotlhe.28Jakoba a romela Juta kwa pele ga gagwe kwa go Josefa go supa tsela fa pele ga gagwe go ya Goshene, mme ba ya kwa lefatsheng la Goshene. 29Josefa a baakanya kolotsana ya ntwa ya gagwe go kopantsha Iseraele rraagwe kwa Goshene. A mmona, a atla mplalal wa gagwe, a bo a lelela mo molaleng wa gagwe ka nako e telele. 30Iseraele a raya Josefa a re, ''Jaanong nte ke swe, ka gore ke bone sefatlhego sa gago, gore o santse o tshela.''31Josefa a raya barwarraagwe le ba ntlo ya ga rraagwe a re, ''Ke tla ya go bolelela Faro ke re, 'Barwarre le ba ntlo ya ga rre, ba ba neng ba le kwa lefatsheng la Kanana, ba tsile kwa go nna. 32Banna ba ke badisa letsomane, gonne ba ne ba le batlhokomedi ba leruo. Ba tsile ka matsomane a bone,matlhape a bone, le tsotlhe ba nang le tsone.'33Go tla diragala, fa Faro a le bitsa, a botsa, 'Tiro ya lona ke eng?' 34Le tla re, 'Batlhanka ba gago ba ntse ba le batlhokomedi ba leruo go tloga bonaneng jwa rona go fitlha jaanong, rona le borraarona.' Dirang se gore le tle le nne kwa lefatsheng la Goshene, gonne modisa letsomane mongwe le mongwe o a behilwa mo Baegepetong.''
471Jalo Josefa a ya kwa go Faro a re ''Ntate le barwarre, le leruo la bone le tsotlhe tse ba nang naso, ba gorogile go tswalefatshe la Kanana. Bona, ba gorogile mo lefatsheng la Goshene .'' 2A tsaya barwarragwe ba le batlhano, a ba itsise Faro.3Faro a raya barwa rragwe a re ''Le dira tiro ya mofuta mang?'' Ba raya faro bare , ''Batlhanka ba gago ke badisa jaaka bo rrabo mogolo.'' 4Mme ba raya Faro bare,'' Re tla jaaka baagedi ba nakwana mo lefatsheng. .Batlhanka ba gago ga bana mafulo a leruo la bone, ka gore go leuba le legolo kwa lefatsheng la Kanana. Ka jalo re kopa o lete batlhanka ba gago ba nne mo lefatsheng la Goshene.5Jalo Faro a bua le Josefa , a re ''Rre rrago le barwa rrago ba tsile go wena. 6Lefatshe la Egepeto ke leo. Baya Rre rrago le barwa rrago mo lefelong le le phalang a mangwe, lefatshe la Goshene. Fa o itse banna ba ba nang le bokgoni magareng ga bone, ba neele taolo mo leruong lame.''7Jalo Josefa a tisa Jakoba rre rragwe kwa go Faro. Jakoba a segofatsa Faro. 8Faro a raya Jakoba are, ''O tshidile lobaka lo lo kae?'' 9Jakoba a raya Faro a re, ''Dingwaga tsa loeto lame di lekgolo le masome a mararo. Dingwaga tsa botshelo jwame di dinnye gape di botlhoko. Ga di dintsi jaaka tsa loeto la bo rre mogolo.'' 10Jalo Jakoba a segofatsa Faro a bo a tswa mo boleng teng jwa gagwe.11Jalo Josefa a neela rragwe le batsalwa le ene bonno. A ba neela bontlha bongwe jwa lefatshe la Egepeto, lefatshe la maemo a ntlha mo lefatsheng la Ramasese, jaaka Faro a laotse. 12Josefa a neela rragwe dijo,barwarragwe le botlhe ba ba nnang mo ntlong ya rragwe dijo, go ya ka palo ya bana ba bone.13Ka jalo go ne go sena dijo lefatshe ka bophara; ka leuba le ne le le legolo thata. Lefatshe la Egepeto le la Kanana la bo le setlhagetse ke leuba. 14Josefa a kgobokanya madi otlhe a neng a le mo lefatsheng la Egepeto le mo lefatsheng la kanana ka go rekisetsa Banni mabele. Jalo Josefa a isa madi kwa bonnong jwa ga Faro.15Fa madi a mafatshe a Egepeto le Kanana a setse a fedile, Baegepeto botlhe ba tla kwa go Josefa ba re, ''Re neele dijo! Ke eng re tshwanetse go swela fa pele ga gago ka ntlha ya gore ga rena madi?'' 16Josefa a re, ''Fa lo sena madi, tlayang ka leruo la lona ke ta lo neela dijo mo boemong jwa leruo la lona.'' 17Jalo ba tlisa leruo la bone kwa go Josefa. Josefa a ba neela dijo mo boemong jwa dipitse, dikgomo, dipodi le ditonki. O ne a ba neela borotho mo boemong jwa leruo la bone lotlhe mo ngwageng oo.18Fa ngwaga oo o fela ,ba tla kwa go ene ngwaga o latelang ba mo raya bare,'' ga re kake ra go fitlhela mong wame gore ga rena madi, le moraka wa dikgomo ke wa mong wame. Ga gona sepe se se setseng mo matlhong a mong wame, fa ese mebele le lefatshe la rona. 19Ke eng re tshwanetse go swela mo matlhong a gago, rona le lefatshe la rona? Re reke le lefatshe la rona mo boemong jwa dijo,jalo rona le lefatshe la rona re ta nna bathankga ba ga Faro. Re neele peo gore re tle re tshele mme re seka ra swa, le gore lefatshe le seka la nna le tshenyego.''20Jalo Josefa a rekela Faro lefatshe lotlhe la Egepeto,ka gore Moegepeto mongwe le mongwe o ne a rekisa lefatshe la gagwe,ka leuba le ne le le legolo thata.Ka tsela e,lefatshe la nna la ga Faro. 21Mme batho bone ,a ba dira malata a gagwe go tswa phelelong ya mololwane wa Egepeto go ya kwa go o mongwe. 22E ne e le lefatshe fela la baperesita le Josefa a neng a sa le reka,ka gore baperesita ba ne ba nelwa dikatso.Ba ne ba ja mo kabelong e Faro a neng a se ba e neetse. Ka jalo ba ne ba sa rekisa lefatshe la bone.23Jalo Josefa a raya batho a re, ''Bonang ,ke lo rekile le lefatshe la lona ,ke le rekela Faro. Jaanong peo ke e, le ta lema lefatshe. 24Ka thobo, lo tshwanetse go neela Faro botlhano, dikarolo tse nne e ta nna tsa lona, ya peo ya tshimo ya dijo tsa malwapa a lona le ya bana ba lona.''25Ba re, ''O bolokile matshelo a rona. A re bone letlhogonolo mo matlhong a gago. Re tla nna bathanka ba ga Faro.'' 26Jalo Josefa a dira molao o o santseng o le mo tirisong ka letsatsi le mo lefatsheng la Egepeto, gore bongwe mo botlhano ke jwa ga Faro. Lefatshe la baperesita ke lone fela le le sa nnang la ga Faro.27Jalo Israele o ne a nna mo lefatsheng la Goshene. Batho ba gagwe ba ne ba nna le dithoto gone koo. Ba ne ba ntsha maduo gape ba oketsega thata. 28Jakoba o ne a nna mo lefatsheng la Egepeto dingwaga di le lesome le bosupa, Jalo dingwaga tsa botshelo jwa ga Jakoba e ne e le lekgolo, masome a mane le bosupa.29E rile nako ya go swa ga ga Israele e goroga, a bitsa morwae Josefa a mo raya a re, ''Fa e le gore ke bone letlhogonolo mo mathong a gago, tsenya seatla sa gago ks fa tlase ga serope same,o ntshupegetse boikanyego le tshephagalo. Ke kopa o seka wa mphitlha mo Egepeto. 30Fa ke robala le bo ntate, o tla ntshikara go tswa mo Egepeto o ya go mphitlha kwa lefelong le borre mogolo ba fitlhetsweng teng.''Josefa a re, ''Ke tla dira jaaka o laetse.'' 31Israele a re, ''Inkanele,'' mme Josefa a moikanela. Iseraela a obama kwa dithogong tsa bolao jwa gagwe.
481Go ne ga diragala morago ga dilo tse, gore mongwe a reye Josefa a re, ''Bona, rraago o a lwala.'' Jalo a tsaya barwae ba babedi, Manase le Iforeimi. 2Fa Jakoba a bolelelwa gotwe, ''Bona, morwao Josefa o gorogile go go bona,'' Iseraele a tlelwa ke maatla a nna ka marago mo bolaong.3Jakoba a raya Josefa a re, ''Modimo Mothatayotlhe o ne a imponagaletsa kwa Luse kwa lefatsheng la Kanana. O ne a ntshegofatsa 4mme a nthaya a re, 'Bona, ke tla go ungwisa ke bo ke go ntsifatsa. Ke tla go dira kokoano ya merafe. Ke tla neela bana ba gago lefatshe le go nna la bone ka bosakhutleng.'5Mme jaanong barwao ba babedi, ba o ba tsholetsweng mo lefatsheng la Egepeto pele ke tla kwa go wena mo Egepeto, ke ba me. Iforeimi le Manase e tla nna ba me, fela jaaka Rubene le Simeone e le ba me. 6Bana ba o tla nnang le bone fa morago ga bone e tla nna ba gago; ba tla balwa le barwarraabone mo bosweng jwa bone. 7Mme fa e le nna, fa ke ne ke tswa Patane, ka kutlobotlhoko Ragele o ne a swela mo lefatsheng la Kanana mo tseleng, go santse go setse sekgala go ya kwa Eforatha. Ke ne ka mmoloka koo mo tseleng go ya Eforatha''(ke gore, Bethelehema).8Fa Iseraele a bona barwa Josefa, a re, ''Ke ba ga mang ba?'' 9Josefa a raya rraagwe a re, ''Ke barwaake, ba Modimo a ba nneetseng fa.'' Iseraele a re, ''Ba tsise kwa go nna, ke tle ke ba segofatse.'' 10Jaanong matlho a ga Iseraele a ne a fifetse ka lebaka la botsofe jwa gagwe, jalo o ne a sa kgone go bona. Jalo Josefa a ba tsisa gaufi le ene, a ba atla a bo a ba tlamparela.11Iseraele a raya Josefa a re, ''Ke ne ke sa solofele go ka bona sefatlhego sa gago gape, mme Modimo o ntetleletse le gone go bona bana ba gago tota.'' 12Josefa a ba ntsha mo gare ga mangole a ga Iseraele, mme a obega a inamiseditse sefatlhego sa gagwe fa fatshe. 13Josefa a ba tsaya ka bobedi, Iforeimi ka seatla sa gagwe sa moja a mo isa kwa seatleng sa molema sa ga Iseraele, le Manase ka seatla sa gagwe sa molema go mo isa kwa seatleng sa moja sa ga Iseraele, a ba atametsa fa go ene.14Iseraele a otlolola seatla sa gagwe sa moja mme a se baya mo tlhogong ya ga Iforeimi, yo monnye, mme seatla sa gagwe sa molema a se baya mo tlhogong ya ga Manase. O ne a fapaanya matsogo a gagwe, gonne Manase e ne e le motsalwapele. 15Iseraele a segofatsa Josefa, a re, ''Modimo yo borre Aborahamo le Isaka ba tsamaileng fa pele ga gagwe, Modimo yo o ntlhokometseng go fitlha mo letsatsing le, 16moengele yo o ntshireleditseng mo tshenyegong yotlhe, a a segofatse basimane ba. A leina la me le umakwe mo go bone, le leina la borre Aborahamo le Isaka. A ba gole go nna matshwititshwiti a batho mo lefatsheng.''17Fa Josefa a bona rraagwe a baya seatla sa gagwe sa moja mo tlhogong ya ga Iforeimi, ga se ka ga mo itumedisa. A tsaya seatla sa ga rraagwe go se tlosa mo tlhogong ya ga Iforeimi go se isa kwa tlhogong ya ga Manase. 18Josefa a raya rraagwe a re, ''E seng jalo, rre; gonne yo ke motsalwapele. Baya seatla sa gago sa moja mo tlhogong ya gagwe.''19Rraagwe a gana, a re, ''Ke a itse, morwaaka, ke a itse. Le ene o tla nna batho, gape o tla nna mogolo. Le fa go ntse jalo monnawe o tla nna mogolo go mo feta, le bana ba gagwe ba tla nna matshwititshwiti a merafe.'' 20Iseraele a ba segofatsa mo letsatsing leo ka mafoko a, ''Batho ba Iseraele ba tla bua ditshegofatso ka maina a lona ba re, 'A Modimo a go dire jaaka Iforeimi, le jaaka Manase.''' Ka tsela e, Iseraele a baya Iforeimi kwa pele ga ga Manase.21Iseraele a raya Josefa a re, ''Bona, ke gaufi le go swa, mme Modimo o tla nna le lona, ebile o tla le busetsa kwa lefatsheng la borraeno. 22Wena ka gore o kwa godimo ga barwarraago, ke go neela mhapha wa thaba o ke o tsereng mo Baamoring ka tshaka ya me le bora jwa me.''
491Foo Jakoba a bitsa barwae, mme a ba raya a re: ''Ikgobokanyeng mmogo ke tle ke le bolelele tse di tla le diragalelang mo bokamosong. 2Ikgobokanyeng le bo le reetse, lona barwa Jakoba. Reetsang Iseraele, rraalona.3Rubene, o motsalwapele wa me, thata ya me, le tshimologo ya nonofo ya me, o tlhaolegile mo seriting, gape o tlhaolegile mo maatleng. 4Ga o laolesege jaaka metsi a a elelang ka lebelo, ga o na go nna le tlotla, gonne o ile wa palama bolao jwa ga rraago. Foo wa bo leswafatsa; o palame setilo sa me se se manobonobo.5Simeone le Lefi ke batsalwammogo. Ditshaka tsa bone ke dibetsa tsa ntwa. 6Mowa wa me, o se ka wa tsena mo lekokong la bone; o se ka wa tsena mo bokopanong jwa bone, gonne pelo ya me e na le tlotla e ntsi go ka dira jalo. Gonne mo go tenegeng ga bone ba ne ba bolaya banna. Ba ne ba itumelela go kgaola dipholo mesifa.7A go tenega ga bone go hutsiwe, gonne go ne go boitshega - le go galefa ga bone, gonne go ne go le setlhogo. Ke tla ba kgaoganya mo Jakoba ke bo ke ba phatlalatsa mo Iseraele.8Juta, barwarraago ba tla go galaletsa. Seatla sa gago se tla nna mo melaleng ya baba ba gago. Barwarraago ba tla ikoba fa pele ga gago.9Juta ke tawana. Morwaaka, o tlogile fa go ba o ba bolaileng. A inama, a ratela jaaka tau, jaaka tau e namagadi. Ke mang yo o ka ipolayang ka go mo tsosa?10Thobane ya bogosi ga e kitla e tloga mo go Juta, kgotsa thabane ya mmusi go tswa fa gare ga dinao tsa gagwe, go fitlhela Shilo a tla. Merafe e tla mo utlwa.11A bofeletse tonki ya gagwe mo setlhareng sa mofine, le tonkana ya tonki ya gagwe mo setlhareng sa mofine se se tlhwatlhwa, o tlhatswitse diaparo tsa gagwe mo mofineng, le purapura ya gagwe mo matuteng a moretlwa wa sekgowa. 12Matlho a gagwe a tla nna mantshonyana jaaka mofine, mme meno a nne masweu jaaka mashi.13Sebulane o tla nna fa letshitshing la lewatle. O tla nna boemakepe jwa dikepe, mme molelwane wa gagwe o tla atologela kwa Sitone.14Isakare ke tonki e e thata, e e robetseng fa gare ga masaka a dinku. 15O bona lefelo le le siametseng boikhutso le lefatshe le le monate. O tla inamisetsa legetla la gagwe morwalo mme a bo a nna motlhanka yo o dirang thomo.16Tene o tla atlhola batho ba gagwe jaaka mongwe wa merafe ya Iseraele. 17Tene o tla nna noga fa thoko ga tsela, noga e e botlhole e e mo tseleng e e lomang direthe tsa pitse, gore mopalami a wele kwa morago. 18Ke letela poloko ya gago, Modimo.19Gate - batlhasedi ba tla mo tlhasela, mme o tla ba tlhasela kwa diretheng tsa bone. Dijo tsa ga 20Ashere e tla nna tse di nonneng, mme o tla aba dijo tse di monate tsa segosi. 21Nafothali ke phuti e namagadi e e golotsweng; o tla nna le diphotsana tse dintle.22Josefa ke kala e e ungwang, kala e e ungwang e le gaufi le motswedi, e dikalana tsa yone di palamang lebota. 23Bahudi ba metswi ba tla mo tlhasela ba mo hula ba bo ba mo sukura.24Mme bora jwa gagwe bo tla nna bo itshegeditse, mme diatla tsa gagwe di tla nna le kitso ka lebaka la ga Yo O Thata wa ga Jakoba, ka ntata ya leina la Modisa, Lefika la Iseraele.25Modimo wa ga rraago o tla go thusa gape Modimo Mothatayotlhe o tla go segofatsa ka ditshegofatso tsa legodimo kwa godimo, ditshegofatso tsa bodiba jo bo leng kwa tlase, le ditshegofatso tsa mabele le tsa popelo.26Ditshegofatso tsa ga rraago di feta ditshegofatso tsa dithaba tsa bogologolo kgotsa dilo tse di eletsegang tsa dithabana tsa bogologolo. A di nne mo tlhogong ya ga Josefa, le mo setlhoeng sa tlhogo ya kgosana ya barwarraagwe.27Benjamene ke phiri e e tshwerweng ke tlala. Mo mosong o tla kometsa tse di jewang, mme mo maitseboeng o tla kgaoganya digapiwa.''28E ke merafe e e 12 ya Iseraele. Se ke se rraabone a se ba boleletseng fa a ba segofatsa. O ne a segofatsa mongwe le mongwe ka tshegofatso e e maleba. 29Foo a ba laela a ba raya a re, ''Ke gaufi le go ya kwa bathong ba gaetsho. Le mpolokeng le borremogolo mo legageng le le mo tshimong ya ga Eferone wa Mohiti, 30mo legageng le le mo tshimong ya Makhepela, le le gaufi le Mamore mo lefatsheng la Kanana, tshimo e Aborahamo a e reketseng go nna mabitla mo go Eferone wa Mohiti.31Ba boloketse Aborahama le Sara mosadi wa gagwe koo; ba boloketse Isaka le Rebeka mosadi wa gagwe koo; mme koo ke bolokile Lea. 32Tshimo le legaga le le mo go yone di rekilwe mo bathong ba ga Hethe.'' 33Fa Jakoba a fetsa ditaelo tse a di laetseng barwae, a gonela maoto a gagwe mo bolaong, a hema la bofelo, mme a ya kwa go bagagabo.
501Josefa o ne a patikesegile mo a neng a wela mo sefatlhegong sa ga rraagwe, a mo lelela, a bo a mo atla. 2Josefa a laola batlhanka ba gagwe ba dingaka go omeletsa setopo sa ga rraagwe. Jalo dingaka tsa omeletsa Iseraele. 3Ba ne ba tsaya matsatsi a le 40, gonne seo e ne e le nako e e tletseng ya go omeletsa setopo. Baegepeto ba ne ba mo lelela matsatsi a le 70.4Fa matsatsi a go lela a fela, Josefa a bua le ba lelapa la segosi la ga Faro a re, ''Fa jaanong ke bone botsalano mo matlhong a lona, tsweetswee buang le Faro, le re, 5'Rre o inkanisitse a re, ''Bona, ke gaufi le go swa. O mpoloke mo lebitleng le ke le ikepetseng kwa lefatsheng la Kanana. O tla mpoloka koo.'' Jaanong ntetlelele go ya go boloka rre, mme ke tla boa.''' 6Faro a araba, ''Tsamaya o ye go boloka rraago, jaaka a go ikanisitse.''7Josefa a tsamaya a ya go boloka rraagwe. Badiredi botlhe ba ga Faro ba tsamaya le ene - ba bagolo ba ntlo ya gagwe, le badiredi ba bagolo botlhe ba lefatshe la Egepeto, 8le botlhe ba ntlo ya ga Josefa le barwarraagwe, le ba ntlo ya ga rraagwe. Mme bana ba bone, matsomane a bone le matlhape a bone tsa sala mo lefatsheng la Goshene. 9Dikolotsana tsa ntwa le bapalami ba dipitse ba tsamaya le ene. E ne e le setlhopha se segolo sa batho.10Fa ba fitlha kwa seboaneng se se phothelang sa ga Atate, kwa moseja wa Jorotane, ba lela ka kutlobotlhoko e e tseneletseng. Josefa a direla rraagwe matsatsi a 7 a khutsafalo. 11Fa banni ba lefatshe, Bakanana, ba bona khutsafalo mo seboaneng sa Atate, ba re, ''Se ke tiragalo e e botlhoko mo Baegepetong.'' Ke sone se lefelo leo le neng la bidiwa Abele Misiraimi, le le leng kwa moseja wa Jorotane.12Jalo barwa Jakoba ba mo direla jaaka a ba laotse. 13Barwae ba mo rwalela kwa lefatsheng la Kanana ba mmoloka mo legageng mo tshimong ya Makhepela, gaufi le Mamore. Aborahama o ne a rekile legaga le tshimo go nna mabitla. O ne a le rekile mo go Eferone wa Mohiti. 14Fa a sena go boloka rraagwe, Josefa a boela kwa Egepeto, ene le barwarraagwe, le botlhe ba ba neng ba mo patile go ya go boloka rraagwe.15Fa barwarragwe Josefa ba bona gore rraabone o sule, ba re, ''Re tla dira jang fa Josefa a ka batla go bosulosa bosula jo re bo mo dirileng?'' 16Jalo ba bitsa Josefa, mme ba re, ''Rraago o ntshitse taolo pele a a swa a re, 17'Bolelelang Josefa se, ''Tsweetswee itshwarele molato wa barwarraago le boleo jwa bone fa ba ne ba go direla bosula.''' Jaanong tsweetswee itshwarele batlhanka ba Modimo wa ga rraago.'' Josefa a lela fa ba bua le ene.18Barwarraagwe ba tla ba ribama fa pele ga gagwe. Ba re, ''Bona, re batlhanka ba gago.'' 19Mme Josefa a ba araba, ''Le se ka la boifa. A ke mo maemong a Modimo? 20Mme lona, le ne le batla go nkutlwisa botlhoko, mme Modimo ene o ne a direla bomolemo, go somarela matshelo a batho ba bantsi, jaaka le bona gompieno. 21Jaanong le se ka la boifa. Ke tla le tlamela le bana ba lona.'' A ba gomotsa ka tsela e a bo a bua ka bopelontle le dipelo tsa bone.22Josefa a nna kwa Egepeto, le ba lesika la ga rraagwe. A tshela dingwaga di le 110. 23Josefa o ne a bona bana ba ga Iforeimi go fitlha kwa kokomaneng ya boraro. O ne a bona gape bana ba ga Matshiri morwa Manase, ba ba neng ba bewa mo mangoleng a ga Josefa.24Josefa a raya barwarraagwe a re, ''Ke gaufi le go swa; mme ammaaruri Modimo o tsile go tla kwa go lona go le etelela go tswa mo lefatsheng le, go le isa kwa lefatsheng le a ikanneng go le neela Aborahama, Isaka le Jakoba.'' 25Foo Josefa a dira gore batho ba Iseraele ba ikane maikano. O ne a re, ''Ammaaruri Modimo o tsile go tla kwa go lona. Ka nako eo le rwale marapo a me go tswa fa.'' 26Jalo Josefa a swa a le dingwaga di le 110. Ba omeletsa serepa sa gagwe mme ba se baya mo lekeseng mo Egepeto.